A o Na le Otara e e Tlhomameng?
1 A o kile wa ya kwa pokanong ya tirelo ya tshimo mme wa lemoga o le koo gore ga o na dimakasine mo kgetsaneng ya gago ya tshimo? Gakologelwa tsenyeletso ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya September 1995 e e nang le setlhogo se se reng “Dirisang Dimakasine Tsa Rona ka Tsela e e Molemolemo.” E ne ya re bolelela go “nna le otara e e tlhomameng ya dimakasine,” e bua jaana: “Tsenya otara e e siameng ya palo e e tlhomameng ya dimakasine tsa tokololo nngwe le nngwe mo mokaulengweng yo o tlhokomelang dimakasine. Ka tsela eno, wena le lelapa la gago lo tla nna le dimakasine tse di lekaneng ka metlha.” A o dirile jalo?
2 Ke ka ntlha yang fa o sa tsenye otara ya dimakasine tse o tshwanetseng go di amogela ka metlha? O tla utlwa o na le boikarabelo jo bogolo jwa go tsamaisa dimakasine beke le beke mme o tla nna le boipelo jo bo oketsegileng fa o dira jalo. Fa e le gore o setse o na le otara ya tse o di amogelang ka metlha, leba sentle gore a o bona palo e o e tlhokang ya dimakasine tse di lekaneng mo kgweding tse o tla di dirisang mo bodireding. Gone re batla go ikanyega go tsaya diotara tsa rona beke le beke e bile re tshwanetse go ikutlwa re patelesega go dira jalo. Fa e le gore o tlile go tsamaya mo phuthegong eo ka lobaka lo lo rileng, itsise motlhanka wa dimakasine gore a o batla gore a neye mongwe dimakasine tsa gago go fitlha o boa.
3 Tsenyeletso e e nopotsweng fa godimo e ne ya bolela gape gore re tshwanetse go “dira thulaganyo ya ka metlha ya letsatsi la dimakasine.” A o ka ema nokeng Letsatsi la Dimakasine beke le beke? Jaaka go bontshitswe mo go 1999 Calendar of Jehovah’s Witnesses, le tla nna ka Matlhatso mongwe le mongwe mo ngwageng! O se ke wa nyatsa botlhokwa jwa go anamisa Tora ya Tebelo le Tsogang! Fa re dira maiteko a go nna le seabe ka botlalo mo tirong ya dimakasine, re ‘tlisetsa baagelani ba rona mafoko a mantle a a molemo.’—Isa. 52:7.