Go Molemo go Bua ka Tsela E e Sa Raraanang
1 Ke eng fa batho ba le bantsi ba kgona go reetsa baboledi ba basha fa ba ba naya molaetsa wa Bogosi? Lebaka lengwe ke gore tsela e ba buang ka yone ga ya raraana. Baboledi bangwe ba ka nna ba akanya gore ba tshwanetse go bua ka tsela e e bokgeleke thata gore ba neele bosupi ka tsela e e nang le matswela. Le fa go ntse jalo, maitemogelo a bontsha gore go bua ka tsela e e sa raraanang le e e utlwalang sentle go molemo thata.
2 Jesu o ne a bolela molaetsa wa Bogosi jwa Modimo ka tsela e e motlhofo, e e tlhamaletseng, mme o ne a ruta barutwa ga gagwe gore le bone ba dire fela jalo. (Math. 4:17; 10:5-7; Luke 10:1, 9) O ne a dirisa matseno, dipotso le ditshwantsho tse di sa raraanang go ngoka bareetsi ba gagwe le go fitlhelela dipelo tsa bone. (Joh. 4:7-14) Re tla bo re dira sentle fa re etsa sekao sa gagwe le go bua le batho ka tsela e e motlhofo go tlhaloganngwa.
3 “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi” ke molaetsa o re tshwanetseng go o bolelela ba bangwe. (Math. 24:14) Fa o dira gore Bogosi e nne setlhogo sa gago se segolo, seno se tla go thusa go dira gore puisano ya gago e nne e e sa raraanang. Bua ka dilo tse di amang bareetsi ba gago. Gantsi basadi ba amegile thata ka dikgang tse di amanang le malapa a bone e seng ka dikgang tsa dipolotiki. Selo se rre a tshwenyegileng thata ka sone ke tiro ya gagwe le pabalesego ya ba lelapa la gagwe. Basha ba amegile thata ka isagwe ya bone; batho ba ba godileng bone ba amegile ka botsogo jo bo botoka le polokesego ya bone. Gantsi batho ba amegile thata ka dilo tse di diregang mo lefelong la bone e seng ka se se diregang kwa mafelong a mangwe a a kgakala. Fa o sena go tlotla ka dilo tse batho botlhe ba amegileng ka tsone, bua ka masego a batho ba ba kutlo ba tlileng go a ipelela mo pusong ya Bogosi jwa Modimo. Mafoko a sekae fela a a sa raraanang, a a tlhophilweng sentle go akaretsa le go bala temana e le nngwe e ka nna tsela e e molemolemo ya go dira gore moreetsi wa gago a nne le kgatlhego.
4 O ka nna wa simolola motlotlo wa gago jaana:
◼ “Ga go na pelaelo gore o dumela gore batho ba tlhasetswe ke malwetse a le mantsi a a sa alafegeng. Le fa go ntse jalo, a o ne o itse gore Modimo o solofeditse gore o tla tloga a fedisa mefuta yotlhe ya malwetse, mmogo le loso?” Mo letle gore a arabe, morago ga moo o bo o bala Tshenolo 21:3, 4.
5 E kete o ka fitlhelela megopolo le dipelo tsa batho ba le bantsi mo tshimong ya lona ka go dirisa dipuisano tse di utlwalang sentle le tse di sa raraanang, o ba thuse go ithuta ka Jehofa le ka tebelelo ya go ipelela botshelo jo bo sa khutleng.—Joh. 17:3.