LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 5/98 ts. 1
  • O Rulagantse Go Dira Eng Mo Selemong Seno?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Rulagantse Go Dira Eng Mo Selemong Seno?
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Re Tla Go Dira Gape?—Go Batliwa Gape Babulatsela Ba Ba Thusang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
  • Go Batlega Babulatsela ba ba Thusang ba le 10 000—A o Ka Nna Mmulatsela yo o Thusang Ka March? April? May?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • ‘Naya Bosupi ka Botlalo Jwa Dikgang Tse di Molemo’
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
  • Bolela Dinonofo Tse di Molemolemo Tsa ga Jehofa Gongwe le Gongwe
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
km 5/98 ts. 1

O Rulagantse Go Dira Eng Mo Selemong Seno?

1 A ga go boammaaruri gore re ka kgona go fitlhelela mekgele ya rona e e botlhokwa fa re rulaganya nako ya rona sentle? Nako ya selemo e re neela ditshono tse di farologaneng gore re kgone go dira dilo tsa puso ya Modimo pele. (Dia. 21:5) Dingwe tsa tsone ke dife?

2 Kopano ya “Tsela ya Modimo ya Botshelo” ke tiragalo e nngwe e rotlhe re tshwanetseng go e akaretsa mo dithulaganyong tsa rona. Kopa malatsi ao kwa mmerekong gore o kgone go nna teng letsatsi lengwe le lengwe la kopano. Dira dithulaganyo tsa marobalo le tsa dipalangwa go sa le gale.

3 Ke eng o sa rulaganye go oketsa tirelo ya gago ya tshimo mo selemong seno? Motshegare o moleele le maemo a bosa a a bothitho a ka go dumelela go dirisa nako e ntsi mo tirong ya go rera. Fa dikolo di tswetswe basha ba nna le sebaka sa go tsaya bobulatsela jo bo thusang ka kgwedi e le nngwe kana go feta ya selemo. Ba bangwe le bone ba ka rulaganya go sa le gale gore ba bule tsela ka November, e e tla bong e na le Disontaga tse tlhano. A rotlhe re direng boiteko jo bo tshwaraganetsweng gore re nne le seabe mo bodireding ka botlalo ka mo go ka kgonegang.

4 Fa e le gore tshimo ya phuthego ya lona e berekwa ka metlha, ke eng o sa dire dithulaganyo tsa go thusa phuthego e e gaufi e e tlhokang go thusiwa go wetsa tshimo ya yone? Molebedi wa potologo a ka itsise bagolwane ka ditlhoko mo karolong ya lona. Fa e le gore o tla bo o tsere malatsi a boikhutso o ile kgakala le legae, rulaganya go nna gone kwa dipokanong tsa phuthego ya lefelo le o tla bong o etetse kwa go lone le go nna le seabe mo tirelong ya tshimo. Fa o etela ba losika ba e seng Basupi ba ga Jehofa, baakanyetsa go sa le gale ditsela tse o ka ba abelang boammaaruri ka tsone.

5 O rulagantse go dira eng ka selemo? Kwantle ga pelaelo o batla go itapolosa mo mmeleng. Mme o se ka wa tlhokomologa ditshono tse di botlhokwa thata tse di ka go tlhagafatsang semoyeng ka go tswelela pele o baya Bogosi kwa pele mo botshelong jwa gago.—Math. 6:33; Baef. 5:15, 16.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela