Nna Teng Kwa Dipokanong “Segolobogolo”
1 Go kopana mmogo ga go bolo go nna selo se se botlhokwa mo bathong ba ga Jehofa. Baiseraele ba ne ba na le tempele le disinagoge e le mafelo a bone a kobamelo ya boammaaruri, a go rutwa ke Modimo le a bokopano jwa boitumelo. Ka tsela e e tshwanang, Bakeresete ba pele le bone ba ne ba sa lese go phuthega mmogo. Fa dikgatelelo le diteko di ntse di oketsega mo malatsing ano a a thata a bofelo, le rona re tlhoka go nonotshiwa semoyeng ke dipokano tsa rona tsa phuthego—mme re go tlhoka “segolobogolo.” (Baheb. 10:25) Ela tlhoko mabaka a mararo a go bo re nna gone mo dipokanong.
2 Ka Ntlha ya Bokopano: Dikwalo di re laela go ‘nna re gomotsana re bo re agane.’ (1 Bathes. 5:11) Bokopano jwa bomodimo bo dira gore megopolo ya rona e tlale ka dikakanyo tse di agang e bile bo re tlhotlheletsa go dira ditiro tse di siameng. Mme fa re itlhaola, gantsi re akanya dikakanyo tsa boeleele, tse di bogagapa kana le e leng tsa boitsholo jo bo sa siamang.—Dia. 18:1.
3 Gore re Rutiwe: Dipokano tsa Bokeresete di nna di ntse di re naya thulaganyo ya thuto ya Baebele ka maikaelelo a go boloka lorato lwa rona mo Modimong lo tuka mo dipelong tsa rona. Di re naya kaelo e e mosola ya kafa re ka dirisang “boikaelelo jotlhe jwa Modimo” ka gone. (Dit. 20:27) Dipokano di re thapisa gore re nne le botswerere jwa go rera le go ruta dikgang tse di molemo, botswerere jo bo tlhokegang thata gone jaanong gore re nne le boitumelo jo bogolo jwa go bona le go thusa ba ba tla amogelang boammaaruri jwa Baebele.
4 Go re Sireletsa: Mo lefatsheng leno le le boikepo, phuthego ke botshabelo jwa mmatota jwa semoya—lefelo le le sireletsegileng la kagiso le lorato. Fa re le gone kwa dipokanong tsa phuthego, moya o o boitshepo wa Modimo o na le tlhotlheletso e kgolo mo go rona, o dira gore re nne le maungo a “lorato, boipelo, kagiso, go itshwara ka bopelotelele, bopelonomi, bomolemo, tumelo, bori, boikgapo.” (Bagal. 5:22, 23) Dipokano di re nonotsha go ema re nitame e bile re tlhomame mo tumelong. Di re baakanyetsa diteko tse di larileng kwa pele.
5 Ka go nna gone kwa dipokanong ka metlha, re itemogelela mafoko a mopesalema o neng a a tlhalosa, a a kwadilweng mo go Pesalema 133:1, 3: “Bonang, go molemo jang, go monate jang, fa bana ba monna ba aga mmogo ka pelo nngwe fela.” Gompieno, gongwe le gongwe koo batho ba Modimo ba dirang mmogo e bile ba kopane mmogo gone, “Jehofa o laoletse tshegofatso gone, e bong botshelo ka bosakhutleng.”—Mokwalo o o sekameng ke wa rona.