Ntlha e Balebedi ba Ditoropo ba Tshwanetseng go e Ela Tlhoko
Tirelo ya Rona ya Bogosi ya June 1996 e ne e na le Lebokoso la Dipotso le le neng le araba potso e e reng: “Leina la Basupi ba ga Jehofa le tshwanetse go kwalwa jang mo bukeng ya founo ya lefelo la rona?” Mo go yone go ne ga ntshiwa kaelo e e latelang: “Mo ditoropong tse go nang le diphuthego tse di fetang e le nngwe, re akantsha gore go kwalwe ka tsela e e latelang: Jehovah’s Witnesses, (Toropo), morago ga foo go bo go kwalwa maina ka tsela e a latelanang ka yone ka dialefabete tsa one, aterese ya Holo ya Bogosi, le nomoro ya founo ya phuthego nngwe le nngwe ya lefelo leo.”
Dipego di bontsha gore diphuthego di le mmalwa ga di a kwadisa Diholo tsa tsone tsa Bogosi mo bukeng ya difouno kgotsa fa di le kwadisitse ga di a le kwadisa sentle. Seno se ile sa baka mathata, bogolo jang mo ditoropong tse dikgolo tse di nang le diphuthego di le mmalwa. Re kopa balebedi ba ditoropo gore ba tlhatlhobe dibuka tsa lefelo la bone tsa founo go bona gore diphuthego tse di mo toropong ya bone di kwadisitswe jang. Mo ditoropong tse dinnye molebedi yo o okamelang ke ene a tshwanetseng go tlhokomela ntlha eno. Fa di sa kwalwa sentle, kgotsa di sa kwalwa gotlhelele, molebedi wa toropo (kgotsa molebedi yo o okamelang fa e le toropo e nnye) o tshwanetse go ikgolaganya le bagatisi ba buka ya difouno go baakanya kgotsa go tsenya diphuthego le fa e le dife tse di neng di sa tsenngwa, a latela dikaelo tse di mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ka kelotlhoko.