Kgaolo 22
Karolo 2—Go Neela Bosupi go Fitlha kwa Dintlheng Tsotlhe tsa Lefatshe
Go tloga ka tsebe 423 go fitlha ka tsebe 443 go buiwa ka tiro ya go bolela kaga Bogosi go simologa ka 1914 go fitlha ka 1935. Basupi ba ga Jehofa ba bolela gore 1914 ke nako e Jesu Keresete a neng a tlhomiwa mo setulong sa bogosi kwa legodimong ka yone jaaka Kgosi, a na le thata ya go busa ditšhaba. Fa a santse a le mo lefatsheng, Jesu o ne a bolelela pele gore molaetsa wa Bogosi o tla rerwa mo lefatsheng lotlhe go lebanwe le pogiso e e botlhoko mme e tla nna karolo ya sesupo sa gore o teng o a busa mo Bogosing jwa gagwe. Tota ke eng se se neng sa diragala mo dingwageng tse di neng tsa tla morago ga 1914?
NTWA ya ntlha ya lefatshe e ne ya apesa Yuropa ka ponyo ya leitlho ka 1914. Morago e ne ya kekela go fitlha e akaretsa dinaga tse di nang le batho ba ba ka tshwarang 90 lekgolong ya palo ya baagi ba lefatshe. Ditiragalo tse di neng di amana le ntwa eo di ne tsa ama tiro ya go rera e e neng e dirwa ke batlhanka ba ga Jehofa jang?
Dingwaga tsa Matlhotlhapelo tsa Ntwa ya Lefatshe I
Mo dingwageng tsa ntlha tsa ntwa eo, tiro e ne e kgorelediwa go le gonnye fela kwa ntle ga kwa Jeremane le kwa Fora. Dipampitshana di ne di anamisiwa ka kgololesego kwa mafelong a mantsi, mme “Photo-Drama” e ne e ntse e bontshiwa, le mororo e ne e le ka selekanyo se sennye thata morago ga 1914. Fa ntwa e ntse e gakalela pele, baruti kwa British West Indies ba ne ba anamisa maaka a gore E. J. Coward, yo e neng e le moemedi wa Mokgatlho wa Watch Tower, e ne e le setlhodi sa Jeremane, ka jalo o ne a laelwa gore a tswe koo. Fa buka ya The Finished Mystery e ne e anamisiwa go simolola ka 1917, ba ne ba simolola go ganediwa gongwe le gongwe.
Batho ba ne ba batla go nna le buka eo. Otoro ya Mokgatlho ya ntlha e ne ya tshwanelwa ke go okediwa go menagane ga lesome mo dikgweding di sekaenyana fela. Mme baruti ba Labokeresete ba ne ba kgopisiwa fela thata ke go senolwa ga dithuto tsa bone tsa maaka. Ba ne ba dirisa tlhakatlhakano ya nako ya ntwa go kgala Baithuti ba Bibela mo babusing. Go ralala United States, banna le basadi ba ba neng ba amana ka tsela epe le kanamiso ya dibuka tsa Baithuti ba Bibela ba ne ba tlhaselwa ke digopa, gape ba ne ba tshasiwa boka ba bo ba kokometswa diphofa. Kwa Canada, magae a ne a phuruphudiwa, mme batho ba ba neng fitlhelwa ba na le dibuka dipe tsa International Bible Students Association ba ne ba ka lefisiwa madi a a kwa godimo thata kana ba latlhelwa mo kgolegelong. Lefa go ntse jalo, Thomas J. Sullivan, yo ka nako eo a neng a le kwa Port Arthur, kwa Ontario, o ne a bega gore ka nako nngwe, fa a ne a tsentswe bosigo jotlhe mo kgolegelong, mapodisi a toropo eo a ne a itseela a bo a tseela le ditsala tsa one dikopi tsa dibuka tse di thibetsweng tseo, ka tsela e e ntseng jalo ba tsamaisa dibuka tsotlhe tse di neng di le teng—dikopi di ka nna 500 kgotsa 600.
Ntlokgolo ya Mokgatlho wa Watch Tower ka boyone e ne ya tlhaselwa, mme batsamaisi ba ne ba atlholelwa lobaka lo loleele mo kgolegelong. Mo babeng ba bone go ne ga lebega ekete Baithuti ba Bibela ba ne ba fedisitswe. Go rera ga bone go go neng go bonwa ke mang le mang go ne go eme tsi.
Lefa go ntse jalo, tota le Baithuti ba Bibela ba ba neng ba latlhetswe mo kgolegelong ba ne ba kgona go bolelela magolegwa a mangwe kaga boikaelelo jwa Modimo. Badiredi ba Mokgatlho le ditsala tsa bone, ba ne ba kganelwa go rera fa ba ne ba goroga kwa kgolegelong ya Atlanta, kwa Georgia. Legale ba ne ba tlotla mmogo ka bobone fela ka Bibela, mme ba bangwe ba ne ba gogelwa ke boitshwaro jwa bone, le tsela e ba tshelang ka yone. Morago ga dikgwedi di sekae, mothusamookamedi wa kgolegelo o ne a ba laela gore ba rute magolegwa a mangwe kaga bodumedi. Palo e ne ya gola go fitlha go nna le go ba ba ka tshwarang 90 mo ditlelaseng tseo.
Bakeresete ba bangwe ba ba ikanyegang le bone ba ne ba bona ditsela tse ba neng ba ka tswelela ba neela bosupi ka tsone mo dingwageng tseo tsa ntwa. Gantsi seno se ne se felela ka gore go anamisetswe molaetsa wa Bogosi kwa dinageng tse mafoko a a molemo a neng a ise a rerwe kwa go tsone. Ke gone ka moo, erileng ka 1915 Moithuti mongwe wa Bibela wa kwa New York, yo e neng e le motho wa kwa Colombia, a neng a romelela monna mongwe wa kwa Bogotá, kwa Colombia kopi ya The Divine Plan of the Ages ka Se-Spain. Morago ga dikgwedi tse thataro, phetolo e ne ya goroga e tswa kwa go Ramón Salgar. O ne a ithutile buka eo ka kelotlhoko, mme a e itumeletse, mme o ne a batla dikopi di le 200 go di naya ba bangwe. Mokaulengwe J. L. Mayer, go tswa kwa Brooklyn, kwa New York, le ene o ne a romela dikopi tse dintsintsi tsa Bible Students Monthly ka Se-Spain. Palo e ntsi ya tsone e ne ya romelwa kwa Spain. Mme fa Alfred Joseph, yo ka nako eo a neng a le kwa Barbados, a ne a ya go dira kwa Sierra Leone, kwa Afrika Bophirima, o ne a dirisa tshono eo go neela bosupi kaga boammaaruri jwa Bibela jo a neng a sa tswa go bo ithuta.
Fa e le ka barekisi ba dibuka, ba bodihedi jwa bone bo neng bo akaretsa go etela magae le mafelo a kgwebo, gantsi go ne go le thata mo go bone. Mme bontsi jwa ba ba neng ba ya kwa El Salvador, Honduras, le Guatemala ba ne ba nna le tiro e ntsi koo ya go bolelela ba bangwe boammaaruri jo bo nayang botshelo ka 1916. Ka nako eno, Fanny Mackenzie, morekisi wa dibuka wa kwa Borithane, o ne a tsaya maeto a le mabedi go ya kwa dinageng tsa Botlhaba ka mokoro, mme o ne a ema kwa China, Japane, le Korea go anamisa dibuka tsa Bibela teng, mme go tswa foo a bo a kwalela ba a neng a bona ba kgatlhega.
Lefa go ntse jalo, go ya ka dipego tse di neng di le teng, palo ya Baithuti ba Bibela e go neng ga begwa fa e ne e nna le seabe mo go rereleng ba bangwe mafoko a a molemo ka 1918 e ne e wetse kwa tlase ka 20 lekgolong lefatshe ka bophara fa e ne e bapisiwa le pego ya 1914. Mme a ba ne ba tla tswelela ka bodihedi jwa bone ba sena go tshwarwa makgwakgwa jalo mo dingwageng tseo tsa ntwa?
Ba Ne Ba Tlala Matlhagatlhaga Sesha
Ka March 26, 1919, poresidente wa Mokgatlho wa Watch Tower le ditsala tsa gagwe ba ne ba gololwa mo kgolegelong e ba neng ba tsentswe mo go yone ba sena molato. Dithulaganyo di ne tsa dirwa ka bofefo gore go tswelelwe pele ka go bolela mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo lefatshe ka bophara.
Mo kopanong ya botlhe e e neng e tshwaretswe kwa Cedar Point, kwa Ohio, ka September wa one ngwaga oo, J. F. Rutherford, yo e neng e le poresidente wa Mokgatlho ka nako eo o ne a neela puo e e neng e otlelela gore tiro e e botlhokwa thata ya batlhanka ba ga Jehofa ke go itsise go tla ga Bogosi jo bo galalelang jwa Modimo jwa Bomesia.
Lefa go ntse jalo, palo ya ba ba neng ba nna le seabe mo tirong eo ka nako eo e ne e le nnye. Bangwe ba bao ba neng ba se ka ba e dira ka 1918 ka ntlha ya go boifa ba ne ba nna tlhaga gape, mme palo e nngwe e nnye e ne ya ba tlatsa. Mme legale dipego tse di leng teng di bontsha gore ka 1919 go ne go na le ba ba ka nnang 5 700 ba ba neng ba neela bosupi ka botlhaga mo dinageng di le 43. Lefa go le jalo Jesu o ne a ile a bolelela pele jaana: “Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe.” (Math. 24:14) Seno se ne se tla dirwa jang? Ba ne ba sa itse, ebile ba ne ba sa itse gore ba ne ba tlile go neela bosupi ka lobaka lo lo kana kang. Lefa go ntse jalo, batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo ba ne ba iketleeditse ebile ba eletsa thata go tswelela ka tiro. Ba ne ba tlhatswegile pelo gore Jehofa ke ene a tla dirang dilo go ya ka thato ya gagwe.
Ba ne ba tswelela ka tiro gonne ba ne ba tlhoafetse ka ntlha ya se ba neng ba se bona mo Lefokong la Modimo. Mo dingwageng tse tharo fela palo ya ba ba neng ba itsise Bogosi jwa Modimo phatlalatsa e ile ya batla e menagana gararo, go ya ka dipego tse di leng teng, mme ka 1922 palo ya dinaga tse ba neng ba rera ba le tlhaga mo go tsone e ne e feta tsa 1919 ka di le 15.
Kgang E E Kgatlhang Thata
Abo ba ne ba rera molaetsa o o kgatlhang thata jang ne—“Dimilione tse di tshelang jaanong ga di kitla di swa!” Mokaulengwe Rutherford o ne a neetse puo ka kgang eno ka 1918. Gape e ne e le setlhogo sa bukana ya ditsebe tse 128 e e neng ya gatiswa ka 1920. Go tloga ka 1920 go fitlha ka 1925, setlhogo seo se ne sa boelediwa gantsintsi go dikologa lefatshe mo dipokanong tsa phatlalatsa mo mafelong otlhe a a neng a na le dibui le ka dipuo tse di ka tshwarang 30. Go na le gore ba bolele jaaka Labokeresete gore batho botlhe ba ba siameng ba ya kwa legodimong, puo eno e ne e bolela thata ka tsholofetso ya Bibela ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise le go tla nnang batho ba ba utlwang mo go lone. (Isa. 45:18; Tshen. 21:1-5) Ebile e ne e bolela gore tsholofetso eo e tla tloga e diragadiwa.
Go ne ga dirisiwa makwalodikgang le dipolakate go itsise ka dipuo tseo. Kgang eo e ne e kgatlha tota. Ka February 26, 1922, ba ba ka fetang 70 000 ba ile ba nna teng mo mafelong a le 121 kwa Jeremane fela. Go ne go tlwaelegile gore setlhopha se le sengwe fela sa bareetsi se tshware diketekete. Ka sekai, kwa Cape Town, mo Afrika Borwa, ba le 2 000 ba ne ba le teng fa go ne go neelwa puo eno kwa Opera House. Kwa holong ya yunibesithi kwa motsemogolo wa Norway, e ne e se fela gore ditulo tsotlhe di ne di tletse mme gape bangwe ba ile ba busediwa kwa morago ga ba ga tshwanelwa gore thulaganyo eo e boelediwe ura le sephatlo morago ga moo—mme holo ile ya tlala gape.
Kwa Klagenfurt, kwa Austria, Richard Heide o ne a raya rraagwe a re: “Ke ya go reetsa puo lefa mang a ka reng. Ke batla go bona gore a se ke maaka fela kgotsa gore go na le boammaaruri mo go sone!” O ne a amiwa thata ke se a ileng a se utlwa, mme go ise go e kae ke fa ene le kgaitsadie, le batsadi ba gagwe, ba simolola go bolelela ba bangwe.
Mme lefa go ntse jalo e ne e se gore molaetsa wa Bibela e ne e le wa batho ba ba neng ba tla tla go reetsa puo ya phatlalatsa fela. Ba bangwe le bone ba ne ba tshwanelwa ke go o bolelelwa. E seng fela batho ka kakaretso mme baeteledipele ba sepolotiki le ba bodumedi ba ne ba tlhoka go o utlwa. Seo se ne se tla dirwa jang?
Go Anamisiwa ga Maitlamo A A Maatla
Tshedimosetso e e kwadilweng e ne ya dirisiwa gore go fitlhelelwe batho ba pele ba neng ba utlwile magatwe fela ka Baithuti ba Bibela le molaetsa o ba neng ba o rera. Go tloga ka 1922 go fitlha ka 1928, bosupi jo bo maatla bo ne jwa neelwa ka maitlamo a le supa a a maatla, e le maitlamo a a neng a ile a dirwa kwa dikopanong tsa ngwaga le ngwaga tsa Baithuti ba Bibela. Palo ya dikopi tse di neng tsa gatisiwa tsa maitlamo mangwe le mangwe tse di neng tsa anamisiwa morago ga dikopano tseo gantsi e ne e tshwara dimilione tse 45 go ya go tse 50—selo se se gakgamatsang eleruri se se neng sa kgonwa go dirwa ke palonyana e nnye eo ya baboledi ba Bogosi ba nako eo!
Maitlamo a 1922 a ne a na le setlhogo se se reng “Go Gwetlha Baeteledipele ba Lefatshe”—ee, kgwetlho ya gore ba ntshe bosupi jwa puo ya bone ya gore ba ka tlisetsa batho kagiso, kgatelopele, le boitumelo kana, fa ba palelwa ke go dira seo, ba dumele fa Bogosi jwa Modimo ka Mesia wa gagwe e le jone fela bo ka kgonang go dira dilo tseno. Kwa Jeremane, maitlamo ao a ne a romelelwa mmusi wa Jeremane yo o neng a tshabile mo nageng ya gaabo, poresidente wa teng, le maloko otlhe a Palamente; mme tse dingwe di ka nna dimilione di le nne le sephatlo di ne tsa newa batho ka kakaretso. Kwa Afrika Borwa, Edwin Scott o ne a akaretsa ditoropo di le 64, mme a tsamaisa dikopi di le 50 000 ka namana a tsentse dibuka mo kgetsing a e rwele mo mokwatleng a tshotse thobane ka seatla go koba dintša tse di bogale. Morago ga foo, fa baruti ba Ba-Dutch kwa Afrika Borwa ba ne ba tsamaya le matlo a ba ba tsenang kereke ba kopa koleke, bontsi jwa maloko a kereke bo ne jwa ba naya maitlamo ao ba bo ba ba raya ba re: “Lo tshwanetse go bala seno mme ga lo kitla lo tlhola lo tla go tsaya madi mo go rona.”
Ka 1924 maitlamo a a reng “Go Latofadiwa ga Baruti” a ile a senola dithuto tse eseng tsa Dikwalo le ditiro tsa baruti, mme a senola se ba neng ba se dira ka nako ya ntwa, go tswa foo a kgothaletsa batho go ithuta Bibela gore ba itse dilo tse di molemolemo tse Modimo o tlileng go di naya batho. Ka nako eo kwa Italy, bagatisi ba ne ba tshwanetse gore ba kwale maina a bone mo go sepe fela se ba se gatisitseng, mme ba ne ba ikarabelela ka tshedimosetso e ba e kwadileng. Moithuti wa Bibela yo o neng a eteletse pele tiro kwa Italy o ne a isa kopi ya maitlamo ao kwa badireding ba puso, ba ba neng ba a sekaseka mme kwantle ga tikatiko ba ntsha tetla ya gore a gatisiwe le go anamisiwa. Bagatisi le bone ba ne ba dumela go a gatisa. Bakaulengwe ba kwa Italy ba ne ba anamisa dikopi di le 100 000 tsa one. Ba ile ba tlhomamisa gore mopapa le modiredi mongwe le mongwe wa maemo a a kwa godimo kwa Vatican a bone kopi.
Kwa Fora, go anamisiwa ga maitlamo ano go ne ga lere kganetso e e botlhoko ebile gantsi e na le thubakanyo go tswa mo baruting. Ka ntlha ya go bolawa ke pelo, moruti mongwe kwa Pomerania, kwa Jeremane, o ne a pega kgetsi kgatlhanong le Mokgatlho le motsamaisi wa one, mme lefa go le jalo moruti yoo o ne a se ka a fenya mo kgetsing eo fa lekgotla le sena go utlwa se se kwadilweng mo maitlamong ao. Ka ntlha ya go batla go tila go kgorelediwa ke ba ba neng ba sa batle gore batho ba utlwe boammaaruri, Baithuti ba Bibela kwa perofensing ya Quebec kwa Canada ba ne ba rwala masigo ka tlhogo go ya go baya maitlamo ao mo malapeng a batho, ba simolola ka 3:00 a.m. Tseo e ne e le dinako tse di kgatlhang tota!
Go Lebogela Dikarabo Tse Di Kgotsofatsang
Ka nako ya Ntwa ya Lefatshe I, bontsi jwa batho ba Armenia ba ne ba ntshiwa ka tsela e e setlhogo mo malapeng a bone le mo nageng e ba tsholetsweng kwa go yone. Go ne go fetile masome a mabedi a dingwaga fela, fa makgolokgolo a le diketekete a batho ba Armenia a sena go bolawa ka bontsi, mme ba bangwe ba ne ba tshaba go falotsa matshelo a bone. Ba sekae mo go bano ba ne ba kile ba bala dikgatiso tsa Mokgatlho wa Watch Tower kwa nagagaeng ya bone. Mme bontsi jwa bone ba ile ba neelwa bosupi kwa dinageng tse ba neng ba tshabela kwa go tsone.
Morago ga ditiragalo tse di botlhoko tseo, bontsi jwa bone ba ne ba botsa ba tlhoafetse gore ke ka ntlha yang fa Modimo o letlile bosula gore bo nne teng. Bo ne bo tla tswelela ka lobaka lo lo kana kang? Bo ne bo tla fela leng? Bangwe ba bone ba ne ba itumelela go bona dikarabo tse di kgotsofatsang tse di tswang mo Bibeleng. Go ne ga nna le ditlhopha tsa Baithuti ba Bibela ba Ba-Armenia mo ditoropong tse di farologaneng tsa Botlhabagare. Go tlhagafalela ga bone boammaaruri jwa Bibela go ile ga ama matshelo a ba bangwe. Batho ba bangwe ba Armenia ba ne ba utlwa mafoko a a molemo ba le kwa Ethiopia, Argentina, le kwa United States mme ba ne ba amogela boikarabelo jwa go a itsise ba bangwe ka boitumelo. Mongwe wa bone e ne e le Krikor Hatzakortzian, yo erileng e le mmulatsela a le nosi fela a anamisa molaetsa wa Bogosi kwa Ethiopia mo bogareng jwa bo1930. Nako nngwe, fa a ne a pegwa molato ke baganetsi mme ene a sena molato, o ne a bo a nna le tshono ya go ya go neela mmusimogolo, Haile Selassie bosupi.
Ba Tseela Letlotlo la Boammaaruri kwa Dinageng Tse Ba Tsholetsweng kwa go Tsone
Bontsi bo ne jwa boela kwa dinageng tse ba tsholetsweng kwa go tsone go ya go rera ba tlhotlhelediwa ke go eletsa thata go bolelela ba bangwe boammaaruri jo bo botlhokwa jwa Bibela. Ba ne ba tsaya kgato e e neng e tshwana le ya batho ba ba neng ba tswa kwa dinageng tse dintsi ba ba neng ba le kwa Jerusalema ka 33 C.E. ba ba neng ba fetoga badumedi fa moya o o boitshepo o ne o dira gore baaposetoloi le ditsala tsa bone ba bue kaga “ditihō tse dikgolo tsa Modimo,” ka diteme tse dintsi. (Dit. 2:1-11) Fela jaaka badumedi bao ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba isa molaetsa kwa dinagagaeng tsa bone, barutwa ba motlha ono le bone ba ne ba dira fela jalo.
Banna le basadi ba ba neng ba ithuta boammaaruri kwa dinageng di sele ba ne ba boela kwa Italy. Ba ne ba tswa kwa Amerika, Belgium, le Fora mme ba ne ba rera molaetsa wa Bogosi ka matlhagatlhaga kwa ba ileng ba thibelela teng. Barekisi ba dibuka ba ba tswang mo kgaolong ya Ticino ya Switzerland ya batho ba ba buang Setadiana ba ne ba tsena le mo Italy go tsweletsa tiro ya bone koo. Ka ntlha ya go dira mmogo, le mororo ba ne ba sekae fela ka palo, ga go a ka ga ba tsaya lobaka go fitlha kwa ditoropong tsotlhe tse dikgolo le mo metseng e mentsi ya Italy. Ba ne ba sa bale diura tse ba neng ba di dirisa mo tirong eno. Ereka ba ne ba tlhatswegile pelo gore ba ne ba rera boammaaruri jo Modimo o batlang gore batho ba bo itse, gantsi ba ne ba simolola go dira mo mosong go fitlha bosigo gore ba kgone go bona batho ba bantsi ka mo go ka kgonegang ka teng.
Bagerika ba ba neng ba nna Baithuti ba Bibela ba le kwa Albania e e neng e le gautshwane le ba ba neng ba le kwa Amerika le bone ba ne boela gae. Ba ile ba itumela fela thata fa ba ne ba ithuta gore Dikwalo ga di letle go obamela mekgabisa ya ditshwantsho (Ekes. 20:4, 5; 1 Yoh. 5:21), gore baleofi ga ba gadikiwe kwa diheleng (Mor. 9:5, 10; Esek. 18:4; Tshen. 21:8), le gore Bogosi jwa Modimo ke selo sa mmatota le gore ke jone tsholofelo e le yosi fela ya batho (Dan. 2:44; Math. 6:9, 10). Ba ne ba iketleeditse go bolelela ba ga bone boammaaruri jono—ka namana kana ka go ba kwalela. Ka ntlha ya seo, ditlhopha tsa Basupi ba ga Jehofa di ne tsa nna teng kwa Greece le kwa ditlhaketlhakeng tsa Greece.
Morago ga Ntwa ya Lefatshe I, diketekete tsa batho ba kwa Poland di ne tsa ya kwa Fora go ya go dira mo meepong ya teng ya magala. Diphuthego tsa Fora ga di a ka tsa ba itlhokomolosa ka go bo ba bua puo e sele. Ba ile ba senka ditsela tsa go bolelela badiri bano ba meepo le malapa a bone boammaaruri jwa Bibela, mme palo ya ba ba neng ba reetsa ka kelotlhoko e ile ya re ka bonako ya feta palo ya Basupi ba kwa Fora. Fa, ka ntlha ya go kojwa ke puso, ba le 280 ba ne ba tshwanelwa ke go boela kwa Poland ka 1935, seo se ile sa thusa mo go nonotsheng go anamisiwa ga molaetsa wa Bogosi koo. Ka gone, erile ka 1935 ga bo go na le baboledi ba Bogosi ba le 1 090 ba ba neng ba rera kwa Poland.
Ba bangwe ba ne ba amogela taletso ya gore ba tswe mo dinagagaeng tsa bone mme ba ye go direla kwa masimong a dinaga di sele.
Bareri Ba Ba Tlhaga ba kwa Yuropa ba Thusa mo Ditshimong tsa Dinaga Di Sele
Ka ntlha ya go dira mmogo ga meraferafe, Dinaga tsa Baltic (Estonia, Latvia, le Lithuania) di ne tsa utlwa boammaaruri jo bo itumedisang kaga Bogosi jwa Modimo. Ka bo1920 le bo1930, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba tlhaga go tswa kwa Denmark, Engelane, Finland, le Jeremane ba ne ba neela bosupi thata mo nageng eno. Dibuka tse dintsi di ne tsa tsamaisiwa, mme dikete di ne tsa utlwa dipuo tsa Bibela tse di neng di neelwa. Go tswa kwa Estonia dikgaso tsa ka metlha tsa dithulaganyo tsa Bibela tse di neng di gasiwa ka dipuo tse dintsi di ne tsa bo tsa fitlha le koo ka nako eo go neng go bidiwa Soviet Union.
Go tswa kwa Jeremane, badiredi ba ba iketleeditseng ka bo1920 le bo1930 ba ne ba dumela go ya go dira kwa mafelong a a tshwanang le Austria, Belgium, Bulgaria, Czechoslovakia, Fora, Luxembourg, Netherlands, Spain, le Yugoslavia. Willy Unglaube e ne e le mongwe wa bone. Fa a sena go dira ka lobakanyana kwa Bethele ya kwa Magdeburg, kwa Jeremane, o ne a ya go dira jaaka moreri wa nako e e tletseng kwa Fora, Algeria, Spain, Singapore, Malaysia, le Thailand.
Fa go ne go tlhabiwa mokgosi go tswa kwa Fora go kopiwa thuso ka bo1930, barekisi ba dibuka go tswa kwa Borithane ba ile ba bontsha fa ba tlhaloganya gore thomo ya Bokeresete ya go rera e batla gore motho a se ka a rera fela mo nageng yaabo mme a ye go rera gape le mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe. (Mar. 13:10) John Cooke e ne e le mongwe wa badiredi ba ba tlhaga ba ba neng ba araba pitso eo ya Makedonia. (Bapisa Ditihō 16:9, 10.) Mo masomeng a marataro a dingwaga a a neng a latela morago ga moo, o ne a dira kwa Fora, Spain, Ireland, Portugal, Angola, Mozambique, le Afrika Borwa. Mogolowe ebong Eric o ne a tlogela tiro ya gagwe mo Bankeng ya Barclay mme a latela John mo bodiheding jwa nako e e tletseng kwa Fora; morago ga moo, le ene o ile a dira kwa Spain le kwa Ireland mme a dira jaaka morongwa kwa Rhodesia Borwa (e jaanong e bidiwang Zimbabwe) le kwa Afrika Borwa.
Ka May 1926, George Wright le Edwin Skinner, ba kwa Engelane, ba ne ba dumela go ya go thusa go atolosa tiro ya Bogosi kwa India. Karolo ya bone e ne e le kgolo tota! E ne e akaretsa Afghanistan yotlhe, Burma (e jaanong e bidiwang Myanmar), Ceylon (e jaanong e bidiwang Sri Lanka), India, le Persia (e jaanong e bidiwang Iran). Fa ba goroga kwa Bombay, ba ne ba dumedisiwa ke pula ya matlakadibe. Lefa go le jalo, ka ntlha ya go bo ba ne ba sa tshwenyege thata ka go nna le dilo tsa manobonobo kana gore ba tshela sentle, e ne ya re ka bofefo fela ba bo ba ya kwa mafelong a a kwa kgakala a naga eo go ya go senka Baithuti ba Bibela ba ba itsiweng ba ba koo gore ba ba kgothatse. Ba ne ba tsamaisa dibuka tse dintsintsi go dira gore ba bantsi ba kgatlhege. Tiro eno e ne ya dirwa ka botlhaga. Ka ntlha ya seo, ka 1928 baboledi ba le 54 ba Bogosi ba kwa Travancore (Kerala), kwa borwa jwa India, ba ne ba rulaganyetsa go tshwara dipokano tsa phatlalatsa di le 550 tse di neng tsa tliwa ke batho ba ba ka tshwarang 40 000. Ka 1929 babulatsela ba bangwe gape ba banè ba ba tswang kwa tshimong ya Borithane ba ne ba ya kwa India go ya go thusa mo tirong. Mme erile gape ka 1931 ba bangwe ba bararo ba ne ba goroga kwa Bombay ba tswa kwa Engelane. Mme gangwe le gape, ba ne ba tsaya matsapa a go ya go fitlha kwa dikarolong tse di farologaneng tsa naga e kgolo eo, ba anamisa dibuka mme eseng ka Seesemane fela, mme gape le ka dipuo tsa Seindia.
Go ne go diragala eng kwa Yuropa Botlhaba ka nako eo?
Thobo ya Semoya
Pele ga ntwa ya lefatshe ya ntlha, peo ya boammaaruri jwa Bibela e ne e setse e jadilwe kwa Yuropa Botlhaba, mme nngwe ya yone e ne e setse e tlhogile. Ka 1908, Andrásné Benedek, mosadi mongwe yo o boikobo wa Mo-Hungary o ne a boetse kwa Austria-Hungary, go ya go bolelela ba bangwe ka dilo tse di molemo tse a neng a di ithutile. Dingwaga tse pedi moragonyana, Károly Szabó le József Kiss ba ne ba boela kwa nageng eo mme ba anamisa boammaaruri jwa Bibela mo dinageng tse morago di neng tsa bidiwa Romania le Czechoslovakia. Le mororo ba ne ba ganediwa thata ke baruti ba ba neng ba shakgetse, ditlhopha tsa thuto di ne tsa tlhomiwa, mme go ne ga neelwa bosupi fela thata. Ba bangwe ba ne ba ba tlatsa mo go itsiseng tumelo ya bone phatlalatsa, mme erile ka 1935 palo ya baboledi ba Bogosi kwa Hungary e ne e oketsegile e le 348.
Bogolo jwa Romania bo ne jwa batla bo oketsega gabedi fa mmapa wa Yuropa o ne o segwa sesha ke bafenyi morago ga Ntwa ya Lefatshe I. Go ne ga begwa ka 1920, gore mo nageng eno e e godileng, go ne go na le ditlhopha tse 150 tsa Baithuti ba Bibela, tse mo go tsone go neng go kopanela batho ba le 1 700. Mo ngwageng o o latelang, kwa moletlong wa Segopotso sa Sejo sa Morena sa Maitsiboa, ba ba ka tshwarang 2 000 ba ile ba ja ditshwantshetso tsa segopotso, ka go dira jalo ba ipolela fa e le bomonnaa Keresete ba ba tloditsweng ka moya. Palo eo e ile ya gola mo go gakgamatsang mo dingwageng tse nnè tse di latelang. Erile ka 1925 go ne go na le ba le 4 185 ba ba neng ba nna teng kwa Segopotsong, mme jaaka go ne go tlwaelegile ka nako eo, bontsi jwa bone kwantle ga pelaelo ba ile ba ja ditshwantshetso tseo. Lefa go le jalo, tumelo ya bano botlhe e ne e tla lekwa. A ba ne ba tla itshupa e le ‘korong’ kana e se yone? (Math. 13:24-30, 36-43) A ruri ba ne ba tla dira tiro ya go rera e Jesu a neng a e laetse balatedi ba gagwe? A ba ne ba tla itshoka lefa ba ne ba ka bogisiwa go le kana kang? A ba ne ba tla ikanyega lefa bangwe ba ne ba supa moya o o tshwanang le wa ga Judase Isekariota?
Pego ya 1935 e bontsha gore ga se botlhe mo go bone ba ba neng ba na le tumelo e e neng e tla ba dira gore ba itshoke. Mo ngwageng oo go ne go na le ba ba ka tshwarang 1 188 fela ba ba neng ba nna le seabe mo go neeleng bosupi kwa Romania, lefa gone palo e e fetang eo gabedi e ne ya ja ditshwantshetso tsa Segopotso. Lefa go le jalo, ba ba ikanyegang ba ne ba tswelela ba dira tiro ya Morena. Ba ne ba bolelela batho ba bangwe ba ba boingotlo boammaaruri jwa Bibela jo bo ileng jwa ba dira gore le bone ba itumele. Tsela e nngwe e e tlhomologileng e ba neng ba dira seno ka yone e ne e le ka go tsamaisa dibuka. Fa gare ga 1924 le 1935 ba ne ba setse ba neetse batho dibuka le dibukana di ka nna 800 000, mo godimo ga dipampitshana.
Go tweng ka Czechoslovakia, e e neng ya fetoga morafe ka 1918 fa Mmusomogolo wa Austria le Hungary o sena go phutlhama? Bosupi jo bo neng bo nonofile bo ne bo oketsa thobo ya semoya. Kwa tshimologong go ne go rerwa ka Se-Hungary, Se-Russia, Se-Romania, le Sejeremane. Mme erile ka 1922, Baithuti ba bantsi ba Bibela ba ne ba boa go tswa kwa Amerika go ya go itebaganya le batho ba ba buang Se-Slovakia, mme mo ngwageng o o latelang banyalani bangwe go tswa kwa Jeremane ba ne ba itebaganya thatathata le tshimo ya Se-Czech. Dikopano tsa ka metlha, le mororo e ne e le tse dipotlana, di ne tsa thusa go ba kgothatsa le go dira gore bakaulengwe ba nne seoposengwe. Fa diphuthego di sena go rulaganngwa sentle gore di kgone go dira tiro ya go rera ka ntlo le ntlo ka 1927, koketsego e ne ya bonala. Kopano e e neng e tshwaretswe kwa Prague ka 1932 e ne ya ba kgothatsa fela thata gore ba dire, mme go ne go na le batho ba ba ka tshwarang 1 500 go tswa kwa Czechoslovakia le dinaga tse di fa gaufi. Mo godimo ga seno, boidiidi jwa batho bo ile jwa bona “Photo-Drama of Creation” e e neng e tsaya diura di le nne mme e ne ya bontshiwa batho mo dikarolong tsotlhe tsa naga eo. Mo lobakeng lwa dingwaga di le lesome fela, dibuka tse di fetang 2 700 000 tsa Bibela di ne di setse di neetswe batho ba dipuo tse di farologaneng ba naga eno. Go jala, go lema, le go nosetsa jaana ka tsela ya semoya go ile ga dira gore ba robe thobo e baboledi ba Bogosi ba le 1 198 ba neng ba nna le seabe mo go yone ka ngwaga wa 1935.
Yugoslavia (e pele e neng e bidiwa Bogosi jwa Ba-Serbia, Ba-Croatia, le Ba-Slovenia) e ne ya nna teng fa mmapa wa Yuropa o ne a thalwa sesha morago ga ntwa ya lefatshe ya ntlha. Bogologolo ka 1923, go ne ga begwa gore setlhopha sa Baithuti ba Bibela se ne sa neela bosupi kwa Belgrade. Morago “Photo-Drama of Creation” e ne ya bontshiwa boidiidi jwa batho go ralala naga eo. Fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bogisiwa botlhoko kwa Jeremane, palo ya ba ba kwa Yugoslavia e ne ya okediwa thata ke babulatsela ba Bajeremane. Ba ne ba sa tshwenyege kaga go batla go tshela monate, mme ba ne ba ya go rera kwa mafelong a kwa thoko a naga e e tletseng dithaba eo. Bangwe ba babulatsela bao ba ne ba ya kwa Bulgaria. Go ne ga dirwa maiteko a go rera mafoko a a molemo kwa Albania. Mo dinageng tseno tsotlhe, peo ya boammaaruri jwa Bogosi e ne ya jalwa. Dingwe tsa dipeo tseo di ne tsa ungwa. Mme lefa go ntse jalo go ile ga tsaya dingwaga pele go robiwa mo mafelong ano.
Go ya kgakala kwa borwa, kwa kontinenteng ya Afrika, mafoko a a molemo a ne a anamisiwa ke ba ba neng ba anaanela tshiamelo ya go nna basupi ba Mogodimodimo.
Lesedi la Semoya Le Phatsima kwa Afrika Bophirima
Morago ga dingwaga tse supa Moithuti mongwe wa Bibela go tswa kwa Barbados o ne a ya kwa Afrika Bophirima ka tiro, o ne a kwalela Mokgatlho wa Watch Tower kwa New York a ba itsise gore go na le batho ba bantsi ba ba kgatlhegelang Bibela. Dikgwedi di sekae morago ga foo, ka April 14, 1923, W. R. Brown yo o neng a direla kwa Trinidad, o ne a goroga le lelapa la gagwe kwa Freetown, kwa Sierra Leone, a laleditswe ke Mokaulengwe Rutherford.
Ka bofefo fela, go ne ga rulaganngwa gore Mokaulengwe Brown a neele puo kwa Wilberforce Memorial Hall. Ka April 19, go ne go na le bareetsi ba ba ka tshwarang 500, go akaretsa le bontsi jwa baruti ba Freetown. O ne a neela puo gape Sontaga se se latelang. O ne a bua ka kgang e C. T. Russell a neng a tle a e bue gangwe le gape—“Go Ya Diheleng le go Boa Teng. Go Na le Bomang mo go Tsone?” Mokaulengwe Brown o ne a tlhola a tsenya ditsopolo tsa Dikwalo mo dipuong tsa gagwe a di supa ka diselaete tse di dirisang lebone. Fa a ntse a bua o ne a tlhola a bolela jaana gangwe le gape: “Ga se Brown yo o rialong mme ke Bibela.” Ka ntlha ya seno, o ile a itsege jaaka “Bible Brown.” Mme ka go bo a ne a latelanya dintlha tsa Dikwalo sentle, maloko mangwe a a neng a na le maemo a a kwa godimo mo kerekeng a ne a e tlogela mme a direla Jehofa.
O ne a tsaya maeto a maleele go ya go simolola tiro ya Bogosi kwa mafelong a mangwe gape. O ne a dira seo, ka go neela dipuo tse dintsi tsa Bibela mme a anamisa dibuka tse dintsintsi, ebile o ne a kgothaletsa ba bangwe go dira ka tsela e e tshwanang. Tiro ya go rera e ne ya mo isa kwa Gold Coast (e jaanong e bidiwang Ghana), Liberia, Gambia, le Nigeria. Go tswa kwa Nigeria, ba bangwe ba ne ba isa molaetsa wa Bogosi kwa Benin (e ka nako eo e neng e bidiwa Dahomey) le kwa Cameroon. Mokaulengwe Brown o ne a itse gore batho ba ne ba sena sepe le se se neng se bidiwa “bodumedi jwa makgoa,” ka jalo fa a ne a le kwa Glover Memorial Hall kwa Lagos, o ne a bua ka go palelwa ga bodumedi jwa Labokeresete. Morago ga pokano bareetsi ba ba neng ba itumetse thata bao ba ne ba tsaya dibuka tse 3 900 go ya go di bala le go di abela ba bangwe.
Ka nako ya fa Mokaulengwe Brown a ne a ya la ntlha kwa Afrika Bophirima, go ne go na le batho ba sekae fela ba ba neng ba utlwile molaetsa wa Bogosi. Fa a boela teng gape, morago ga dingwaga tse 27 go ne go na le ba ba fetang 11 000 ba e neng e le Basupi ba ba tlhaga ba ga Jehofa mo kgaolong eo. Maaka a bodumedi a ne a senolwa; kobamelo ya boammaaruri e ne e tlhomilwe mme e ne e anama ka bofefo.
Go Iphaphatha le Lotshitshi lwa Botlhaba jwa Afrika
Kwa tshimologong fela ya lekgolo la bo 20 la dingwaga, dikgatiso dingwe tsa ga C. T. Russell di ne di anamisitswe kwa borwabotlhaba jwa Afrika ke batho ba ba neng ba dumela dikgopolo tse di mo dibukeng tseo mme ba ile ba di tswaka le matlhajana a bone. Seno se ne sa tsala makoko a mantsinyana a a bidiwang Watchtower a a neng a sa amane ka gope le Basupi ba ga Jehofa. Mangwe a one a ne a sekametse mo dipolotiking, a rotloetsa dikhuduego mo Baafrikeng. Ditiro tse di maswe tsa ditlhopha tseo di ne tsa kgoreletsa tiro ya Basupi ba ga Jehofa ka dingwaga tse dintsi.
Lefa go le jalo, Baafrika ba bantsi ba ne ba kgona go bona pharologano fa gare ga ba boammaaruri le ba maaka. Badiri ba tiro ya bone e neng e ba kgarakgatsha ba ne ba isa mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo kwa dinageng tse di gaufi mme ba a bolelela batho ba ba neng ba bua dipuo tsa Seafrika. Batho ba ba buang Seesemane ba ba neng ba nna kwa borwabotlhaba jwa Afrika ba ne ba utlwa molaetsa ka ba ba neng ba tswa kwa Afrika Borwa. Lefa go ntse jalo, mo dinageng tse dingwe, kganetso ya babusi, e e neng e tlhotlhelediwa ke baruti ba Labokeresete, e ne ya kgoreletsa Basupi ba Bayuropa go rerela batho ba ba buang dipuo tsa Afrika. Lefa go ntse jalo, boammaaruri bo ile jwa anama, le mororo bontsi jwa batho ba ba neng ba kgatlhegela molaetsa wa Bibela ba ne ba tlhoka thuso e e oketsegileng gore ba dirise se ba neng ba se ithuta.
Badiredi bangwe ba puso ba ba neng ba dira dilo ka tsela e e siameng ba ne ba sa dumele fela ditatofatso tse di bogale tse di neng di dirwa ke baruti ba Labokeresete kgatlhanong le Basupi. Seo se ne sa dirwa ke mookamedi wa mapodisi kwa Nyasaland (e jaanong e bidiwang Malawi) yo o neng a dira gore a se ka a lemogiwa mme a ya kwa dipokanong tsa Basupi tsa lefelo leo go ya go iponela ka namana gore ke batho ba mofuta mang. O ne a kgatlhega fela thata. Fa puso e ne e dumela gore go ka nna le moemedi wa Moyuropa yo o nnang kwa nageng eo, Bert McLuckie, mme moragonyana morwarraagwe ebong Bill ba ne ba romelwa koo mo bogareng jwa bo1930. Ba ne ba nna ba ikgolagantse le mapodisi le balaodi ba dikgaolo gore badiredi bano ba puso ba kgone go tlhaloganya ditiro tsa bone mme ba se ka ba tlhakanya Basupi ba ga Jehofa le ditlhopha tse di neng di ipitsa tsa Watchtower mme e se tsone. Mo godimo ga moo, ba ne ba dira ka bopelotelele, ba thusiwa ke Gresham Kwazizirah, Mosupi wa lefelo leo yo o neng a nonofile, go thusa makgolokgolo a ba ba neng ba batla go kopanela le diphuthego go lemoga gore boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, go sa dirisiwe sentle ga dino tse di tagang, le tumelabotlhodi ga di a tshwanela mo matshelong a Basupi ba ga Jehofa.—1 Bakor. 5:9-13; 2 Bakor. 7:1; Tshen. 22:15.
Ka 1930 go ne go na le Basupi ba ga Jehofa ba ba ka tshwarang lekgolo fela mo borwa jwa Afrika. Lefa go ntse jalo, ba ne ba na le kabelo e e neng e akaretsa naga ya Afrika e e kafa borwa jwa ikhweita le dinaga tse dingwe tse di neng di le kwa bokone jwa ikhweita. Go akaretsa naga e kgolo eo ka molaetsa wa Bogosi go ne go tlhokega babulatsela tota. Frank le Gray Smith e ne e le babulatsela ba mofuta oo.
Ba ne ba tsamaya ka sekepe dikilometara di le 4 800 ba lebile kwa botlhaba le kwa bokone go tswa kwa Cape Town mme go tsweng foo ba bo ba tswelela ka loeto lwa malatsi a le manè ba tsamaya mo ditseleng tse di mangope ka koloi go ya go fitlha kwa Nairobi, kwa Kenya (kwa British East Africa). Ba ile ba tsamaisa dibokose tsa dibuka tsa Bibela di le 40 mo lobakeng lo lo kafa tlase ga kgwedi. Mme, ka maswabi, Frank o ne a bolawa ke malaria fa ba boa. Le mororo go ne go diragetse seno, moragonyana, Robert Nisbet le David Norman ba ne ba tsaya loeto—mme ka nako eno ba ne ba tshwere dibokose di le 200 tsa dibuka—go ya go rera kwa Kenya le kwa Uganda, gape le kwa Tanganyika le Zanzibar (tse jaanong di dirang Tanzania), ba ya kwa bathong ba bantsi ka mo go ka kgonegang ka teng. Maeto a mangwe a a tshwanang le ao a ile a anamisetsa molaetsa wa Bogosi kwa ditlhaketlhakeng tsa Mauritius le Madagascar mo Lewatleng la India le kwa St. Helena mo Lewatleng la Atlantic. Dipeo tsa boammaaruri di ne tsa jalwa, mme di ne di sa mele le go gola gongwe le gongwe kwa di neng di jadilwe teng.
Go rerwa ga mafoko a a molemo go ne ga anama go tswa Afrika Borwa go ya kwa Basutoland (e jaanong e bidiwang Lesotho), Bechuanaland (e jaanong e bidiwang Botswana), le Swaziland, bogologolo ka 1925. Dingwaga tse di ka nnang robedi morago ga foo, fa babulatsela ba ne ba rera gape kwa Swaziland, Kgosi Sobhuza II o ile a ba amogela ka mokgwa wa segosi. O ne a bitsa badisa ba gagwe ba mophato wa masole a le lekgolo, a reetsa bosupi jo bo neng bo neelwa ka botlalo, go tswa foo a tsaya dikgatiso tsotlhe tsa Mokgatlho tse bakaulengwe ba neng ba di tshotse.
Palo ya Basupi ba ga Jehofa e ne ya oketsega mo karolong eno ya tshimo ya lefatshe. Ba bangwe ba ne ba dira le setlhophanyana se se neng se simolotse tiro mo Afrika kwa tshimologong ya lekgolo la bo 20 la dingwaga, mme ka 1935 go ne go na le ba le 1 407 mo kontinenteng ya Afrika ba ba neng ba bega ebile ba nna le seabe mo tirong ya go rera kaga Bogosi jwa Modimo. Palo e kgolo ya bano e ne e le mo Afrika Borwa le kwa Nigeria. Ditlhopha tse dingwe tse dikgolo tse di neng di ipitsa Basupi ba ga Jehofa di ne di le kwa Nyasaland (e jaanong e leng Malawi), Rhodesia Bokone (e jaanong e leng Zambia), Rhodesia Borwa (e jaanong e leng Zimbabwe).
Mo go lone lobaka lono, go ne go itebagantswe le dinaga tse di buang Se-Spain le Sepotokisi.
Go Lemiwa ga Masimo a Se-Spain le a Sepotokisi
Fa Ntwa ya Lefatshe I e santse e tsweletse Tora ya Tebelo e ne ya gatisiwa la ntlha ka Se-Spain. E ne e na le aterese ya ofisi nngwe kwa Los Angeles, kwa California, e e neng e tlhometswe go itebaganya le tshimo ya Sepanishe. Bakaulengwe ba ba neng ba tswa kwa ofising eo ba ne ba thusa ka namana ba ba neng ba kgatlhega kwa United States le kwa dinageng tse di kwa borwa.
Juan Muñiz, yo o neng a nna mongwe wa batlhanka ba ga Jehofa ka 1917, o ne a kgothalediwa ke Mokaulengwe Rutherford ka 1920 go tloga kwa United States mme a boele kwa Spain, kwa a tsholetsweng teng, gore a ye go rulaganya tiro ya go rera ka Bogosi teng. Lefa go le jalo, maungo a ne a se kalo, e seng ka go bo a ne a sa dire a se tlhaga, mme e ne e le ka go bo a ne a nna a setswe morago ke mapodisi; ka jalo e rile morago ga dingwaganyana di sekae, o ne a fudusediwa kwa Argentina.
Go ne go na le baobamedi ba ga Jehofa ba sekae ba ba neng ba setse ba rera kwa Brazil. Batsamaisi bangwe ba maemo a a kwa tlase ba dikepe ba le robedi ba ne ba ile ba ithuta boammaaruri fa ba ne ba le mo malatsing a boikhutso mo sekepeng sa bone kwa New York. Fa ba sena go boela kwa Brazil, ka 1920, ba ne ba bolelela ba bangwe molaetsa wa Bibela.
George Young, wa Mo-Canada, o ne a romelwa kwa Brazil ka 1923. Mme eleruri o ne a thusa go rotloetsa tiro koo. Ka dipuo tsa gagwe tse dintsi tse di neng di ranolwa, o ne a bontsha gore Bibela ya reng ka boemo jwa baswi, a senola fa tirisabadimo e le bodimona, mme a bo a tlhalosa boikaelelo jwa Modimo jwa go segofatsa malapa otlhe a a mo lefatsheng. Dithuto tsa gagwe di ne di tlhatswa pelo fela thata ka ntlha ya gore, ka dinako tse dingwe, o ne a supa ditemana tsa Bibela tse a neng a bua ka tsone mo lesireng gore bareetsi ba kgone go di bona ka puo ya bone. Bellona Ferguson, wa kwa São Paulo, kgabagare o ne a kgona go kolobediwa le bana ba gagwe ba banè fa a ne a le kwa Brazil. O ne a sale a emetse sebaka seno ka dingwaga di le 25. Mo go ba ba neng ba amogela boammaaruri go ne go na le bangwe ba ba neng ba ithaopela go thusa go ranolela dibuka mo Sepotokising. Ka bonakonyana fela go ne go setse go na le dibuka ka puo eo.
Fa a tswa kwa Brazil, Mokaulengwe Young o ne a ya kwa Argentina ka 1924 mme o ne a rulaganya gore go anamisiwe dikgatiso di le 300 000 tsa Se-Spain mahala mo ditoropong tse dikgolo tse 25. Mo go one ngwaga oo ene ka boene o ne a ya kwa Chile, Peru, le Bolivia go ya go anamisa dipampitshana teng.
Go ise go ye kae ke fa George Young a tsaya mosepele gape go ya kwa kabelong e ntšha. O ne a ya kwa Spain le kwa Portugal. Morago ga go itsisiwe moemedi wa Borithane, o ne a kgona go rulaganya gore Mokaulengwe Rutherford a bue le bareetsi ba kwa Barcelona le kwa Madrid le kwa moshateng wa Portugal. Morago ga dipuo tseno, batho ba ba ka tshwarang 2 350 ba ne ba kwadisa maina le diaterese ba kopa gore ba romelelwe tshedimosetso e e oketsegileng. Morago ga moo, puo eo e ne ya gatisiwa mo dipampiring tse dikgolo tsa dikgang tsa Spain, mme e ne ya kwalwa mo pampitshaneng ya bo e romelelwa batho mo nageng yotlhe. E ne ya gatisiwa le mo dipampiring tsa dikgang tsa Portugal.
Ka ditsela tseno molaetsa o ne wa fitlha ka kwa ga melelwane ya Spain le Portugal. Kwa bokhutlong jwa 1925, mafoko a a molemo a ne a setse a fitlhile le kwa Ditlhaketlhakeng tsa Cape Verde (e jaanong e bidiwang Repaboliki ya Cape Verde), Madeira, Portuguese East Africa (e jaanong e bidiwang Mozambique), Portuguese West Africa (e jaanong e bidiwang Angola), le ditlhaketlhake tsa Lewatle la India.
Mo ngwageng o o latelang go ne ga dirwa dithulaganyo tsa go gatisa maitlamo a a nonofileng a a reng “Bosupi go Babusi ba Lefatshe” mo pampiring ya Spain ya La Libertad. Kgaso ya radio le kanamiso ya dibuka, dibukana, le dipampitshana, le go bontshiwa ga “Photo-Drama of Creation,” di ile tsa thusa go nonotsha go neelwa ga bosupi. Ka 1932 babulatsela ba Baesemane ba le bantsi ba ne ba amogela taletso ya go ya go thusa mo tshimong eno, mme ba ne ba akaretsa karolo e kgolo ya lefatshe leo ka dibuka tsa Bibela go fitlha Ntwa ya Semorafe ya Spain e ba pateletsa go tsamaya.
Mo nakong yone eo, Mokaulengwe Muñiz o ne a simolola go rera ka bofefo fela fa a sena go goroga kwa Argentina, mme o ne a baakanya ditshupanako go itshedisa. Mo godimo ga tiro ya gagwe ya kwa Argentina, o ne a thusa gape le kwa Chile, Paraguay le Uruguay. Bakaulengwe bangwe ba ba kopilweng ke ene ba ne ba tswa kwa Yuropa go tla go rerela batho ba ba buang Sejeremane. Dingwaga tse dintsi morago ga foo Carlos Ott o ne a bolela gore ba ne ba simolola go dira ka 4:00 a.m. ka go tsenya dipampitshana kafa tlase ga lebati lengwe le lengwe mo tshimong. Mme morago mo letsatsing, ba ne ba tla go neela bosupi le go tsamaisa dibuka tsa Bibela tse di oketsegileng mo go beng ba matlo ba ba neng ba kgatlhega. Ba ba neng ba na le seabe mo bodiheding jwa nako e e tletseng, kwa Buenos Aires, ba ne ba anamela kwa dintlheng tsotlhe tsa naga eo, ba simolola ba tsamaya le seporo se se neng se namile jaaka menwana ya seatla dikilometara tse di makgolokgolo go tswa kwa moshateng mme go tswa foo ba ne ba dirisa mofuta ope fela wa dipalangwa o ba neng ba ka o bona. Ba ne ba sa itsholela go le kalo mme ebile ba ne ba itshokela mathata a mantsi, mme lefa go le jalo ba ne ba humile semoyeng.
Mongwe wa badiri ba ba neng ba tlhagafetse kwa Argentina e ne e le Mogerika mongwe a bidiwa Nicolás Argyrós. Fa 1930 e simologa o ne a bona dibuka tse di gatisitsweng ke Mokgatlho wa Watch Tower mme o ne a kgatlhiwa fela thata ke bukana e e nang le setlhogo se se reng Hell, e e nang le ditlhogwana tse di botsang di re, “Ke Eng? Go Na le Bomang mo go Tsone? A Ba Ka Kgona go Tswa Koo?” O ne a gakgamadiwa ke go lemoga fa bukana eno e sa tshwantsha baleofi ba gadikiwa mo molelong. Abo a ile a gakgamala jang ne fa a lemoga gore dihele ke maaka a bodumedi a a neng a diretswe go tshosa batho fela jaaka le ene a ne a mo tshositse! E ne ya re gone fela foo a simolola go bolelela ba bangwe ka boammaaruri—sa ntlha, Bagerika; mme go tswa foo o ne a bolelela le ba bangwe, fa puo ya gagwe ya Sepanishe e ntse e tokafala. O ne a dirisa diura di le 200 go ya go di le 300 a bolelela ba bangwe mafoko a a molemo kgwedi le kgwedi. O ne a tsamaya ka dinao kgotsa a dirisa mofuta ope fela o o neng o le teng wa dipalangwa, o ne a anamisa boammaaruri jwa Bibela mo dikgaolong tse 14 tsa tse 22 tsa Argentina. Fa a ne a ntse a tsamaya mo mafelong a a farologaneng, o ne a robala mo malaong fa a ne a a neelwa ke batho ba ba ratang go amogela baeng, mme gantsi o ne a robala mo lebaleng, le eleng mo lesakeng a tsosiwa ke go lela ga ditonki mo mosong!
Mongwe gape yo o neng a na le moya wa bobulatsela tota e ne e le Richard Traub, yo o neng a ithutile boammaaruri kwa Buenos Aires. O ne a tlhoafaletse go bolelela batho ba ba neng ba le mo Andes, kwa Chile mafoko a a molemo. Ka 1930, dingwaga tse tlhano a sena go kolobediwa, o ne a goroga kwa Chile—e le ene Mosupi fela mo nageng eo ya batho ba ba 4 000 000. Fa a simolola o ne a dirisa Bibela fela a sena sepe gape, mme o ne a simolola go tsamaya ka ntlo le ntlo. Go ne go sena dipokano tsa phuthego tse a neng a ka di ya, ka jalo ka boSontaga, ka nako e e tlwaelegileng ya dipokano, o ne a ya go pagama Thaba ya San Cristóbal, a bo a nna mo moriting wa setlhare, a bo a ithuta ka tlhoafalo ka namana a bo a rapela. Fa a sena go hira ntlo, o ne a simolola go laletsa batho go tla dipokanong teng. Motho yo mongwe gape yo o neng a nna teng mo pokanong ya ntlha e ne e le Juan Flores, yo o ileng a botsa jaana: “Jaanong ba bangwe bone, ba tla tla leng?” Mokaulengwe Traub o ne a mo araba fela jaana: “Ba tla tla.” Eleruri ba ne ba tla. Mo lobakeng lo lo kafa tlase ga ngwaga fela, ba le 13 ba ne ba kolobediwa go nna batlhanka ba ga Jehofa.
Dingwaga tse nne morago ga moo, Basupi ba babedi ba ba neng ba ise ba ko ba tsamaye ba kopane gope ba ne ba tsamaya mmogo go ya go rera mafoko a a molemo kwa Colombia. Morago ga go bona matswela a go dira ka ngwaga fela, Hilma Sjoberg o ne a tshwanelwa ke go boela kwa United States. Mme Kathe Palm o ne a pagama sekepe se se yang Chile, mme o ne a dirisa malatsi a le 17 a a neng a le mo lewatleng ka one go rerela batsamaisi ba sone le bapagami. Mo dingwageng tse di lesome tse di latelang, o ne a dira go tswa mo boemakepeng jo bo kwa bokone jwa Chile, jwa Arica, go ya mo go jo bo kwa borwa kwa Tierra del Fuego. O ne a tsamaya le matlo a kgwebo a rerela badiredi ba puso. A kgwageditse kgetsi e a neng a tsenya dibuka mo go yone mo magetleng, mme a akga dilo tse a di tlhokang tsa go robala tse di jaaka dikobo, o ne a fitlha kwa dikampeng tse di kgakalakgakala tsa meepo le dipolase tsa dinku. O ne a tshela botshelo jwa mmulatsela tota. Mme go ne go na le ba bangwe ba le bone ba neng ba na le moya o o tshwanang le oo—bangwe ba sa nyala, bangwe ba nyetse, bannye le bagolo.
Erile ka 1932, go ne ga dirwa maiteko a a kgethegileng go anamisetsa molaetsa wa Bogosi kwa dinageng tsa Latin America koo go neng go sa rerwa thata teng. Bukana e go tweng The Kingdom, the Hope of the World e ne ya anamisiwa fela thata ka ngwaga oo. Bukana eno e ne e na le puo e e neng e setse e gaseditswe meraferafe ka radio. Jaanong go ne ga anamisiwa dikopi tse di gatisitsweng tsa puo eo di le 40 000 kwa Chile, tse 25 000 kwa Bolivia, 25 000 kwa Peru, tse 15 000 kwa Ecuador, tse 20 000 kwa Colombia, tse 10 000 kwa Santo Domingo (e jaanong e bidiwang Dominican Republic), mme tse dingwe tse 10 000 kwa Puerto Rico. Eleruri, molaetsa wa Bogosi o ne o itsisiwe, mme ebile ka tsela e e nonofileng tota.
Ka 1935 go ne go na le ba le 247 fela kwa Amerika Borwa ba ba neng ba dira mmogo go itsise fa Bogosi jwa Modimo e le jone fela jo bo tla leretseng batho boitumelo jwa mmatota. Mme abo ba ile ba neela bosupi jo bogolo jang ne!
Go Ya kwa Bathong Ba Ba kwa Mafelong A A Kgakala
Basupi ba ga Jehofa ba ne ba sa tseye gore ba dirile boikarabelo jwa bone mo Modimong fa ba ne ba reretse batho ba sekae fela ba ba nnang gaufi le bone. Ba ne ba leka go bolelela mongwe le mongwe mafoko a a molemo.
Batho ba ba neng ba nna kwa mafelong a Basupi ba neng ba sa kgone go fitlha kwa go one ka nako eo ba ne ba fitlhelelwa ka ditsela tse dingwe. Ke gone ka moo, erileng kwa bofelong jwa bo1920, Basupi ba kwa Cape Town, kwa Afrika Borwa, ba neng ba romelela balemi, batho ba ba dirang mo matlong a a kaelang dikepe, bajadi ba dikgwa, le ba bangwe ba ba neng ba nna kwa mafelong a a kwa thoko dibukana di le 50 000. Ba ne ba kgona go bona bukana e e nang le diaterese tsa poso tsa batho botlhe ba ba neng ba nna kwa Afrika Borwa-Bophirima (e jaanong e bidiwang Namibia), mme kopi ya bukana ya The Peoples Friend e ne ya romelelwa mongwe le mongwe yo leina la gagwe le neng le le mo bukeng eo.
Erile ka 1929, F. J. Franske o ne a fiwa maikarabelo a go okamela seketswana se se bidiwang Morton sa Mokgatlho wa Watch Tower mme o ne a laelwa gore ene le Jimmy James ba ye kwa bathong ba ba kwa Labrador le mo maemakepeng otlhe a Newfoundland. Fa go le mariga Mokaulengwe Franske o ne a tlhola a tsamaya le lotshitshi ka selei se se gogwang ke dintša. Baesekimo le batho ba bangwe ba Newfoundland ba ne ba duelela dibuka tsa Bibela tse a di ba fileng ka dilo tse di tshwanang le dilwana tse di dirilweng ka letlalo le ditlhapi. Dingwaga di sekae moragonyana, o ne a tsaya matsapa a go etela batho ba ba dirang mo meepong, ba ba remang ditlhare, ba ba thayang, badiredi ba dipolase, le Baindia ba naga ya Cariboo ya British Columbia. Fa a ntse a tsamaya jalo, o ne a tsoma gore a bone nama, mme a fula le maungo a naga, mme o ne a besa senkgwe mo paneng mo molelong o o goditsweng kwa ntle. Ka nako nngwe, ene le mopati wa gagwe ba ne ba dirisa seketswana se se dirisediwang go tsoma tlhapi e go tweng salmon go isa molaetsa wa Bogosi kwa ditlhaketlhakeng tsotlhe, mo teng ga naga, mo dikampeng tsa baremi ba ditlhare, matlo a a kaelang dikepe, le mo bothibelelong jo bo kwa bophirima jwa lotshitshi lwa Canada. E ne e le mongwe wa ba bantsi ba ba neng ba dira maiteko a a kgethegileng a go ya kwa bathong ba ba neng ba nna mo mafelong a a kwa kgakala a lefatshe.
Go simolola fa bo1920 ba fela, Frank Day o ne a dira a lebile kwa ntlheng ya bokone a raletse metse ya Alaska, a rera, a tsamaisa dibuka, le go rekisa digalase tsa matlho gore a kgone go bona tse a di tlhokang. Le mororo a ne a dirisa leoto la maitirelo, o ne a dira go tswa kwa Ketchikan go ya kwa Nome, sekgala sa dikilometara di ka nna 1 900. Bogologolo ka 1897, modiri mongwe wa meepo, o ne a bona dikopi tsa Millennial Dawn le Tora ya Tebelo (ka Seesemane) fa a ne a santse a le kwa California mme o ne a tsamaya ka tsone kwa Alaska. Mme ka 1910, Captain Beams, yo e neng e le mookamedi wa sekepe se se rwalang maruarua, o ne a ile a naya bangwe dibuka kwa maemakepeng a a farologaneng a a neng a folosa kana a pega dilwana kwa go one kwa Alaska. Mme lefa go ntse jalo tiro ya go rera e ne ya atologa jaaka fa Mokaulengwe Day a ne a simolola maeto a gagwe a setlha sa selemo go ya kwa Alaska gangwe le gape mo dingwageng tse di fetang 12.
Basupi ba bangwe ba babedi, ba ba neng ba dirisa sekepe se se tsamayang ka enjene sa boleele jwa dimetara di le 12 se se bidiwang Esther, ba ne ba tsamaya ba iphaphathile le lotshitshi lwa Norway go ya go fitlha kwa Arctic. Ba ne ba neela bosupi mo ditlhaketlhakeng, mo matlong a a kaelang dikepe, mo metseng e e mo lotshitshing lwa lewatle, le mo mafelong a mangwe a a kwa thoko kwa dithabeng. Bontsi jwa batho bo ne jwa ba amogela, mme morago ga ngwaga fela, ba ne ba kgona go tsamaisa dibuka le dibukana di le 10 000 go ya go tse 15 000 tse di tlhalosang ka se Modimo o ikaeletseng go se direla batho.
Ditlhaketlhake Di Utlwa Dipako tsa ga Jehofa
Go ne go sa neelwe bosupi fela mo ditlhaketlhakeng tse di fa gaufi le lotshitshi lwa naga. Kwa tshimologong ya bo1930, Sydney Shepherd o ne a tsaya dingwaga tse pedi a tsamaya ka mokoro a rera mo gare ga mpa ya Pacific kwa Setlhaketlhakeng sa Cook le sa Tahiti. Go ya kgakala kwa bophirima, George Winton o ne a etela New Hebrides (e jaanong e bidiwang Vanuatu) go bolela mafoko a a molemo.
Mo e ka nnang ka nako yone eo, Joseph Dos Santos, Mopotokise wa kwa Amerika le ene o ne a tsamaya go ya go rera mo tshimong e e iseng e ko e kgongwe. O ne a simolola pele ka go rera kwa ditlhaketlhakeng tse di kwa thoko tsa Hawaii; go tswa foo o ne a tsaya loeto lwa go dikologa lefatshe a rera. Lefa go le jalo, fa a goroga kwa Philippines, o ne a amogela lokwalo lo lo tswang kwa go Mokaulengwe Rutherford a mo kopa gore a nne koo gore a rulaganye tiro ya go rera ka Bogosi. O ne a dira jalo ka dingwaga di le 15.
Ka nako eno lekala la Mokgatlho kwa Australia le ne le itebagantse le tiro kwa Borwa jwa Pacific le mo tikologong ya yone. Babulatsela ba babedi ba ba neng ba romelwa go tswa kwa Australia ba ne ba neela bosupi jo bo nonofileng kwa Fiji ka 1930-31. Samoa e ne ya rerelwa ka 1931. Ba ne ba goroga kwa New Caledonia ka 1932. Banyalani bangwe ba babulatsela go tswa kwa Australia ba ne ba ya go dira kwa China ka 1933 mme ba ne ba rera mo ditoropong di le 13 tse dikgolo tsa koo mo dingwageng di sekae tse di neng tsa latela.
Bakaulengwe ba kwa Australia ba ne ba lemoga gore ba ne ba ka kgona go dira tiro e ntsi fa ba ne ba na le sekepe. Moragonyana ba ne ba bona mokoro wa boleele jwa dimetara di le 16 o ba neng ba o bitsa Lightbearer mme setlhopha sa bakaulengwe ba ba tlhaga se ne sa o dirisa ka dingwaga tse dintsi go tloga ka 1935 fa se ntse se rera kwa Netherlands East Indies (e jaanong e leng Indonesia), Singapore le Malaya. Sekepe seno se ne se oka batho fela thata fa se goroga, mme seno gantsi se ne se dira gore bakaulengwe ba kgone go rera thata ba bo ba tsamaise dibuka tse dintsi thata.
Mo go lone lobaka loo, bokgaitsadi bangwe ba babedi ba babulatsela go tswa kwa Denmark ba ne ba swetsa ka gore ba etele kwa Ditlhaketlhakeng tsa Faeroe tse di kwa Bokone jwa Lewatle la Atlantic ka 1935. Boikaelelo jwa bone e ne e se go ya go bona naga fela. Ba ne ba ya koo ba tshotse dibuka di le diketekete, mme ba ne ba di dirisa sentle. Ba lebane le phefo le pula le bogale jwa baruti, ba ne ba tsamaya mo ditlhaketlhakeng tsotlhe tse go neng go nniwa mo go tsone kafa ba ka kgonang ka teng fa ba santse ba le koo.
Go ela kgakala kwa bophirima, Georg Lindal, Mo-Iceland wa kwa Canada, o ne a tsaya kabelo e e neng ya tsaya lobaka lo loleele. O ne a fudugela kwa Iceland go ya go bula tsela teng ka 1929 go ya fela kafa Mokaulengwe Rutherford a neng a akantshitse ka teng. Abo a ile a bontsha boitshoko jang ne! Mo dingwageng tse di latelang tse 18, o ne a dira koo a le esi fela. O ne a etela ditoropo le metse gangwe le gape. Dibuka di le dikete tse di masomesome di ile tsa tsamaisiwa, mme lefa go ntse jalo ka nako eo ga go ope wa batho ba kwa Iceland yo a neng a mo thusa mo go direleng Jehofa. Kwantle ga ngwaga o le mongwe fela o a neng a na le bangwe, go ne go sena Basupi bape ba a neng a ka kopanela le bone kwa Iceland go fitlha ka 1947, fa go ne go tla barongwa ba ba neng ba katisitswe kwa Gileade.
Fa Batho Ba Thibela Se Modimo O Se Laetseng
Go ne go tlwaelegile gore Basupi ba ganediwe thata fa ba le mo bodiheding jwa bone jwa phatlalatsa segolobogolo go tloga ka bo1920 go fitlha ka bo1940, mme gantsi seo se ne se tlhotlhelediwa ke baruti ba lefelo leo mme ka nako nngwe e le badiredi ba puso.
Kwa motseng mongwe kwa bokone jwa Vienna, kwa Austria, Basupi ba ne ba kopana le boidiidi jwa baagi ba motse oo ba ba galefileng ba ba neng ba tlhotlheleditswe ke moruti mongwe wa lefelo leo, yo o neng a engwe nokeng ke mapodisi. Baruti ba ne ba ititeile sehuba gore Basupi ba ga Jehofa ga ba kitla ba rera ka gope mo metseng ya bone. Mme lefa go ntse jalo ereka Basupi ba ne ba ititeile sehuba gore ba tla dira tiro e ba e neetsweng ke Modimo eo, ba ne ba boela kwa morago mme ba tla gape ka letsatsi le lengwe, ba tsena motse go tswa mo dithokong.
Le mororo ba ne ba tshosiwa le go gatelelwa ke batho, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba lemoga gore Modimo o ba file boikarabelo jwa go itsise ka Bogosi jwa gagwe. Ba ne ba itlhophela go utlwa Modimo jaaka mmusi go na le batho. (Dit. 5:29) Koo badiredi ba puso ba lefelo leo ba neng ba gana go letla Basupi ba ga Jehofa go obamela ka kgololesego, Basupi ba ne ba bitsa ba bangwe go tla go dira le bone.
Morago ga go tshwarwa gantsintsi mo karolong nngwe ya Bavaria, kwa Jeremane, ka 1929, ba ne ba hira diterena tse di kgethegileng di le pedi—e nngwe e ne e tshwanetse go simolola kwa Berlin mme e nngwe kwa Dresden. Di ne tsa kopanela kwa Reichenbach, mme erile ka 2:00 a.m. nngwe ya diterena tseno e ile ya tsena kwa Regensburg e na le bapalami ba le 1 200 ba ba neng ba iketleeditse go nna le seabe mo go neeleng bosupi. Mosepele o ne o lopa madi a mantsi, mme mongwe le mongwe o ne a itueletse. Mo seteishaneng sengwe le sengwe sa terena, bangwe ba ne ba fologa. Palo e e rileng ya bone e ne e itletse ka dibaesekele gore e kgone go ya kwa mafelong a a kwa thoko a naga eo. Kgaolo eo yotlhe e ne ya dirwa ka letsatsi le le lengwe fela. Ka go bona maungo a tiro ya bone e ba e kopanetseng, ba ile ba gakologelwa mafoko ano a Modimo o solofeditseng batlhanka ba gagwe ka one a a reng: “Ga go na sebolaō sepè se se thudilweñ kaga gago se se tla segōhalañ.”—Isa. 54:17.
Basupi ba kwa Jeremane ba ne ba le tlhaga tota mo eleng gore go fopholediwa gore ba ile ba anamisa dibuka, dibukana, le dimakasine tsa palo e e seng kwa tlase ga di le 125 000 000, mmogo le dimilione tsa dipampitshana fa gare ga 1919 le 1933. Lefa go ntse jalo, go ne go na le malapa a ka nna 15 000 000 fela kwa Jeremane ka nako eo. Ka nako eo Jeremane e ne ya rerelwa fela jaaka dinaga dipe tse dingwe mo lefatsheng. Mo karolong eo ya lefatshe go ne ga fitlhelwa palo e ntsi thata go gaisa tsotlhe ya batho ba ba neng ba ipolela fa e le balatedi ba ba tloditsweng ba ga Keresete. Mme mo dingwageng tse di latelang, bothokgami jwa bone bo ne jwa lekwa fela thata.—Tshen. 14:12.
Ka ngwaga wa 1933, puso e ne ya ganetsa tiro ya Basupi ba ga Jehofa fela thata kwa Jeremane. Magae a Basupi le ofisi ya lekala di ne di phuruphutshiwa gangwe le gape ke Ma-Gestapo. Tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ne ya thibelwa mo dikarolong tse dintsi tsa dikgaolo tsa Jeremane, mme bontsi jwa bone bo ne jwa tshwarwa. Bontsintsi jwa Dibibela le dibuka tsa bone tsa Bibela di ne tsa tshubiwa go bona mang le mang. Ka April 1, 1935, go ne ga tlhongwa molao wa bosetšhaba o o neng o thibela Ernste Bibelforscher (Baithuti Ba Ba Tlhoafetseng ba Bibela, kgotsa Basupi ba ga Jehofa), mme go ne ga dirwa maiteko a a rulagantsweng sentle a go ba kgoreletsa gore ba se ka ba bona le se ba tshelang ka sone tota. Fa go nna jalo, Basupi ba ne ba dira gore dipokano tsa bone di tsenwe ke ditlhopha tse dipotlana, mme ba rulaganyetsa go gatisa dibuka tsa bone tsa Bibela tse ba ithutang ka tsone ka tsela e e leng gore Ma-Gestapo a ne a se kitla a kgona go di lemoga motlhofo, mme ba dirisa mekgwa e mengwe ya go rera e e neng e sa iponatse thata.
Le eleng pele ga seno, fa esale ka 1925, bakaulengwe kwa Italy ba ntse ba tshela kafa tlase ga kgatelelo ya Bokgokgontshi mme erile ka 1929, Kereke ya Katoliki e ne ya saenela tumalano le Fascist State. Bakeresete ba boammaaruri ba ne ba tsongwa ka bopeloethata. Bangwe ba ne ba kopanela mo difaleng le mo masakeng a diphologolo go tila gore ba se ka ba tshwarwa. Ka nako eo palo ya Basupi ba ga Jehofa e ne e le nnye thata kwa Italy; lefa go ntse jalo, maiteko a bone a go anamisa molaetsa wa Bogosi a ne a nonotshiwa ka 1932 fa Basupi ba le 20 ba ba tswang Switzerland ba ne ba kgabaganyetsa kwa Italy ba bo ba anamisa dikopi tsa bukana e go tweng The Kingdom, the Hope of the World di le 300 000 ka ponyo ya leitlho.
Kwa Botlhaba jo bo Kgakala le gone, kgatelelo e ne e ntse e gola. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tshwarwa kwa Japane. Dibuka tsa bone tse dintsi tsa Bibela di ne tsa tsewa le go senngwa kwa Seoul (e jaanong e bidiwang Repaboliki ya Korea) le Pyongyang (e jaanong e bidiwang Democratic People’s Republic of Korea).
Ka 1935 fa gare ga kgatelelo eno, e e neng e golela pele, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tlhaloganya ka botlalo go tswa mo Bibeleng gore “bontsintsi jo bogolo,” kana “boidiidi yo bogolo,” jwa Tshenolō 7:9-17 (KJ, NW) ke bomang. Go tlhaloganya seno go ile ga ba thusa gore ba lemoge tiro e ba neng ba sa e solofela ebile e le e e potlakileng. (Isa. 55:5) Ba ne ba sa tlhole ba dumela gore botlhe ba e neng e se ba “lecomanyane” la baruaboswa ba Bogosi jwa legodimo ba ne ba santse ba tla nna le sebaka sa go baakanya matshelo a bone gore a dumalane le se Jehofa a se batlang mo isagweng. (Luke 12:32) Ba ne ba lemoga gore nako e gorogile ya gore ba dire batho bao barutwa gore ba tle ba kgone go falolela mo lefatsheng le lesha la Modimo. Ba ne ba sa itse gore go ne go tla tsaya lobaka lo lo kana kang go kokoanngwa boidiidi jono jo bogolo go tswa mo merafeng yotlhe, lefa gone ba ne ba lemoga gore tsamaiso eno e e bosula e ne e se kgakala le go fela. Gore totatota tiro eno e ne e tla kgonwa jang fa go lebilwe pogiso e e neng e anama ebile e nnela maswe kwa pele, le gone ba ne ba sa go tlhomamise. Lefa go le jalo ba ne ba tlhomamisa seno—gonne ‘letsogo la ga Jehofa le se lekhutshwane,’ o ne a tla ba bulela tsela ya go dira thato ya gagwe.—Isa. 59:1.
Ka ngwaga wa 1935, palo ya Basupi ba ga Jehofa e ne e le nnye fela thata—ba ne ba ka tshwara 56 153 lefatshe lotlhe.
Ba ne ba rera mo dinageng di le 115 mo ngwageng oo; mme mo halofong ya dinaga tseo, go ne go na le Basupi ba ba kafa tlase ga lesome. Go ne go na le dinaga di le pedi fela tse di neng di na le Basupi ba ga Jehofa ba le 10 000 kana go feta (United States, ka ba le 23 808; Jeremane, ba go fopholediwang gore ba ne ba le 10 000 go tswa mo go ba le 19 268 ba ba neng ba kgona go bega dingwaga tse pedi pele ga foo). Dinaga tse dingwe tse supa (Australia, Borithane, Canada, Czechoslovakia, Fora, Poland, le Romania) nngwe le nngwe ya tsone e ne ya bega Basupi ba ba fetang 1 000 mme ba sa fete 6 000. Pego ya tiro mo dinageng tse dingwe tse 21 e supa palo ya Basupi e e fa gare ga 100 le 1 000 mo go nngwe le nngwe ya tsone. Mme lefa go ntse jalo, mo ngwageng oo o le mongwe fela, setlhopha seno se se tlhoafetseng sa Basupi lefatshe ka bophara se ne sa dirisa diura di le 8 161 424 go itsise fa Bogosi jwa Modimo e le jone fela jo batho ba ka bo ikanyang.
Mo godimo ga dinaga tse ba neng ba dira kwa go tsone ka 1935, ba ne ba setse ba anamiseditse mafoko a a molemo kwa mafelong a mangwe gape, mme dinaga le ditlhaketlhake tse 149 di ne di setse di boleletswe molaetsa wa Bogosi.
[Mafoko a a mo go tsebe 424]
Ba ne ba bona ditshono tsa go rera lefa ba ne ba latlhetswe mo kgolegelong
[Mafoko a a mo go tsebe 425]
Ba ne ba iketleeditse ebile ba eletsa thata go tswelela ka tiro!
[Mafoko a a mo go tsebe 441]
Ba ne ba lebane le phefo, pula, le bogale jwa baruti
[Mafoko a a mo go tsebe 442]
Go ne ga neelwa bosupi fela thata kwa Jeremane pele “Ernste Bibelforscher” ba thibelwa koo
[Mmapa/Setshwantsho mo go tsebe 423]
Ka nako ya fa lefatshe le ne le le mo ntweng, R. R. Hollister le Fanny Mackenzie ba ne ba bolelela batho ba China, Japane, le Korea, molaetsa wa kagiso
[Mmapa]
(For fully formatted text, see publication)
KOREA
JAPAN
CHINA
PACIFIC OCEAN
[Mmapa mo go tsebe 428]
(For fully formatted text, see publication)
Ka nako ya fa bafaladi ba ba tswang kwa dinageng tse di supilweng mo mmapeng ono ba sena go ithuta ka boikaelelo jwa Modimo jwa go segofatsa batho, ba ne ba ikutlwa ba patelesega go tsaya molaetsa ono go o isa kwa dinagagaeng tsa bone
KWA AMERIKA
↓ ↓
AUSTRIA
BULGARIA
CYPRUS
CZECHOSLOVAKIA
DENMARK
FINLAND
GERMANY
GREECE
HUNGARY
ITALY
NETHERLANDS
NORWAY
POLAND
PORTUGAL
ROMANIA
SPAIN
SWEDEN
SWITZERLAND
TURKEY
YUGOSLAVIA
[Mmapa mo go tsebe 432]
(For fully formatted text, see publication)
Ka bo1920 le bo1930, bareri ba mafoko a a molemo ba ne ba tswa kwa Jeremane ba ya kwa dinageng tse dingwe go ya go neela bosupi teng
GERMANY
↓ ↓
SOUTH AMERICA
NORTH AFRICA
ASIA
[Mmapa/Setshwantsho mo go tsebe 435]
Babulatsela ba ba tlhaga ba ba etsang Frank Smith le monnawe ebong Gray (ba ba mo setshwantshong se se kwa godimo) ba ne ba anamisa mafoko a a molemo mo lotshitshing lo lo kafa botlhaba lwa Afrika
[Mmapa]
(For fully formatted text, see publication)
UGANDA
KENYA
TANZANIA
SOUTH AFRICA
[Mmapa/Setshwantsho mo go tsebe 439]
Batho ba kwa Afrika Borwabophirima (e jaanong e bidiwang Namibia) ba ne ba amogela dibukana tseno ka poso ka 1928
[Mmapa]
(For fully formatted text, see publication)
NAMBIA
[Mmapa/Ditshwantsho mo go tsebe 440]
Babulatsela ba ba tlhaga ba ne ba tsamaya ka “Lightbearer,” ba anamisa molaetsa wa Bogosi kwa Borwabotlhaba jwa Asia
[Mmapa]
(For fully formatted text, see publication)
MALAYA
BORNEO
CELEBES
SUMATRA
JAVA
TIMOR
NEW GUINEA
AUSTRALIA
PACIFIC OCEAN
[Ditshwantsho mo go tsebe 426]
Mo dinageng tse dintsi polelo e e reng “Dimilione Tse Di Tshelang Jaanong Ga Di Kitla Di Swa” e ne ya reediwa ke batho ba bantsi
[Ditshwantsho mo go tsebe 427]
Edwin Scott, o ne a anamisa dikopi di le 50 000 tsa “Go Gwetlha Baeteledipele ba Lefatshe” ka namana mo Afrika Borwa
[Setshwantsho mo go tsebe 429]
Willy Unglaube o ne a araba pitso e e neng e batla bareri ba efangele, mme a ya go direla kwa Yuropa, Afrika, le dinaga tsa Botlhaba
[Ditshwantsho mo go tsebe 430]
Ka 1992, Eric Cooke le monnawe ebong John (yo o ntseng mo setulong) mongwe le mongwe wa bone o ne a na le dingwaga tse di fetang 60 a le mo tirelong ya nako e e tletseng, ba itumelela go bo ba na le maitemogelo a a kgatlhang a kwa Yuropa le Afrika
[Setshwantsho mo go tsebe 431]
Fa a ne a ya kwa India ka 1926, Edwin Skinner o ne a na le kabelo e e neng e akaretsa dinaga di le tlhano o ne a tswelela pele a ntse a rera koo ka boikanyegi ka dingwaga di le 64
[Setshwantsho mo go tsebe 433]
Alfred le Frieda Tuček, babulatsela ba ntlha kwa Yugoslavia, ba tshotse dilo tse ba di tlhokang mo botshelong le dibuka tsa go neela bosupi
[Ditshwantsho mo go tsebe 434]
Go ralala Afrika Bophirima, “Bible Brown” o ne a dira ka natla go senola kobamelo ya maaka
[Setshwantsho mo go tsebe 436]
George Young o ne a nna le seabe mo go itsiseng Bogosi jwa Modimo kwa Amerika Borwa, Spain, le Portugal
[Setshwantsho mo go tsebe 437]
Juan Muñiz (kafa molemeng), yo o neng a ntse a rera kwa Amerika Borwa go tloga ka 1924, o ne a le teng go amogela N. H. Knorr fa a ne a etetse kwa Argentina la ntlha dingwaga tse 20 morago ga foo
[Setshwantsho mo go tsebe 438]
Nicolás Argyrós o ne a anamisa molaetsa wa boammaaruri o o gololang wa Bibela mo diperofensing di le 14 tsa Argentina
[Ditshwantsho mo go tsebe 439]
F. J. Franske, o ne a tsamaya ka dikoloi le ka mekoro a batla go isa boammaaruri jwa Bibela kwa mafelong a a kwa kgakala