Matshelo a Batho a mo Kotsing!
1 Baebele e bontsha ka phepafalo gore thato ya ga Jehofa ke gore “batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe.” Le fa go ntse jalo, gape ke boammaaruri gore boikutlo jwa dibilionebilione tsa batho ba ba mo lefatsheng malebana le Jehofa Modimo le Bogosi jwa gagwe ka Jesu Keresete ke jone jo bo tla laolang gore ba tla tshela jang mo isagweng. Selo se le sosi se se ka dirang gore ba nne le boikutlo jo bo siameng ke fa ba na le ‘kitso e e leng yone ya boammaaruri.’ (1 Tim. 2:3, 4) Fa re ntse re tlhagisa batho gore go ise go ye kae lefatshe le tlile go tlosiwa boikepo jotlhe gore go tle lefatshe le lesha la Modimo la tshiamo, gape re romilwe go dira tiro nngwe e e botlhokwa thata ya go boloka matshelo a batho.—Math. 24:14; 28:19, 20; Bar. 10:13-15.
2 Ke ka Ntlha Yang fa go Potlakile Jaana? Jesu o ne a tlhagisa ka “pitlagano e kgolo e e leng gore ga e ise e ko e diragale fa e sale ka tshimologo ya lefatshe.” (Math. 24:21) Pitlagano eno e tla fitlha kwa setlhoeng ka Haramagedona. (Tshen. 16:16) Batho ba bantsintsi ba ba tlileng go senngwa fa ba sa amogele dikgang tse di molemo ba akaretsa ba losika ba ba sa dumelang, baagelani, badirimmogo le rona, ba re tsenang sekolo le bone le ba re tlwaelaneng le bone. Mme re tshwenyegile ka go fitlhelela “batho ba mefuta yotlhe” e le fa re etsa Modimo, yo o neng a bontsha gore o rata lefatshe lotlhe la batho ka go le naya Morwawe, e bong Jesu Keresete, gore a nne thekololo ya batho botlhe. (Joh. 3:16) Re tshwanetse go leka ka tlhoafalo go laletsa botlhe gore ba tshabele mo lefelong la Modimo la pabalesego. Fa re diragatsa tiro ya go rera ka botlalo, re ka se nne le molato wa madi.—Esek. 33:1-7; 1 Bakor. 9:16.
3 Boikaelelo Jwa Rona ke go Dira Eng? Mo Lefokong lotlhe la Modimo go gatelelwa thata botlhokwa jwa tiro ya go rera. Jaaka moaposetoloi Paulo a ile a tlhalosa, ‘lorato lo Keresete a nang le lone lo re patelela’ go tshela tumalanong le ditsela tsa Modimo. (2 Bakor. 5:14) Mo godimo ga moo, Tora ya Tebelo gantsi e gatelela boikarabelo jo re nang le jone jwa go rera. Tirelo ya Rona ya Bogosi ka metlha e nna e re kaela gore re ka dira jang tiro eno ya go rera. Bagolwane ba rulaganya tiro eno ba bo ba re kgothaletsa gore re nne le seabe mo go yone. Baboledimmogo le rona ba re laletsa gore re dire le bone mo bodireding. Re utlwa go le gontsi ka ga go baakanyetsa metlotlo ya rona, go tsamaisa dimakasine le dibuka tse dingwe, go dira maeto a go boela, go tshwara dithuto tsa Baebele, le go dirisa sebaka sengwe le sengwe go neela bosupi. Gotlhe gono go re thusa go diragatsa boikaelelo jwa rona jwa go boloka matshelo a batho.—1 Bakor. 9:22, 23; Baef. 1:13.