Galaletsang Jehofa ka Ditiro Tse di Molemo
1 Fa o le mo setsuatsueng se se maswe, a bo o wela dibete jang ne fa o bona lefelo le o ka tshabelang mo go lone! Fa go le bothitho e bile go babalesegile mo teng e bile banni ba teng ba amogela baeng sentle, o itumelela go nna koo. Tiro ya go rera ka Bogosi e kaela batho gore ba tswe mo tsamaisong ya ga Satane ba ye kwa botshabelong jo bo ntseng jalo. A boitshwaro jwa rona jwa letsatsi le letsatsi bo ka thusa ba bangwe gore ba bone gore botshabelo jono jo bo sireletsegileng bo gogela go le kana kang? Ee, ka gonne Jesu o ne a re batho ba ne ba tla ‘bona ditiro tsa rona tse di molemo mme ba neye Rraarona yo o kwa magodimong kgalalelo.’—Math. 5:16.
2 Re ka itshwara ka tsela e e ntseng jang gore ditiro tsa rona di tle di gogele ba bangwe kwa go Jehofa le kwa phuthegong ya gagwe? Ka go dira gore mafoko a ga Jesu a a kwadilweng mo go Luke 6:31 le 10:27 a bope matshelo a rona letsatsi le letsatsi. Seno se tla re rotloetsa gore re amege ka tsela e e lorato ka bengkarona, mo go tla dirang gore re farologane le lefatshe leno le le se nang lorato e bile le sa amege ka gope ka ba bangwe.
3 Kgaitsadi mongwe yo o neng a tsere loeto ka mokoro o ne a ela tlhoko gore mosadi mongwe yo mmotlana o ne a sa kgone go tlhokomela ngwana wa gagwe yo mmotlana ka gonne go tsamaya ka mokoro go ne go mo tseisa sediidi. Kgaitsadi yono o ne a ithaopela go mo tlhokomelela ngwana. Fa mosadi yoo a ne a botsa gore o ka mo leboga jang, kgaitsadi o ne a re, ‘Tsweetswee o reetse Basupi ba ga Jehofa mo lekgetlhong le le latelang fa ba go etetse.’ Mosadi yoo o ne a dira jalo, mme jaanong ene le monna wa gagwe ke Basupi. Ditiro tse di molemo di ne tsa dira gore ba arabele ka tsela e e farologaneng fa ba newa molaetsa wa Bogosi.
4 Botshelo Jwa Rona Jotlhe bo a Amega: Boitshwaro jwa rona mo tikolong e re nnang mo go yone, fa re le kwa tirong kgotsa kwa sekolong, le ka dinako tsa boitlosobodutu bo dira gore batho ba bangwe ba re lebe ka tsela e e rileng, rona le bodumedi jwa rona. Ka gone, re tshwanetse go ipotsa gore: ‘Batho ba ba ntebileng ba akanyang ka nna le ba lelapa la me? A baagelani ba tsaya ntlo ya rona le jarata di le phepa e bile di tlhokometswe sentle? A batho ba re dirang le bone le ba re tsenang sekolo le bone ba re itse re le batho ba ba tshwarang nako e bile re dira ka tlhoafalo? A ba bangwe ba bona tsela e re lebegang ka yone e le e e lebegang sentle e bile e tlotlega?’ Ditiro tsa rona tse di molemo di ka dira gore ba bangwe ba kgatlhegele kobamelo ya ga Jehofa.
5 Petere o ne a ntsha tlhagiso ya gore Bakeresete ba ne ba tla sotliwa. (1 Pet. 4:4) Re tshwanetse go tlhomamisa gore boitshwaro jwa rona ga bo dire gore batho ba bue ka tsela e e sa siamang. (1 Pet. 2:12) Fa ditiro tsa rona tsa letsatsi le letsatsi di galaletsa Modimo yo re mo obamelang, re tla tshwana le mabone a a tsholeleditsweng kwa godimo, a a gogelang ba bangwe kwa botshabelong jo bo sireletsegileng jo Jehofa a bo re nayang.—Math. 5:14-16.