Go Rulaganya Go sa Le Gale—Re Rulaganyetsa go Dirang?
1 Rotlhe re a tle re akanyetse dilo tse re rulaganyetsang go di dira mo isagweng. Batho ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng ba lebeletse pele go tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng le lesha la tshiamo la Modimo. Le fa go ntse jalo, go na le dilo tse di ka re amogang tsholofelo eno mo dipelong tsa rona. Re tlhoka go iteka ka natla gore re boloke matshelo a rona a remeletse mo go direng dilo tse di amanang le Bogosi le gore re se ka ra itewa tsebe ke dikeletso tse di raelang tsa nama.—1 Joh. 2:15-17.
2 Lefatshe ga le kgone go tlhaloganya mekgele ya batho ba ba tlhomileng mogopolo mo dilong tsa semoya. (1 Bakor. 2:14) Le mororo batho ba bangwe ba dira ka natla gore ba bone botumo, maemo kana dikhumo, rona re lwela go bona matlotlo a semoya. (Math. 6:19-21) Fa re ne re ka leka go fetola mogopolo wa rona gore o dumalane le tsela e lefatshe le lebang isagwe ka yone, a re ne re tla kgona go fitlhelela mekgele ya rona ya semoya? Go ise go ye kae, dipelo tsa rona di ne di tla simolola go hupediwa ke dilo tse di sa reng sepe. Re ka thibela seno jang?
3 “Aparang Morena Jesu Keresete”: Tsela nngwe e re ka bonang ka yone gore a re agelela isagwe ya rona mo dilong tse di amanang le Bogosi ke ka go tlhatlhoba motlotlo wa rona. A ka metlha re tlotla ka dilo tse di bonalang le tse di sa reng sepe? Fa go ntse jalo, re tshwanetse go tlhola gore a gongwe dipelo tsa rona ga di simolole go katogela kgakala le dilo tse di botlhokwa tsa semoya. Re ka nna ra tshwanelwa ke go gatelela thata go ‘apara Morena Jesu Keresete go na le go rulaganyetsa dikeletso tsa nama go sa le pele.’—Bar. 13:14.
4 Basha ba ka ‘apara Keresete’ ka go rulaganyetsa go sa le gale motlha o ba tla bong ba tsenela bodiredi jwa nako e e tletseng ka one. Mosha mongwe yo o neng a batla go nna mmulatsela wa ka metlha o ne a goletse mo lefelong le go neng go dumelwa gore lekau le tshwanetse go ema sentle mo go tsa madi. Ka gone, o ne a tsena ka tlhogo mo kgwebong go ya bokgakaleng jwa gore o ne a diragatsa molao fela fa a ya dipokanong le fa a nna le seabe mo bodireding. E ne ya re fa a simolola go ikanya mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 6:33 le go kgaotsa go dira dilo tse di neng di sa mo ise gope tse a neng a di dira, o ne a simolola tirelo ya nako e e tletseng. Jaanong, ka segakolodi se sentle, a re o direla Jehofa ‘ka bojotlhe.’
5 Baebele e bolela gore go botlhale go rulaganyetsa isagwe. (Dia. 21:5) E kete rotlhe re ka dira jalo, re akantse thata ka go dira thato ya Modimo.—Baef. 5:15-17.