A re Tlotleng Jehofa le Morwawe Rotlhe
Kafa Botlhe ba ba Nnang Gone Kwa Segopotsong ka April 8 ba ka Solegelwang Molemo ka Botlalo ka Gone
1 Ke bomang gompieno ba ba newang tlotla e e kgethegileng? Ke ba lefatshe le tseelang ditiro tsa bone kwa godimo. Le fa go ntse jalo, gantsi ditiro tseno tsa bone di a lebalwa go ise go ye kae. Mme go tweng ka ditiro tse eleruri di solegelang batho botlhe molemo? Re tlile go ela e kgolo mo go tsone tsotlhe tlhoko ka tsela e e kgethegileng fa re tla bo re keteka Sejo sa Morena sa Maitseboa fa letsatsi le sena go phirima ka April 8, 2001.
2 Ke mang yo o tshwanelwang ke go tlotlwa go ba feta botlhe? Baebele e araba jaana: “O a tshwanela, Jehofa, . . . go amogela kgalalelo le tlotlo le maatla, ka gonne o bopile dilo tsotlhe.” (Tshen. 4:11) E re ka Jehofa e le ene Mmopi, ke ene Mmusi yo e leng Molaodimogolo wa lobopo lotlhe. O tla tshwanelwa ke tlotlo ka bosakhutleng!—1 Tim. 1:17.
3 Jesu Keresete, e leng Morwa Modimo, o dirile ditiro tse di tshwanelang tse di tla leretseng batho masego a a sa khutleng. O ne a etsa Rraagwe ka botlalo. (Joh. 5:19) Go nna ga gagwe kutlo ka tsela e e feletseng le go direla ga gagwe ka boikanyegi di ne tsa dira gore a “[tshwanele] go amogela maatla le dikhumo le botlhale le nonofo le tlotlo le kgalalelo le pako.” (Tshen. 5:12) Rraagwe o ne a mo tlotla ka go mmaya mo setulong sa bogosi gore a nne Kgosi. (Pes. 2:6-8) Mme rona, re tla nna le sebaka sa go tlotla Rara le Morwa fa re keteka Sejo sa Morena sa Maitseboa ka April 8, 2001.
4 Ka maswabi, ke batho ba sekae fela mo hisitoring ya batho ba ba ileng ba naya Jehofa le Morwawe tlotlo e e ba tshwanelang. Ka dinako tse dingwe, tota le eleng batho ba bogologolo ba Modimo, e bong Baiseraele, ba ile ba nna ba direla Jehofa ka go itsemeletsa. Seno e ne e le go mmontsha lonyatso lo lo feteletseng. (Mal. 1:6) Gore re bontshe tlotlo e e tshwanetseng go tlhokega gore re nne kutlo ka boikanyegi ka gonne re rata sotlhe se Jehofa le Morwawe ba re diretseng sone e bile re se anaanela. Go bontsha tlotlo e e ntseng jalo go raya gore re bontshe poifo ya bomodimo le tshisimogo, re amogela Jehofa le Jesu mo ditseleng tsotlhe tsa rona. Phuthego ya Bokeresete e leka go ruta ba bangwe le go ba thusa go dira fela jalo.
5 Tiragalo e e Kgethegileng ya go Bontsha Tlotlo: Go ketekwa ga Segopotso ke kokoano e e botlhokwa thata ya batho ba ga Jehofa ngwaga le ngwaga. Mongwe le mongwe yo o eletsang go direla le go tlotla Jehofa o tshwanetse go nna teng. (Luke 22:19) Re lebeletse gore mo godimo ga Basupi ba ba tlhagafetseng ba le dimilione di le 6, batho ba ba kgatlhegang ba tla dira gore palo ya batho ba ba nnang teng e oketsege go feta dimilione di le 14. A bo seno e tla nna sebaka se se molemo jang ne sa go tlotla Rraarona wa selegodimo! Le fa gone go ketekwa ga segopotso seno go baya tlhokomelo ya rona thata mo go Jesu, go mo tlotla ka se a se fitlheletseng go dira gore re galaletse Rara, yo o mo romileng.—Joh. 5:23.
6 Re ka dirang go ema nokeng tiragalo eno e e kgethegileng? Re ka thusa batho ba ba sa tswang go kgatlhega gore ba solegelwe molemo ka botlalo. Ba kgothaletse gore ba nne teng, mme fa go tlhokega, ba thuse gore ba tle ba kgone go nna teng. Ba tlhalosetse maikaelelo a puo eo. Ba itsise ba bangwe. Se ba se bonang le se ba se utlwang se ka dira gore ba batle go kopanela le rona mo go tlotleng Jehofa.
7 O se ka wa nyatsa se thulaganyo eno e ka se fitlhelelang. Moithuti mongwe wa kwa yunibesithing o ne a arabela jaana: “Ke ile Selalelong gantsi thata kwa kerekeng ya me, mme seno ga se tshwane le tse dingwe gotlhelele. Ke a bona gore seno se ntse fela jaaka fa Baebele e se tlhalosa, mme ke akanya gore lo tshotse boammaaruri.” O ne a simolola go nna teng ka metlha kwa dipokanong mme a kolobediwa go ise go ye kae.
8 Thusa ba Basha go Gatela Pele: Ela tlhoko batho ba basha ba ba nnang teng kwa Segopotsong, mme o ba etele ka bonako fela morago ga moo go ya go boeletsa le bone dilo tse di lapolosang tse ba di ithutileng ba bo ba di tlhokomela. Ba bolelele le ka dipokano tse dingwe, kwa ba ka oketsang kitso ya bone ya Baebele gone. Go sekaseka le bone kgaolo 17 ya buka ya Kitso, e e reng “Bona Polokesego mo Bathong ba Modimo,” go tla ba bontsha dilo tse dintsi thata tsa semoya tse phuthego e ka ba nayang tsone, tse ba ka kgonang go iponela tsone. Rulaganya gore ba bone bidio ya Our Whole Association of Brothers gore ba kgone go iponela ka bobone kutlwano, boipelo le tlhoafalo tsa batho ba ga Jehofa!
9 Go botlhokwa gore batho ba ba kgatlhegang ba itse kafa bone ka bobone ba ka tlotlang Jehofa ka gone. Ba tlhalosetse gore Jehofa o itumedisiwa ke dithapelo tse di rapelwang ka pelo yotlhe, le gore tsone dithapelo tseno di tla nna di ba lapolosa ka metlha yotlhe semoyeng. (1 Joh. 5:14) O dirisa dithuto 8 go ya go 12 tsa boroutšhara jwa Re Direng, ba tlhalosetse boitshwaro jo bo tlotlang Jehofa. Ka go tlotla ka se se tlhalosiwang mo boroutšhareng jwa Basupi ba ga Jehofa, ditsebe 30-1, kgothaletsa batho ba basha gore ba akanyetse kgang ya go tlotla Jehofa ka gore bone ka bobone ba nne le seabe mo tirong ya go rera.
10 Go anaanela setlhabelo sa ga Jesu le go anaanela tshiamelo ya rona ya go direla jaaka barutwa ba gagwe go tlotla Rara e bile go leretse ba bangwe masego. Jesu o ne a solofetsa jaana: “Fa mongwe a batla go ntirela, Rara o tla mo tlotla.”—Joh. 12:26.