Boela Kwa Bathong ba ba Ileng ba Kgatlhegela Pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi
1 Mo Dibekeng Di Sekae Tse Di Fetileng, Re Ntse Re Na Le Tshiamelo Ya Go Tsamaisa Pampitshana Ya Dikgang Tsa Bogosi No. 35, Ka Setlhogo Se Se Reng “A Batho Botlhe Ba Tla Tsamaya Ba Ratana?” Baboledi Gongwe Le Gongwe Ba Leka Go fitlhelela Ba Le Bantsi Ka Mo Go Kgonegang Ka Teng Ba Batho Ba Ba Tshwanelang Ka Pampitshana Eno Ya Dikgang Tsa Bogosi. (Math. 10:11) Le Fa Go Rulagantswe Gore Letsholo Leno Le Fele Ka Sontaga, November 16, Fa Go Sa Ntse Go Na Le Tshimo E Ntsi E E Tshwanetseng Go Berekiwa, Bagolwane Ba Ka Nna Ba Lo Kopa Go Tswelela Lo Tsamaisa Pampitshana Ya Dikgang Tsa Bogosi No. 35 Go fitlhela Dipampitshana Tse Lo Nang Le Tsone Mo Phuthegong Di Fela.
2 Pampitshana Eno Ya Dikgang Tsa Bogosi E Kgatlhile Batho Ba Le Bantsi. Ba Bona Gore Batho Ka Kakaretso Ga Ba Tlhole Ba Na Le Lorato Lwa Tlholego Mme Ka Jalo Ba Ipotsa Gore Isagwe E Ba Tshwaretse Eng. (2 Tim. 3:3) Re Batla Go Boela Koo Go Bontshitsweng Kgatlhego Gone.
3 Pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi e Nna le Matswela: Ka nako ya letsholo la 1995 la pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi, mosadi mongwe yo o neng a amogela khopi o ne a tla pokanong kwa Holong ya Bogosi ka gonne a ne a batla go ithuta mo go oketsegileng ka se Basupi ba ga Jehofa ba se dumelang. Kwa pokanong eo o ne a dumela go ithuta Baebele mme morago ga moo o ne a se ka a tlhola a tlodiwa ke dipokano. Go ise go ye kae, o ne a setse a kwaletse kereke e a neng a e tsena, a phimola leina la gagwe!
4 Mo sebakeng seno, makgolokgolo a batho mo tshimong a badile molaetsa o o mo pampitshaneng ya Dikgang Tsa Bogosi No. 35. Mme ba ile ba arabela jang mo go yone? Le fa ba ile ka kgatlhwa ke se ba se badileng, ba le bantsi ba ka se tseye kgato go fitlhela mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a ba etela gape. A o rulaganyetsa go boela kwa go bone? Go amega ka tsela e e lorato ka bathokarona go tshwanetse ga re tlhotlheletsa go dira jalo. Botlhe ba ba kgatlhegetseng pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi ba tshwanetse go etelwa gape.
5 O Tla Reng fa o Boela? O ka nna wa dira dikakgelo di le mmalwa tse di malebana le kafa molaetsa wa pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi o leng mo nakong ka gone, o bo o botsa potso e e dirang gore motho a akanye. Reetsa ka kelotlhoko se mong wa ntlo a se buang gore o itse se a se akantseng. Morago ga moo mmontshe ntlha e e tshwanelang mo boroutšhareng jwa Re Direng, e e ileng ya umakiwa mo pampitshaneng ya Dikgang Tsa Bogosi. Fa a arabela ka tsela e e molemo, leka go simolola thuto ya Baebele gone fela foo.
6 Fano go na le dipuisano dingwe tse di akantshiwang tse o ka lekang go di dirisa fa o boela kwa go ba ba bontshitseng kgatlhego mo pampitshaneng ya “Dikgang Tsa Bogosi” No. 35:
◼ “O ka nna wa bo o gakologelwa pampitshana e ke go e tlogeletseng maloba. Molaetsa wa yone o bua ka kgang e kgolo e e kgaoganyang batho gompieno—go sa rate ba bangwe.” Mmontshe bosupi jo bo bontshitsweng mo go tsebe 2 ya pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi tlase ga setlhogo se se reng “Lorato Lwa Boagelani lo Tsidifetse.” O bo o botsa jaana, “A o akanya gore ke maikaelelo a Modimo gore batho ba tshele ka tsela e e ntseng jaana?” Mo letle gore a arabe. Bula mo go thuto 5 mo boroutšhareng jwa Re Direng, mme o leke go simolola thuto ya Baebele.
◼ “Fa re ne re kopana la ntlha, ke ne ka go tlogelela tshedimosetso e e reng ‘A Batho Botlhe ba Tla Tsamaya ba Ratana?’ A o akanya gore go ka nna le lefatshe le le ntseng jalo?” Mo letle gore a arabe. Bula mo go thuto 6 mo boroutšhareng jwa Re Direng, o bo o bala serapa 6. Morago ga moo o bo o bala tsholofetso ya Modimo e e mo go Mika 4:3, 4. Fa go bonala gore mong wa ntlo o a kgatlhega, mo tsamaisetse boroutšhara o bo o mmolelela gore o rata go ithuta le ene.
◼ “Fa ke ne ke go etetse la bofelo, ke ne ka go tlogelela pampitshana e e reng ‘A Batho Botlhe ba Tla Tsamaya ba Ratana?’ E ne e na le mpho ya thuto ya mahala ya Baebele ya legae. Ke boile go go bontsha sedirisiwa se re se dirisang go ithuta. [Mmontshe buka ya Kitso.] Buka eno e tlhalosa sentle nako ya fa batho botlhe ba tla bo ba ratana, mme e araba dipotso tse dingwe tse o ka tswang o di ipotsa: Ke ka ntlha yang fa re tsofala re bo re swa? Ke ka ntlha yang fa Modimo o letlile pogo gore e tswelele? Go diragalang ka batho ba ba suleng ba re neng re ba rata?” Morago ga moo o bo o mmotsa, “A nka go bontsha tsela e re ithutang ka yone?” Fa mong wa ntlo a sa batle, mmotse gore a a ka rata go ipalela buka eno. Fa a ka rata go dira jalo, mo tlogelele khopi ka moneelo wa R4,00. Rulaganya go boa gape.
7 Fa pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 35 e tsamaisitswe mo tshimong yotlhe, re ka nna ra tsamaisa buka ya Kitso mo nakong e e setseng ya kgwedi. Go ka bonwa dikakantsho tse di molemo tsa go buisana le batho ka buka eno mo tsebeng e e kwa morago ya dikgatiso tsa Tirelo ya Rona ya Bogosi tsa March, June le November 1996; le June 1997.
8 Letsholo leno le le kgethegileng la go tsamaisa pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi le tshwanetse go re tlhotlheletsa rotlhe go oketsa maiteko a rona mo tirong ya go rera. Re ka tshepa gore ka thuso ya ga Jehofa letsholo leno le tla atlega eleruri, le thusa batho go bona maikaelelo a Modimo a gore batho botlhe ba ratane. E ke te Jehofa a ka tswelela go segofatsa maiteko a re a dirang ka tlhoafalo fa re boela kwa batho ba ileng ba kgatlhegela pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi gone.