Ba Laletse Gore ba Tle
1 Taletso e e neng ya ntshiwa makgolo a dingwaga a a fetileng, jaanong e phasaladiwa mo dinageng di le 233 go dikologa lefatshe: “Ntlong, a re tlhatlogeleng kwa thabeng ya ga Jehofa, . . . o tla re ruta ditsela tsa gagwe, mme re tla sepela mo ditselaneng tsa gagwe.” (Isa. 2:3) Go kaela batho kwa phuthegong ya ga Jehofa ke nngwe ya ditsela tse di molemolemo tse re ka ba thusang ka tsone go dira kgatelopele ya semoya e e isang kwa botshelong jo bo sa khutleng.
2 Baboledi bangwe ba ka nna ba okaoka go laletsa batho kwa Holong ya Bogosi go fitlhela ba bona ba dira kgatelopele e kgolwane mo thutong ya legae ya Baebele. Le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe batho ba simolola go nna gone kwa dipokanong tsa phuthego le eleng pele ga thuto ya Baebele e ka simololwa le bone. Ga re a tshwanela go diega go laletsa batho ka lorato le go ba rotloetsa go tla dipokanong.
3 Se se Tshwanetseng go Dirwa: Dirisa dipampitshana tsa taletso ka tsela e e molemo go bolelela batho ka dipokano tsa lefelo la lona. Umaka gore dipokano tseno ke mahala le gore ga go tsewe dikoleke dipe. Tlhalosa gore dipokano tseno di tshwarwa jang. Bontsha gore tota ke dithuto tsa Baebele le gore botlhe ba nna le kgatiso e e ithutiwang gore ba kgone go latela fa go ithutiwa. Mmolelele gore ba ba tlang dipokanong tseno ke batho ba mefuta e e farologaneng le ba maemo a a farologaneng. Umaka gore bano ke batho ba ba tswang mo go lone lefelo la ga lona le gore bana ba dingwaga tsotlhe ba a amogelwa go nna teng. Re tshwanetse go laletsa bao re ithutang le bone, re ithaope go ba thusa ka tsela le fa e le efe gore ba nne gone.
4 Nngwe ya dilo tsa bofelo tse di rekotilweng mo Baebeleng ke taletso e e lorato ya gore re nne le seabe mo dithulaganyong tsa ga Jehofa tsa botshelo: “Mme moya le monyadiwa ba nna ba re: ‘Tla!’ . . . Mme le fa e le mang yo o nyorwang a a tle; lefa e le mang yo o eletsang a a tseye metsi a botshelo mahala.” (Tshen. 22:17) Ka metlha re tshwanetse go nna re laletsa ba bangwe go nna teng kwa dipokanong tsa rona.
5 Isaia 60:8 e bontsha ka tsela ya boporofeti makgolo a a dikete a babaki ba basha ba jaanong ba tlang mo diphuthegong tsa batho ba Modimo jaaka maeba a a “fofang jaaka leru, le jaaka maeba a ya marobeng a one.” Rotlhe re ka laletsa ba basha kwa dipokanong tsa rona mme re ba dire gore ba ikutlwe ba amogelwa. Ka tsela eno, re tla bo re dirisana le Jehofa fa a ntse a akofisa tiro eno ya go phutha.—Isa. 60:22.