Go Ithuta Boroutšhara Jwa Nnang lo Disitse!
Mo dibekeng tsa go tloga ka May 23 go ya go June 20, 2005, diphuthego lefatshe ka bophara di tla bo di ithuta boroutšhara jwa Nnang lo Disitse! mo Thutong ya Buka ya Phuthego. Tsweetswee dirisang dipotso tse di latelang fa lo baakanyetsa le fa lo tshwara thuto eno. Mo thutong eno, balang dirapa tse di mo boroutšhareng jono, lo bo lo bale le ditemana tse di umakilweng fa nako e letla.
Beke ya May 23
◼ Tsebe 3-4: Ke bofe jwa maemo a a tlhalosiwang fano jo bo go amileng ka namana mo botshelong? Ke eng se se dirang gore o akanye gore maemo ano ga se maemo a a diregang nako nngwe fela mo mafelong mangwe, mme ke maemo a a amang lefatshe lotlhe?
◼ Tsebe 5: Ke eng se se go bontshang gore eleruri Modimo o a amega? Ke eng se se bontshang gore re amega go le kana kang ka Modimo le ka se a se dirang?
◼ Tsebe 6-8: Mathaio 24:1-8, 14 ya re maemo a gone jaanong a lefatshe a kayang? Jaaka fa go bontshitswe mo go 2 Timotheo 3:1-5, gone jaanong re tshela mo motlheng ofe? Metlha eno ke ya bofelo jwa eng? Ke eng se se go supelang gore eleruri Baebele ke Lefoko la Modimo? Bogosi jo re rerang ka jone ke eng?
◼ Tsebe 9-10: Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go akanyetsa ka kelotlhoko ditshwetso tse re di dirang letsatsi le letsatsi, le go akanyetsa gore ke eng se se tlang pele mo matshelong a rona? (Bar. 2:6; Bagal. 6:7) Fa o ntse o sekaseka dipotso tse di mo go tsebe 10, o tla o akanya ka ditemana dife tse di tshwanetseng go ama se o se dirang?
Beke ya May 30
◼ Tsebe 11: Ke ka ntlha yang fa rona ka namana re tshwanetse go akanyetsa dipotso tse di mo tsebeng eno? (1 Bakor. 10:12; Baef. 6:10-18) Tsela e re arabang dipotso tseno ka yone, e senola eng malebana le gore re tsaya tsia go le kana kang kgakololo ya ga Jesu e e mo go Mathaio 24:44?
◼ sebe 12-14: ‘Nako ya go atlhola’ e go buiwang ka yone mo go Tshenolo 14:6, 7, ke eng? ‘Go boifa Modimo le go mo naya kgalalelo’ go rayang? Babelona o Mogolo ke eng, mme go tlile go diregang ka ene? Ke kgato efe malebana le Babelona o Mogolo e re tshwanetseng go e tsaya gone jaanong? Ke eng se sengwe se se akarediwang mo nakong ya go atlhola e go boleletsweng pele ka yone? Go sa itse ga rona “letsatsi le fa e le ura” e Modimo a tlileng go diragatsa katlholo ya gagwe e a boleletseng pele ka yone go tshwanetse ga re ama jang? (Math. 25:13)
◼ Tsebe 15: Kgang e e amang bolaodi ke efe, mme e tshwanetse go ama mongwe le mongwe wa rona jang?
◼ Tsebe 16-19: “Magodimo a masha” le “lefatshe le lesha” ke eng? (2 Pet. 3:13) Ke mang yo o solofetsang dilo tseno? Magodimo a masha le lefatshe le lesha di tla tlisa diphetogo dife? A rona ka namana re tla solegelwa molemo ke tsone?
Beke ya June 6
◼ Tsebe 20-1: Jesu o ne a naya balatedi ba gagwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga tlhagiso efe malebana le go tshaba? (Luke 21:20, 21) Ba ne ba kgona go tshaba leng? Ke ka ntlha yang fa go ne go potlakile gore ba tswe ba tshabe, ba se ka ba tlhola ba senya nako? (Math. 24:16-18, 21) Ke ka ntlha yang fa batho ba le bantsi ba sa tseye ditlhagiso tsia? Diketekete tsa batho kwa China le Philippines ba ne ba thusega jang ka ntlha ya go tsaya tsia ditlhagiso tse di neng di tswa kwa metsweding e e ikanyegang ya tshedimosetso? Ke ka ntlha yang fa gone jaanong go potlakile le eleng go feta go tsaya tsiya tlhagiso ya Baebele malebana le bokhutlo jwa tsamaiso ya gone jaanong ya dilo? Ka ntlha ya go potlaka ga metlha e re tshelang mo go yone, re na le boikarabelo bofe? (Dia. 24:11, 12)
◼ Tsebe 22-3: Kwa Australia ka 1974 le kwa Colombia ka 1985, ke ka ntlha yang fa batho ba le bantsi ba ne ba sa dire sepe ka ditlhagiso tse ba neng ba di newa tsa gore go na le masetlapelo a a tlang, mme go ne ga felela ka eng? O akanya gore o ka bo o dirile eng fa e ne e le wena o tlhagisiwang jalo, mme ka ntlha yang? Ke eng se se ka nnang sa bontsha gore a jaana re ka bo re tsere tsia tlhagiso e e neng ya ntshiwa mo motlheng wa ga Noa? Ke ka ntlha yang fa batho ba ne ba batla go nna gaufi le Sodoma wa bogologolo? Re ka solegelwa molemo jang ke go akanyetsa kwa teng se se neng sa direga kwa Sodoma?
Beke ya June 13
◼ Tsebe 24-7: Dirisa “Dipotso Tsa Thuto” tse di mo go tsebe 27.
Beke ya June 20
◼ Tsebe 28-31: Dirisa “Dipotso Tsa Thuto” tse di mo go tsebe 31.
Go ithuta boroutšhara jono go tla re thusa go ‘nna re disitse’ e bile re iketleeditse. E kete ka metlha bodiredi jwa rona jwa phatlalatsa bo ka bontsha gore molaetsa ono wa moengele o potlakile go le kana kang, o o reng: “Boifang Modimo lo bo lo mo neye kgalalelo, ka gonne nako ya gagwe ya go atlhola e gorogile.”—Math. 24:42, 44; Tshen. 14:7.