Go Tlhagolela Kgatlhego e e Bonweng ka Pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 36
1 A o weditse go tsamaisa dipampitshana tse o di abetsweng tsa Dikgang Tsa Bogosi No. 36? Pampitshana eno e botsa potso eno e e mo nakong e botlhe ba tshwanetseng go tlhatlhanya ka yone: “Mileniamo o Mosha—Isagwe e go Tshwaretse Eng?” Fa ngwaga wa 2000 o ne o atamela, batho ba ne ba na le ditebelelo tse di farologaneng thata malebana le gore mileniamo o mosha o ba tshwaretse eng. Pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 36 e sekaseka dingwe tsa ditebelelo tseno e bo e re gakolola gore maemo a lefatshe ga a re neye lebaka lepe la go nna le tshepo. Mileniamo fela o o tla lereng kagiso le polokesego e batho ba le bantsi ba e batlang ke Puso ya Dingwaga Tse di Sekete ya ga Keresete Jesu. Go tshepa ga rona gore Bogosi jwa gagwe ke jwa mmatota go re tlhotlheleditse go tsamaisetsa mongwe le mongwe yo re kgonang go mo tsamaisetsa pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 36.
2 Tsela e Batho ba Arabelang ka Yone fa ba Tsamaisediwa Dikgang Tsa Bogosi: Go tsamaisiwa ga pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi mo nakong e e fetileng go ile ga re tlhotlheletsa ka tsela e e molemo mo tirong ya rona. Lekala la Canada le ne la kwala jaana malebana le pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 35: “Letsholo leno le le kgethegileng le ne la tshegediwa ka matlhagatlhaga ke baboledi le babulatsela mo tshimong, mme ba nnile le maitemogelo a mantsi a a kgothatsang.” Ga go na pelaelo gore le wena o bontshitse matlhagatlhaga a a tshwanang fa o ne o tsamaisa pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 36.
3 Letsholo la gone jaanong jaana la Dikgang Tsa Bogosi le rulagantswe go khutla ka November 17, 2000. A tshimo ya phuthego ya lona e setse e weditswe yotlhe? Fa go sa nna jalo, bagolwane ba ka nna ba lo kopa go tswelela pele ka letsholo leno go fitlha kwa bofelong jwa November.
4 Go fitlha jaanong batho ba arabetse jang fa lo ne lo tsamaisa pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 36 mo lefelong la lona? Batho ba sekae ba tla tlatsa khupone mme ba kopa khopi ya boroutšhara jwa Re Direng le/kana thuto ya Baebele ya legae. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa batho ba ba simololang ba kgatlhegela kgang ya mileniamo ba ka nna ba se ka ba tsaya kgato go fitlhela mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a ba etele gape. Batho botlhe ba ba bontshitseng kgatlhego ba tshwanetse ba etelwa gape. Nako e e molemo ya go dira seno ke efe? E tshwanetse ya nna ka bonako jo bo ka kgonegang.
5 Ela tlhoko maitemogelo ano a a nnileng gone fa go sena go boelwa kwa bathong ba ba tsamaiseditsweng pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 35. Mmulatsela mongwe kwa Ireland o ne a tlogelela mong wa resetšhurente pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi. Mosadi yono o ne a kgatlhiwa ke molaetsa oo mme a kopa kgaitsadi yono gore a boe gape. Kgaitsadi yono o ne a boa mo malatsing a mabedi, mme o ne a simolola thuto ya Baebele le ene. Kwa Denmark, go ne ga tlogelwa khopi ya Dikgang Tsa Bogosi mo ntlong e e neng e se na batho. Mo go lone letsatsi leo mosadi yo o nnang moo o ne a romela khupone kwa ofising ya lekala, mme ofisi ya lekala ya e romela kwa phuthegong e e mo lefelong la gabone. Pele beke eo e wela, bokgaitsadi ba babedi ba ne ba mo etela, a rulaganyediwa thuto, mme mosadi yono o ne a nna gone kwa pokanong ka lekgetlho la ntlha kwa Holong ya Bogosi!
6 Se o Ka se Buang fa o Boela: Go boela kwa bathong ba o ba tsamaiseditseng pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi ke karolo e e motlhofo le e e itumedisang ya bodiredi jwa rona. Fa o boela, go ka nna molemo fa o ka tsamaya o tshwere khopi ya Dikgang Tsa Bogosi No. 36, gonne mong wa ntlo a ka tswa a se na khopi ya gagwe. O ka nna wa leka dikakantsho tseno.
7 Fa o setse o gakolotse mong wa ntlo gore o mang, o ka nna wa re:
◼ “Ke go tlogeletse pampitshana e e reng ‘Mileniamo o Mosha—Isagwe e go Tshwaretse Eng?’ A go ne go sa kgothatse go utlwa gore go ise go ye kae Puso ya Dingwaga Tse di Sekete ya ga Keresete Jesu e tla tloga e simolola, le go lere maemo a Paradaise mo lefatsheng? [Mmontshe ditshwantsho tsa Paradaise mo pampitshaneng ya Dikgang Tsa Bogosi No. 36.] Mo tsebeng ya bofelo, o lalediwa go kopa khopi ya boroutšhara jwa Modimo o Batla Gore re Direng?” Mmontshe boroutšhara jono, bula thuto 5, bala potso ya ntlha le serapa sa 1 le sa 2, mme o kope mong wa ntlo go akgela ka tsone. Bala le go tlhalosa lokwalo lo le longwe kana di le pedi. Fa go kgonega, sekaseka potso e nngwe le serapa, morago ga moo o rulaganye go boela gape le go tsweletsa motlotlo pele.
8 E reka kgatiso e e tsamaisiwang ka November e tla bo e le boroutšhara jwa “Re Direng” kana buka ya “Kitso,” o ka nna wa re:
◼ “Fa ke ne ke go etetse bosheng jaana, ke ile ka go tlogelela khopi ya ‘Mileniamo o Mosha—Isagwe e go Tshwaretse Eng?’ E go naya sebaka sa go bona thuto ya Baebele ya legae ya mahala. Ke boetse go tla go go bontsha kgatiso e re e dirisang go ruta batho. [Mmontshe boroutšhara jwa Re Direng, o bo o mmontsha tsebe ya bofelo e e kafa ntle; kana o mmontshe buka ya Kitso, o bo o bula ditsebe 188-9.] Mileniamo o go buiwang ka one mo Baebeleng o tla lere maemo a a tshwanang le a o a bonang mo setshwantshong seno. Re tshwanetse go tsenya kitso e e tlhomameng ya Modimo gore re tshwanelegele go bona botshelo mo Paradaiseng. Tsweetswee ke kopa go go bontsha ka bokhutshwane fela tsela e re ithutang Baebele ka yone.”
9 Go tsamaisiwa ga pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 36 go re rotloeditse go oketsa seabe sa rona mo bodireding, mme ga dira gore go neelwe bosupi jo bogolo. Gongwe seno se dirile gore batho ba le bantsi mo tshimong ba bontshe kgatlhego. Fa re dira mmogo go tsosolosa kgatlhego eno, e bile re tla re thusiwa ke Jehofa, re tla itumelela go bona batho ba ba oketsegileng ba sekadinku.—Math. 10:11; Dit. 13:48, 49, 52.