Rulaganya Dilo Go sa Le Gale!
1 Phuthego ya ga Jehofa e re neela thulaganyo ya ka metlha ya ditiro tsa puso ya Modimo tse di diretsweng go re tlamela ka dilo tse re di tlhokang semoyeng. Kanaanelo e re tlhotlheletsa gore sengwe le sengwe se se rulagantsweng re se tseye tsia, se se jaaka maeto a molebedi yo o etang, dikopano tse dinnye le tse dikgolo le ditiro tse dingwe tse di kgethegileng tse di rulagantsweng mo lefelong la rona. (Math. 5:3) Le fa go ntse jalo, bangwe ba latlhegelwa ke bontsi jwa dilo tseno tse di rulagantsweng ka ntlha ya dithulaganyo dingwe tse ba setseng ba di dirile. Ke eng se se ka dirwang go thibela seno? Re ka dira jang gore ditiro tse e seng tsa puso ya Modimo di se ke tsa kgoreletsa “dilo tse di botlhokwa segolo”?—Bafil. 1:10.
2 Go Tlhokega go Rulaganya Dilo ka Botlhale: Diane 21:5 e tlhagisa jaana: “Dikgopolo tsa batlhoafadi di ganelela kwa letlotlong fela, mme mongwe le mongwe yo o potlakang o potlakela go ya kwa go tlhokeng fela.” Go bona ‘letlotlo’ la semoya, re tlhoka go rulaganya ka kelotlhoko go sa le gale, re ntse re gakologelwa ditiro tsa puso ya Modimo tse di setseng di rulagantswe. Re tshwanetse go rulaganyetsa ditiro tsa rona tsa namana nako e di se kitlang di re kgoreletsa go nna teng go ungwa masego a semoya. Fa re itlhaganelela go dira dithulaganyo tsa go dira dilo tse rona ka borona re di batlang, re sa akanyetse ditiragalo tse di tla latelang tsa puso ya Modimo, go ka direga gore re tla ‘tlhoka’ mo semoyeng.
3 O se Ka wa Latlhegelwa! Rotlhe re dira dithulaganyo tsa mo isagweng, tse di akaretsang go ya malatsing a boikhutso, go tsaya maeto a kgwebo, go etela ba losika le tse dingwe jalo. Pele o itlama kana o konatelela dithulaganyo tsa gago, tlhatlhoba thulaganyo ya ditiro tsa semoya tse di tlileng go latela. Fa o fitlhela gore molebedi wa potologo o a tla kana go rulagantswe kopano mo nakong yone e o tla bong o seyo ka yone, ikemisetse go fetola mabaka a gago gore o tle o nne teng. Re bolelelwa go sa le gale ka ditiragalo tse dikgolo tse di rulaganyeditsweng go nna teng mo isagweng. Bagolwane ba phuthego ya lona ba ka go bolelela gore ke eng se se rulagantsweng mo lefelong la lona.
4 Ka go nna le ponelopele le go rulaganyetsa dilo tse di botlhokwa segolo go sa le gale, re tla ‘tladiwa ka maungo a a siameng, . . . kgalalelong le pakong ya Modimo.’—Bafil. 1:11.