LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 4/01 ts. 2
  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
  • Ditlhogwana
  • Beke e e Simololang ka April 9
  • Beke e e Simololang ka April 16
  • Beke e e Simololang ka April 23
  • Beke e e Simololang ka April 30
  • Beke e e Simololang ka May 7
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
km 4/01 ts. 2

Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Beke e e Simololang ka April 9

Pina 93

15 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Itsise palo ya ba ba nnileng gone kwa Segopotsong mo phuthegong ya lona. Kopa bareetsi gore ba bolele se se builweng ke batho ba e neng e le lekgetlho la ntlha ba nna gone, e le fa ba bontsha kanaanelo.

15 mets: Lebokoso la Dipotso. Puo ka mogolwane. Akaretsa le mabaka a a tshwanetseng go sekasekiwa fa go tlhophiwa magae a a dirisediwang go nna mafelo a thuto ya buka.—Bona Letlole la Dipotso mo go Tirelo ya Rona ya Bogosi ya April 1983.

15 mets: “Neela Bosupi Jaaka Moagelani yo o Molemo.”a Umaka ditsela tse dingwe tse re ka neelang bosupi ka boitshwaro jwa rona ka tsone.—Bona Tora ya Tebelo ya November 1, 1997, tsebe 18, serapa 16.

Pina 80 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka April 16

Pina 145

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Pego ya diakhaonto. Go setse mafelobeke a le mabedi fela a April, ka jalo kgothaletsa mongwe le mongwe go nna le seabe mo bodireding pele kgwedi eno e fela.

15 mets: Dilo tse phuthego ya lona e tlhokang go di ela tlhoko.

20 mets: “Go Molemo go Bua ka Tsela E e Sa Raraanang.”b Akaretsa dintlha dingwe tse di tswang mo setlhogong sa “A re ‘Tlhamalaleng!’” mo go Tirelo ya Rona ya Bogosi ya July 1999, tsebe 4. Dira pontsho e khutshwane ya motlotlo o le mongwe kana e le mmedi e e motlhofo.

Pina 146 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka April 23

Pina 163

5 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona.

15 mets: “Go Rulaganya Go sa Le Gale—Re Rulaganyetsa go Dirang?” Puo. Akaretsa dintlha tse di tshwanelang go tswa go Tora ya Tebelo ya November 1, 2000, ditsebe 18-21.

25 mets: “‘Tshwarega Thata’ mo Bodireding Jwa Gago.”c Kopa baboledi ba le babedi kana ba le bararo gore ba bolele maitemogelo a ba nnileng le one fa ba thusa batho ba bangwe jaaka go akantshitswe mo dirapeng 3-5.

Pina 202 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka April 30

Pina 215

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Gakolola baboledi gore ba neye batshwari ba bone ba Thuto ya Buka ya Phuthego dipego tsa bone tsa tirelo ya tshimo tsa April. Batshwari botlhe ba Thuto ya Buka ya Phuthego ba tshwanetse go tlhomamisa le mongwe le mongwe mo setlhopheng sa bone gore dipego tsotlhe di bo di weditswe ka May 6.

10 mets: Maitemogelo: Rulaganya go sa le gale le ba ba neng ba tsenetse bobulatsela jo bo thusang ka March le April gore ba bolele mangwe a maitemogelo a bone a a itumedisang le a a kgothatsang a ba neng ba a ipelela mo tshimong.

25 mets: Lelapa la Rona le ka Bontsha Jang go Nna Boitshepo? Mogolwane le lelapa la gagwe ba tlotla ka Tora ya Tebelo ya August 1, 1996 ditsebe 17-20. Sekaseka ditsela tsa go bontsha boitshepo mo lelapeng, mo go ba losika, mo phuthegong le mo baagelaning le kwa sekolong le kwa tirong.

Pina 216 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka May 7

Pina 84

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona.

20 mets: Babulatsela ba Thusa ba Bangwe. Puo le dipotsolotso ka molebedi wa tirelo. Sekaseka thulaganyo ya Babulatsela ba Thusa ba Bangwe jaaka e kwadilwe mo go Tirelo ya Rona ya Bogosi ya September 1998, tsebe 4. Bolela dilo tse dintle tse di neng tsa fitlhelelwa ka thulaganyo eno mo phuthegong ya lona. Tlotla le mmulatsela yo o thusitseng mongwe le mmoledi yo a kileng a thusiwa. Bontsha kafa boobabedi ba neng ba solegelwa molemo ka teng ke go bereka mmogo mo bodireding. Kopa ba bangwe go dirisa thulaganyo eno ka tsela e e molemo mo dikgweding tse di tlang.

15 mets: “Mo Modimong Dilo Tsotlhe di a Kgonega.”d Akgela ka bokhutshwane ka se se bolelwang mo bukeng ya Baboledi, tsebe 443, o bontshe gore tiro ya go rera e ne ya dirwa ka selekanyo se se kana kang ka 1935 fa e bapisiwa le dipalopalo tse di mo go Yearbook ya monongwaga. Bontsha kafa koketsego eno e e gakgamatsang e kileng ya bo e lebega e se kitla e kgonega ka teng mo nakong e e fetileng.

Pina 70 le thapelo e e konelang.

[Footnote]

a Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

b Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

c Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

d Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela