LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 9/99 ts. 7
  • Lebokoso la Dipotso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lebokoso la Dipotso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1999
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Nna o Ipaakantse Gore o Bone Thuso ka Bonako Fa o Ka Lwala
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
  • A o Ipaakanyeditse go ka Lebana le Boemo Jwa Tsa Kalafi jo bo Gwetlhang Tumelo?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Go Sireletsa Bana ba Lona mo Tirisong ya Madi E e Sa Tshwanelang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Tsela e Modimo a Lebang Madi ka Yone
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1999
km 9/99 ts. 7

Lebokoso la Dipotso

◼ A o ipaakanyeditse maemo a tshoganyetso?

Mo lefatsheng la gompieno, gantsi “nako le tiragalo e e sa bonelwang pele” di ka kopana go baka maemo a tshoganyetso a kalafi, go akaretsa le go patelediwa go tshelwa madi. (Mor. 9:11, NW) E le go tlhomamisa gore re ipaakantse fa maemo a a ntseng jalo a tlhaga, Jehofa o re neile thuso ka ditsela di le dintsi ka phuthego ya gagwe, mme o lebeletse gore re dire seabe sa rona. Fa tlase go na le dilo tse di ka go thusang go itlhatlhoba.

• Tshwara karata e e ntšhafaditsweng ya Advance Medical Directive/Release ka dinako tsotlhe.

• Tlhomamisa gore bana ba gago ba tshwere Identity Card e e ntšhafaditsweng.

• Boeletsa tsenyeletso ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya March 1993, o baakanyetse tsela e o ka akantshanang le dingaka le baatlhodi ka yone malebana le kalafi ya ngwana wa gago.

• Boeletsa ditlhogo tse di malebana le dikarolwana tsa madi le mefuta e mengwe ya kalafi e e ka dirisiwang mo boemong jwa madi. (Tse di akantshitsweng: Tora ya Tebelo, October 1, 1994, tsebe 31; June 1, 1990, ditsebe 30-1; March 1, 1989, ditsebe 30-1; Tsogang!, December 8, 1994, ditsebe 23-7 [ka Seesemane]; August 8, 1993, ditsebe 22-5 [ka Seesemane]; December 8, 1991, tsebe 28; le tsenyeletso ya Tirelo ya Rona ya Bogosi, ya March 1993 le ya June 1992. Di beye mo faeleng gore di nne di le gaufi.)

• Dira tshwetso go ya ka segakolodi sa gago gore a o ka dumela gore go dirisiwe metšhine e e tsamaisang madi kwa ntle ga mmele kana gore o ka amogela metswako e e nang le dikarolwana tsa madi.

• Pele o ya kwa kokelong, fa go kgonega, itsise bagolwane e le gore ba ka go thusa le go ikopanya le Komiti ya Puisano le Dikokelo fa go tlhokega. Fa ngwana a le monnye, kopa bagolwane ba itsise Komiti ya Puisano le Dikokelo go sa le gale.

Tlhalosa ka Tlhamalalo Gore ga o Batle Madi: Dipego di bontsha gore bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba emela motsotso wa bofelo e bo e le gone ba bolelelang dingaka gore ga ba batle madi. Seno ga se tshware badiredi ba tsa kalafi sentle e bile go ka go tsenya mo kotsing ya go tshelwa madi. Fa dingaka di itse gore ditshwetso tsa gago le dikeletso tsa gago di tshegediwa ke makwalo a a saennweng a a bolelang ka tlhomamo se o batlang se dirwa, go tla ba thusa gore ba go alafe kwantle ga go senya nako mme gantsi ba ka nna ba dirisa mekgwa e mengwe ya go alafa e e sa diriseng madi.

E re ka maemo a tshoganyetso a kalafi a ka nna a tlhaga nako nngwe le nngwe, gantsi e le ka nako e o sa e lebelelang, tsaya dikgato gone jaanong gore o itshireletse le bana ba gago mo go tshelweng madi.—Dia. 16:20; 22:3.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela