A o Anaanela Dilo Tse di Boitshepo?
1 Fa re bodiwa gore a re anaanela dilo tse di boitshepo, ga go na pelaelo gore re tla araba ka bonako re re ee! Dingwe tsa dilo tse di boitshepo tse Modimo a re rulaganyeditseng tsone tse re di anaanelang ke dife?
2 A bo re itumelela botsalano jo re letlelelwang go nna le jone le Rraarona wa selegodimo jang ne! O re tlhomamisetsa gore fa re mo ‘atamela, o tla re atamela.’ (Jak. 4:8) Ga go na motho yo o neng a ka amogela botshelo jo bo sa khutleng fa go ne go se na setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu Keresete. (Joh. 3:16) Ka metlha, re bolela ka thapelo kafa re anaanelang mpho eno e e tlhwatlhwakgolo ya Modimo ka teng, re leboga go tswa pelong.
3 Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng, Baebele e e Boitshepo, le yone e boitshepo mo go rona, fela jaaka phuthego ya ga Jehofa ya mo lefatsheng. Re bontsha gore re anaanela ka tsela e e tshwanetseng dilo tseno tse Jehofa a di re rulaganyetsang fa re tshela go ya ka melaometheo ya Baebele, re nonotsha dibofo tsa lorato lwa bokaulengwe, re tlotla thulaganyo ya puso ya Modimo ka kelotlhoko, e bile re dirisana sentle le ba ba eteletseng pele.—1 Pet. 1:22.
4 Re amogela letlotlo la dijo tsa semoya ka motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela. Go tla nna fela jalo monongwaga kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Badiri ba Lefoko la Modimo.” Fa re le kwa go yone re tla amogela tao ya botlhokwa le go itumelela bokopano jo bo lorato, e leng dilo tse re di tlhokang thata. Re ka bontsha jang gore re anaanela thulaganyo eno e e boitshepo go tswa pelong?
5 O se Ka wa Tlhokomologa Ntlo ya ga Jehofa: Nehemia o ne a kgothatsa ba ba neng ba dirile ka natla go aga dipota tsa Jerusalema sesha gore ba se ka ba ‘tlhokomologa ntlo ya Modimo wa bone.’ (Neh. 10:39) Gompieno, “ntlo” ya ga Jehofa ke thulaganyo ya gagwe ya kobamelo. Dikopano tsa rona tsa kgaolo ke karolo ya thulaganyo eo. Gore re tle re se ka ra tlhokomologa thulaganyo eno, re tshwanetse go nna teng mme re reetse ka kelotlhoko, ka go dira jalo re tla bo re bontsha Jehofa gore re anaanela dilo tse a di re rulaganyeditseng. (Heb. 10:24, 25) Re tshwanetse go dira dithulaganyo dife gone jaanong go bontsha gore re anaanela tiragalo eno e e boitshepo?
6 Nna Teng Malatsi Otlhe a Mararo: Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go rulaganyetsa go nna teng ka malatsi otlhe a mararo a kopano. A o rulaganyetsa gore o fitlhe go sa le gale letsatsi le letsatsi mme o nne go fitlha thapelo e e konelang ka Sontaga? Fa go ntse jalo, o tla segofadiwa thata. Ga se ka metlha go leng motlhofo go nna teng kwa kopanong. Go ka nna ga tlhokega gore o tseye boemo jo bo tlhomameng mabapi le go baakanya dilo kwa tirong ya gago ya boitshediso. Ga se ka metlha dipalangwa di kgonang go tsamaya ka tsela e rona re batlang ka yone. Mme o se ka wa letla mabaka ano a go kgoba marapo gore o se ka wa nna teng kwa kopanong.
7 Akanya ka Kelotlhoko ka Sekao Seno se se Molemo Thata: Setlhopha sengwe sa bakaulengwe kwa nageng nngwe e e nang le dikgaruru mo Afrika, ba ne ba kopana le setlhopha sa masole fa ba ne ba ya kopanong ngogola. Bakaulengwe bao ba ne ba bodiwa jaana: “Lo bomang le gone lo ya kae?” Ba ne ba araba jaana: “Re Basupi ba ga Jehofa, mme re ya kopanong ya kgaolo.” Mongwe wa masole ao o ne a akgela jaana: “Lona Basupi ba ga Jehofa ga lo boife sepe. Tsamayang mme lo tla kgona go tshwara kopano ya lona go se na mathata. Le fa go ntse jalo, lo itse gore lo tla kopana le masole a mantsi. Lo tsamaye fela mo gare ga tsela! Fa lo bona batho ba bantsi ba kgobokane, lo tswelele lo tsamaya fa gare ga tsela!” Ba ne ba dira jalo mme ba goroga ba babalesegile kwa kopanong. Bakaulengwe bano ba ne ba duelwa ka gonne ba ne ba bontsha gore ba anaanela dilo tse di boitshepo.
8 Jaaka bakaulengwe bano ba mo Afrika, le rona re kopana le dikgwetlho. Mme kwantle ga pelaelo re ka etsa tumelo ya bone mme ra ikemisetsa go nna teng mo dikarolong tsotlhe tsa thulaganyo ya kopano ya kgaolo. Fa go tlhokega gore re dire diphetogo dingwe, a re lebeng kwa go Jehofa gore a re kaele, re itse gore o tla segofatsa maiteko a rona a go nna teng mo thulaganyong yotlhe.
9 Nna le Masego: Re tlhologelelwa Lefoko la Modimo, ka gonne re itse gore le ka re isa polokong. (1 Pet. 2:2) Go nna teng ga rona kwa kopanong ya kgaolo le go reetsa thulaganyo go tla re thusa rotlhe gore re age tumelo e e nonofileng mo Lefokong leo, mme re kgone go emelelana le ditlhaselo tse di setlhogo tsa ga Satane botoka. Fa re dira jalo, re tla bontsha Jehofa le ba ba lebileng gore re anaanela dilo tse di boitshepo ka botlalo le gore “ga re mofuta wa ba ba katang ka morago . . . mme re mofuta o o nang le tumelo go kgona go tshedisa moya.”—Baheb. 10:39; 12:16; Dia. 27:11.
10 Re ka leba pele kwa nakong e Jehofa Modimo a tla bong a bula dikgoro tsa morwalela tsa magodimo mme a re tshololela medupe ya masego a semoya. (Mal. 3:10) Ipeele mokgele wa go nna teng kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Badiri ba Lefoko la Modimo” go tloga fa thulaganyo e simolola ka Labotlhano mo mosong go fitlha ka thapelo e e konelang le “Amene!” ka Sontaga thapama. O tla itumelela go bo o dirile jalo!