Thulaganyo e Ntšha ya Kopano ya Potologo
Re itse gore re tshwanetse go rata Jehofa Modimo le go obamela ene a le nosi fela. Le fa go ntse jalo, lefatshe le batla go re tlhotlheletsa gore re se ka ra nna le botsala jo bogolo le ene. (Joh. 17:14) Thulaganyo e ntšha ya kopano ya potologo ya ngwaga wa tirelo wa 2001 e tla nna le setlhogo se se reng “Rata Modimo—E Seng Dilo Tsa Lefatshe Leno,” mme e tla godisa tsela e re ratang Jehofa ka yone le go re nonotsha gore re gane dilo tsa lefatshe leno tse di ka senyang bomoya jwa rona.—1 Joh. 2:15-17.
Go rata Jehofa thata go re tlhotlheletsa gore re neele bosupi ka ene. Le fa go ntse jalo, tirelo ya tshimo ga e motlhofo mo bathong ba Modimo ba le bantsi. Puo e e reng “Go Rata Modimo go re Tlhotlheletsa mo Bodireding Jwa Rona,” e tla re tlhalosetsa gore ke batho ba le kae ba ba ileng ba fenya ditlhong le dikgoreletsi tse dingwe gore ba nne le seabe ka botlalo mo tirong eno.
Go tlhoka maitsholo ga lefatshe leno go re tlhotlheletsa go le kana kang? Mekgwa e pele e neng e tsewa gore e bosula jaanong e tsewa e le boitshwaro jo bo tlwaelegileng. Puo e e reng “Ba lo Ratang Jehofa A ko Lo Ileng Bosula” le simphosiamo se se reng “O Leba Dilo Tse di mo Lefatsheng Jang?” di tla re thusa gore re ititeye sehuba go gana dikeletso tse di bosula.
Mo thulaganyong eno go tla bo go na le Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo le Pokano ya Tirelo, mmogo le tshobokanyo ya setlhogo sa thuto ya Tora ya Tebelo sa beke eo. Puo ya phatlalatsa e e reng, “Tsela e Lorato le Tumelo di Fenyang Lefatshe ka yone,” e tla re kgothaletsa go etsa Jesu ka go gana dikgatelelo tsa lefatshe. (Joh. 16:33) Tlhomamisega gore o laletsa baithuti ba gago ba Baebele gore ba nne gone. Ope fela yo o batlang go kolobediwa o tshwanetse go bolelela molebedi yo o okamelang ka bonako jo bo ka kgonegang gore go tle go dirwe dithulaganyo tse di tlhokegang.
Kopano eno ya potologo e tla re tlhokomedisa dilo tse tota re tshwanetseng go di rata gore re itumelele go segofadiwa thata ke Jehofa. O se ka wa foswa ke epe ya tsone!