LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 4/00 ts. 3-4
  • April—Nako ya go Tlhoafalela Ditiro Tse di Molemo!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • April—Nako ya go Tlhoafalela Ditiro Tse di Molemo!
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A re Ka Dira April 2000 Kgwedi E e Di Gaisang Tsotlhe?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
  • Tlhoafalela se se Molemo!
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • A Kgwedi ya April e Tla Bo e le Kgwedi e e Kgethegileng mo go Wena?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Dikgakololo Tse di Malebana le Segopotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
km 4/00 ts. 3-4

April—Nako ya go Tlhoafalela Ditiro Tse di Molemo!

1 Fa kgwanyape e atamela lefelo le le tletseng batho, ba tshwanetse ba tlhagisiwa ka potlako ka kotsi e e tlang. Fa kgwanyape e ntse e atamela, ditlhagiso di tshwanetse tsa boelediwa thata. Ka ntlha yang? Ka gonne matshelo a batho a mo kotsing! Batho bangwe ba ka tswa ba sa utlwa ditlhagiso tse di fetileng. Ba bangwe ba ka tswa ba di utlwile mme ba bo ba sa tseye kgato. Go ntse jalo le ka tlhagiso e Modimo a re romileng gore re e itsise batho pele “setsuatsue” sa bogale jo bo siameng jwa Modimo se tsubula masalela otlhe a lefatshe leno le le boikepo. (Dia. 10:25) Dibilione tsa batho di ka nna tsa se ka tsa bona botshelo jo bo nnetseng ruri! Ba tshwanetse go tlhagisiwa. Re tshwanetse go ‘tlhoafalela ditiro tse di molemomogolo.’—Tito 2:11-14.

2 Ka masomesome a dingwaga, batho ba ga Jehofa ba ntse ba rotloediwa go dirisa nako ya Segopotso ka tlhoafalo thata mo bodireding. Ka 1939, Informant, e e neng e dirisiwa pele ga Tirelo ya Rona ya Bogosi, e ne ya kgothatsa jaana: “Fa dikgakologo di ntse di atamela, le maemo a bosa a a itumedisang, re tshwanetse go lebelela gore baboledi mo [phuthegong] ba oketse diura tsa bone mo tshimong go menagane gabedi, mme le nako ya babulatsela e oketsege fela thata. April ke kgwedi e e nang le boSontaga ba le batlhano. Gape e na le boMatlhatso ba le batlhano. Dira gore Matlhatso le Sontaga mongwe le mongwe wa April . . . e nne nako ya go neela bosupi ka tsela e e kgethegileng.” A bo e ne e le mokgele o o gwetlhang jang ne o o neng wa beelwa bakaulengwe dingwaga di le 60 tse di fetileng! Monongwaga, fela jaaka ka 1939, kgwedi ya April e na le mafelobeke a le matlhano. O ikaeletse go dira eng mo kgweding eno? Ke dilo dife tse o di kwadileng mo khalendareng ya gago gore o tla di dira ka April 2000? Rulaganya go nna le seabe ka botlalo mo ditirong tse di molemo le batho botlhe ba ga Jehofa mo kgweding eno e e kgethegileng e re oketsang tiro ya rona ya semoya ka yone.

3 Se re Solofelang go se Fitlhelela: Letsatsi le le botlhokwa thata mo ngwageng wa 2000 le wela mo kgweding eno. Ke April 19, segopotso sa loso lwa ga Jesu. A re lekeng ka bojotlhe go laletsa batho ba le bantsi ka mo re ka kgonang ka gone go tla Segopotsong. Jaaka go akantshitswe mo kgweding e e fetileng, dira lenaane la batho botlhe ba ba ka nnang ba tla kwa Segopotsong mme o sekaseke go bona gore ga o a lebala bape. Ba ba tshwanetseng go lalediwa ba tla akaretsa baboledi bape ba ba tsidifetseng, baithuti ba Baebele, maeto a go boela, ba ba kileng ba bo ba ithuta, ba re berekang le bone, ba re tsenang le bone sekolo, baagelani, ba losika le ditsala tse dingwe. A ba ba batlang go nna gone ba na le sepalangwa? Fa go sa nna jalo, a o ka rata go thusa? Mo maitseboeng a Segopotso, rotlhe re tla nna le tshiamelo ya go dira gore ba ba leng gone ba ikutlwe ba amogelwa. Batho ba ba ntseng jalo ba ba kgatlhegang, re ka ya go ba thusa go ya pele mo semoyeng morago ga Segopotso.

4 Go ‘tlhoafalela ditiro tse di molemomogolo’ pele le morago ga malatsi a Segopotso, ke tsela e e molemo ya go bontsha Jehofa gore tota re anaanela sotlhe se a re diretseng sone. Bontsi jwa rona bo tla kgona go dira ka bojotlhe mo tirong ya go rera efangele. Fa e le gore o mmulatsela yo o thusang, o tla batla go dira ka bojotlhe gore o dirise diura di le 50 kana go feta mo bodireding. (Math. 5:37) Kgomarela thulaganyo e o itiretseng yone mo tshimologong ya kgwedi. (Mor. 3:1; 1 Bakor. 14:40) E kete rotlhe re ka dira se re ka se kgonang go tshegetsa babulatsela botlhe, ka go ba kgothatsa le go dira le bone mo tshimong. (Bapisa 2 Dikgosi 10:15, 16.) Fa re jala ka tlhoafalo ka April, re tla itumela thata e bile re tla bona masego a a tswang kwa go Jehofa. (Mal. 3:10) Gongwe seno se ka re thusa gore re feleletse re le babulatsela ba ba thusang ba ba sa kgaotseng kana ba ka metlha. E kete maatla a semoya a re nnang le one ka April a ka fetela mo dikgweding tse dingwe fa re ntse re tswelela pele go nna baboledi ba ka metlha ba Bogosi.

5 Ga go pelaelo gore, diketekete tsa batho ba ga Jehofa mo kgweding eno di tlile go simolola dithuto tse dintsi tsa Baebele tsa magae. A o ka rata go simolola nngwe? Rapelela thuto ka tlhamalalo, mme o dire go dumalana le dithapelo tsa gago. O ka tlhomamisega gore Jehofa o tla anaanela dikopo tsa gago tsa boikokobetso gore a go thuse go bona motho yo o pelo e e ikanyegang yo o ka mo rutang.—1 Joh. 3:22.

6 Fano go na le mokgwa o o lekilweng mo tshimong o o ileng wa dirisiwa ka katlego go simolola dipuisano. O simolola ka go botsa jaana: “A o akanya gore thubakanyo e e mo dikolong, e tlhotlhelediwa ke badimona, kana ke ka gonne batsadi ba sa thapise bana ba bone?” Mo letle gore a arabe. Fa motho a re “ke badimona,” bala Tshenolo 12:9, 12, mme o gatelele se Diabolo a se dirang gore a rotloetse khuduego mo lefatsheng. Go tswa foo bula boroutšhara jwa Re Direng mo thutong 4, mme o botse motho yono gore a o kile a ipotsa gore Diabolo o tswa kae. Tswelela pele o bala le go tlotla ka dirapa tse pedi tsa ntlha. Fa motho yono a re “batsadi ga ba thapise bana ba bone” e le lone lebaka le le bakang thubakanyo mo dikolong, bala 2 Timotheo 3:1-3 mme o tlhalose mekgwa e go bonalang e baka bothata jono. Go tswa foo bula boroutšhara jwa Re Direng mo thutong 8, bala serapa 5, mme o tsweledise motlotlo pele. Fa lo ka beelana nako ya go boela, seno se ka dira gore o nne le thuto ya Baebele ya ka metlha le motho yono. Fa o ntse o mo etela kgapetsakgapetsa, mmotse gore a go na le mongwe gape yo o ka nnang a kgatlhegela go utlwa se a se ithutang.

7 Tsela e nngwe ya go ‘tlhoafalela ditiro tse di molemomogolo’ ka April ke go nna le seabe mo ditseleng tse di farologaneng tsa go rera. A o kile wa akanya ka go neela bosupi mo parakeng kana mo go emisiwang dikoloi teng? Mo boemelong jwa dibese kana mo seteisheneng sa terena? Kana a o ka leka go neela bosupi ka founo, mo mmileng, kana mo tshimong ya kgwebo? Ke ka ntlha yang fa o sa dire dilo tseo tse o di akantseng mo kgweding eno? Jehofa o tla go thusa gore o nne le bopelokgale jo bo tlhokegang. (Dit. 4:31; 1 Bathes. 2:2b) Gongwe o ka rulaganya go dira le mmulatsela kana mmoledi mongwe yo o nang le bokgoni mo dikarolong tseno tsa bodiredi.

8 Motho ope fela yo o eletsang go oketsa tiro ya gagwe ya go neela bosupi o tla batla go nna le seabe mo go neeleng bosupi jo e seng jwa tlwaelo. Gantsi go tlhokega fela go tlotla le motho ka tsela e e botsalano. Tsosa kgang nngwe e e kgatlhang, gongwe o dirisa mokgwa o o bontshitsweng mo serapeng sa 6. Leka go dirisa ka botlalo nako le fa e le efe e e neng e ka itshenyegela fela. Ga re ke re latlha disente fela ka gonne e se diranta tse di feletseng. Ke eng fa o sa dirise metsotso e metlhano, e lesome, kana kwatara ya ura ka tsela e e mosola o neela bosupi jo e seng jwa tlwaelo?

9 Nako ya go Tlhatlhanya: Akanya ka dintlha tse di maatla tse di ileng tsa bontshiwa mo terameng kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Lefoko la Modimo la Boporofeti” ya ngogola. Terama e e neng e re “Go Anaanela Boswa Jwa Rona Jwa Semoya, e dirile gore re akanye thata ka tsela e Jakobe le Esau ba neng ba sa tshwane ka yone. Esau o ne a re o kgatlhegela dilo tsa semoya fela jaaka Jakobe, mme ditiro tsa ga Esau di ne di sa bontshe seo. (Gen. 25:29-34) A bo e le tlhagiso e e maatla jang ne mo go rona! Fela jaaka Jakobe, a re iketleetseng go kgaratlhela go bona masego a ga Jehofa, tota le e leng go a lwela. (Gen. 32:24-29) Ke eng fa re sa dirise April le dikgwedi tsotlhe tse di latelang go tsosolosa tlhoafalo ya rona, re sa tseye boswa jwa rona jo bo molemolemo jwa semoya motlhofo fela?

10 “Letsatsi le legolo la ga Jehofa le gaufi, le gaufi le akofa thata.” (Sefa. 1:14) Dikgang tse di molemo tsa Bogosi di tshwanetse tsa itsisiwe batho. Matshelo a batho a mo kotsing! E kete kgwedi eno e ka itshupa e le e e segofaditsweng thata mo bathong botlhe ba ga Jehofa, fa re ntse re bontsha gore re ‘tlhoafalela ditiro tse di molemomogolo’ re le seoposengwe.

[Box on page 4]

Dikgakololo Tsa Segopotso

Monongwaga Segopotso se ketekiwa ka Laboraro April 19. Bagolwane ba tshwanetse go tlhokomela dintlha tse di latelang:

◼ Fa go beiwa nako ya pokano eno, tlhomamisang gore ditshwantshetso ga di tsamaisiwe pele ga letsatsi le phirima.

◼ Mongwe le mongwe, go akaretsa le sebui, o tshwanetse go bolelelwa nako e e siameng le lefelo le le siameng le se tla ketekelwang kwa go lone.

◼ Go tshwanetse ga batliwa senkgwe le beine tse di tshwanetseng di bo di baakanngwe.—Bona Tora ya Tebelo ya February 15, 1985, tsebe 17.

◼ Dipoleite, digalase, tafole le letsela la tafole tse di tshwanetseng di tshwanetse go tlisiwa kwa holong le go baakanngwa go sa le gale.

◼ Holo ya Bogosi kana lefelo le lengwe le go tla kopanelwang kwa go lone di tshwanetse go phepafadiwa sentle go sa le gale.

◼ Go tshwanetse ga tlhophiwa balebedi le ba ba tla tsamaisang ditshwantshetso mme ba tshwanetse go laelwa go sa le nako ka dithulaganyo tse di siameng le ka ditiro tsa bone.

◼ Go tshwanetse ga dirwa dithulaganyo tsa go isetsa batlodiwa bape ba ba lwalang kana ba ba sa kgoneng go nna gone ditshwantshetso.

◼ Fa e le gore Holo ya Bogosi e tla bo e dirisiwa ke diphuthego tse di fetang e le nngwe, diphuthego tseo di tshwanetse go dirisana mmogo sentle go se ka ga nna le pharakano e e sa tlhokegeng mo matsenong kana mo dikgorong, mo bophaphathong jwa tsela le mo go emisiwang dikoloi teng.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela