Dikopano Tse Dikgolo—Dinako Tsa Boitumelo!
1 Dikopano tsa Basupi ba ga Jehofa ke dinako tsa boitumelo jo bogolo. Mo dingwageng tse di fetang lekgolo tse di fetileng, dikokoano tseno di ile tsa dira gore go nne le koketsego e e ntseng e direga mo phuthegong ya rona. Go tloga fela ka nako ya fa re ne re sa ntse re le bannye ka palo, re ile ra bona kafa Jehofa a ileng a segofatsa tiro ya rona ya lefatshe lotlhe thata ka teng. Kwa kopanong ya rona ya ntlha mo metlheng ya segompieno, e e neng e tshwaretswe kwa Chicago, Illinois, ka 1893, batho ba le 70 mo go ba le 360 ba ba neng ba le teng kwa kopanong eo ba ne ba kolobediwa e le go bontsha boineelo jwa bone mo go Jehofa. Mo motseletseleng wa Dikopano Tsa Kgaolo Tsa “Badiri ba Lefoko la Modimo” tsa ngogola, palo e e kopaneng ya lefatshe lotlhe ya ba ba neng ba le gone mo dikopanong tseno e ne e le 9 454 055, mme ga kolobediwa ba le 129 367. A bo e ne e le lebaka le le molemolemo jang ne la go itumela!
2 Fa e sa le ka metlha ya Baebele, dikokoano tsa batho ba ga Jehofa di ile tsa itshupa e le tsela e e molemo thata ya go ruta ditaelo tsa ga Jehofa. Mo motlheng wa ga Esera le Nehemia, batho ba ne ba reeditse fa go balwa Molao “go simolola fa letsatsi le tlhaba go fitlha ka sethoboloko.” (Neh. 8:2, 3) Batho ba ne “ba ipela thata,” ka ntlha ya gore ba ne ba kgona go tlhaloganya Molao botoka ka nako eo. (Neh. 8:8, 12) Le rona re itumelela gore dikopano di re naya sebaka se sentle thata sa gore re amogele thuto e e molemo e e tswang kwa go Jehofa le dijo tsa semoya “ka nako e e tshwanetseng” ka “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” (Math. 24:45) E re ka Jesu a ne a bolela gore motho o tshwanetse go tshela ka “lefoko lengwe le lengwe le le tswang ka molomo wa ga Jehofa,” dikopano di botlhokwa thata gore re nne re itekanetse sentle mo semoyeng.—Math. 4:4.
3 Matsapa A re A Dirang Gore re Nne Gone ga e Kitla e Nna a Bophiri: Rotlhe re tshwanetse go ipeela mokgele wa gore monongwaga re nne gone mo Kopanong yotlhe ya Kgaolo ya “Barutisi ba Lefoko la Modimo.” Re tshwanetse go rulaganya go fitlha ka nako letsatsi lengwe le lengwe le go nna go fitlha re re “Amen!” mo thapelong e e konelang. Gore re fitlhelele seno, re ka nna ra tlhoka go fetola thulaganyo ya rona. Re ka nna ra lebana le mathata mangwe fa re kopa malatsi kwa ditirong tsa rona gore re nne gone kwa kopanong. Re tshwanetse go dira dilo re tiisitse, re se ka ra akanya gore dilo di tla itiragalela fela. Fa e le gore re tlhoka marobalo le/kgotsa dipalangwa, re tshwanetse go rulaganya go sa le gale. Matsapa ape fela a re a dirang ga e kitla e nna a bophiri!
4 Batho ba ga Jehofa ga ba lekanye masego a ba a bonang ka go nna gone kwa kopanong e kgolo ka diranta le disente. Ela tlhoko dikai tsa bangwe ba ba neng ba iketleeditse go nna gone kwa Kopanong ya Ditšhabatšhaba ya Basupi ba ga Jehofa ya Thato ya Modimo ya 1958 kwa New York City. Mokaulengwe mongwe o ne a tswala kgwebo ya gagwe ya go aga ka dibeke di le pedi gore a ithaopele go thusa le go nna gone kwa kopanong eno. Mokaulengwe mongwe kwa Virgin Islands o ne a rekisa sebata sa gagwe sa lefatshe sa diheketara di le pedi gore lelapa lotlhe la gagwe la maloko a le marataro le kgone go nna gone kwa kopanong. Banyalani bangwe ba basha ba ne ba rekisa mokoro wa bone wa enjene gore ba kgone go ya kwa kopanong le bana botlhe ba bone ba bararo, ba bogolo jwa dikgwedi di le pedi go ya go dingwaga di le supa. Barwarraamotho ba le bararo ba kwa California ba ne ba bolelelwa gore fa ba ka se nne teng kwa ditirong tsa bone, ga ba kitla ba bona ditiro tseo fa ba boa. Le fa go ntse jalo, seno ga se a ka sa ba thibela go ya kwa kopanong eno e e sa lebalesegeng.
5 Jehofa o Segofatsa Boiteko Jwa Rona Jo re Bo Dirang ka Tlhoafalo: Jehofa o bona maiteko a batho ba gagwe e bile o a a segofatsa. (Baheb. 6:10) Ka sekai, kwa Kopanong ya 1950 ya Koketsego ya Puso ya Bomodimo, batho ba ba neng ba le teng koo ba ne ba utlwa puo e e sa lebalesegeng ya setlhogo se se reng “Ditsamaiso Tse Disha Tsa Dilo.” Mokaulengwe Frederick Franz o ne a tsosa kgatlhego ya botlhe le go e tlhagafatsa ka go botsa jaana: “A kopano eno ya meraferafe e ka itumelela go itse gore fano, mo bosigong jono, gareng ga rona, go na le ba le mmalwa ba ba tla nnang dikgosana mo lefatsheng le lesha?” Le e leng morago ga dingwaga di feta di le 50 morago ga moo, re sa ntse re ipelela tlhaloso eno e e phepafaditsweng ya Pesalema 45:16.
6 Tlhogo nngwe ya lelapa e e tletseng kanaanelo e ne ya kwala jaana fa e sena go nna gone kwa kopanong ya kgaolo ya ngogola: “Bakaulengwe, ga lo itse gore kopano eno e bolokile botshelo jwa rona go le kana kang. Lelapa la me le ne la fudugela kwa toropong ka ntlha ya mabaka a mmereko, mme bomoya jwa rona bo ne jwa koafala thata. . . . Re ne ra tlhokomologa maikarabelo a rona a Bokeresete. E bile re ne ra kgaotsa gotlhelele go ya kwa dipokanong le go nna le seabe mo tirelong. . . . Kopano eno e re tsosolositse, mme re simolotse gape go ipeela mekgele ya semoya le go rulaganyetsa go e fitlhelela.”
7 Jehofa o re naya dijo tsa semoya tse re di tlhokang. O re tekela tafole ya dijo tse di nonneng kwa dikopanong tsa rona. Go anaanela ga rona thulaganyo eno go tshwanetse ga dira gore re bue mafoko ano a Korenelio a neng a a bua fa a ne a etetswe ke moaposetoloi Petere: “Mo nakong eno rotlhe re gone fa pele ga Modimo gore re utlwe dilo tsotlhe tse Jehofa a go laetseng gore o di bue.” (Dit. 10:33) A re go direng mokgele wa rona go nna “gone fa pele ga Modimo” kwa thulaganyong nngwe le nngwe ya Kopano ya Kgaolo ya monongwaga ya “Barutisi ba Lefoko la Modimo” mme re itumele!