“Aga Ntlo Ya Gago”
1 Ga go na pelaelo ya gore mo ditsong tsotlhe go dikologa lefatshe, botshelo jwa lelapa bo ntse bo a senyega. Lefatshe la ga Satane le tletse ka tsietso le boitsholo jo bo sa siamang. (1 Joh. 5:19) Seno se ntse se gatelela mo go rona botlhokwa jwa go ‘aga malapa a rona’ le go ruta ba bangwe gore ke jang le bone ba ka direlang malapa a bone se se tshwanang.—Dia. 24:3, 27.
2 Melaometheo ya Baebele ke Tshireletso: Sephiri sa boitumelo jwa mmatota jwa lelapa se bonwa mo go diriseng melaometheo ya Baebele. Boammaaruri jono jo bo maatla bo solegela mongwe le mongwe mo lelapeng molemo mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo. Lelapa le le bo dirisang le tla itumela le go nna le kagiso ya bomodimo.—Bapisa Isaia 32:17, 18.
3 Melaometheo e e ka re thusang go aga malapa a rona e kwadilwe ka tsela e e khutshwane mo bukeng e ntšha, Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng. Kwa bofelong jwa kgaolo nngwe le nngwe go na le lebokoso le le rutang le le thusang, le le gatelelang melaometheo e ba lelapa ba tshwanetseng go e gakologelwa. Bontsi jwa mabokoso ano a simolola ka potso e e reng, “Melaometheo eno ya Baebele e ka thusa . . . jang . . . ?” Seno se dira gore re nne le mogopolo wa Modimo gore re tle re bone gore o akanya eng ka kgang e go buiwang ka yone.—Isa. 48:17.
4 Tlwaelana le buka eno. Ithute go tshwaya melaometheo e e ka go thusang fa o nna le mathata mangwe. Buka eno e tlotla ka dilo tse di tshwanang le tseno: se motho a tshwanetseng go se lebelela fa a batla molekane wa lenyalo wa mo isagweng (kgaolo 2), ke dilo dife tse di botlhokwa tse di tlisang boitumelo jo bo nnelang ruri mo lenyalong (kgaolo 3), batsadi ba ka godisa bana ba bone ba ba mo dingwageng tsa bolesome jang go nna bagolo ba ba boifang Modimo ba ba nang le maikarabelo (kgaolo 6), tsela ya go sireletsa lelapa mo ditlhotlheletsong tse di bosula (kgaolo 8), melaometheo ya go thusa malapa a motsadi a le mongwe go atlega (kgaolo 9), go thusa malapa a a nang le mathata a go nwa mo go feteletseng le thubakanyo (kgaolo 12), se se ka dirwang fa sebofo sa lenyalo se batla go thubega (kgaolo 13), se se ka dirwang go tlotla batsadi ba ba godileng (kgaolo 15) le tsela e re ka tlhomamisetsang malapa a rona isagwe ya bosakhutleng ka yone (kgaolo 16).
5 Dirisa Buka e Ntšha ka Botlalo: Ke ka ntlha yang fa lo sa simolole go ithuta buka ya Boitumelo mo Lelapeng lo le lelapa fa e le gore ga lo ise lo dire jalo? Mme gape, gangwe le gape fa lelapa la gago le welwa ke mathata le dikgwetlho tse disha, boeletsa dikgaolo tse di buang ka dilo tseo o akanyetsa kafa lo ka dirisang kgakololo eo ka teng ka thapelo. Mo godimo ga moo, ka March, dira ka natla gore o beele nako e ntsi kwa thoko gore o tle o kgone go tsamaisetsa batho ba le bantsi ka mo o ka kgonang ka teng buka ya Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng.
6 Malapa a a bontshang poifomodimo a tla nonotshiwa semoyeng le go bofagana e bile a tla kgona go emelana le ditlhaselo tsa ga Satane. (1 Tim. 4:7, 8; 1 Pet. 5:8, 9) A bo re itumela jang ne go bo Mosimolodi wa lelapa a re naya thuto ya bomodimo!