LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/01 ts. 2
  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
  • Ditlhogwana
  • Beke e e Simololang ka October 8
  • Beke e e Simololang ka October 15
  • Beke e e Simololang ka October 22
  • Beke e e Simololang ka October 29
  • Beke e e Simololang ka November 5
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
km 10/01 ts. 2

Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Beke e e Simololang ka October 8

Pina 109

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. O dirisa dikakantsho tse di mo go tsebe 1, dira dipontsho di le pedi tse dikhutshwane tsa go buelela dimakasine, mo pontshong e nngwe dirisa Tora ya Tebelo ya October 15 mme mo go e nngwe o dirise Tsogang! ya November 8.

18 mets: “Dikopano Tse Dikgolo—Dinako Tsa Boitumelo!” Puo ka mogolwane. Tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa go ne go tshwarwa dikokoano tse dikgolo tsa batho ba ga Jehofa mo metlheng ya Baebele le gore ke ka ntlha yang fa di sa ntse di le mosola le gompieno. Dinako tseno ke dinako tsa go ipelela botsalano jo bo re nonotshang e bile di re naya dijo tse di botlhokwa thata tsa semoya. Gatelela lebaka la go bo go le botlhokwa gore mongwe le mongwe a nne teng kwa kopanong ya kgaolo ka malatsi otlhe a le mararo.

17 mets: “E Rulagantswe ‘ka Mokgwa o Montle le ka Thulaganyo.’”a Tlhalosa dingwe tsa dithulaganyo tse dintsi thata tse di tshwanetseng go dirwa go rulaganya kopano. Gatelela botlhokwa jwa go latela ka botlalo dithulaganyo tse di setseng di dirilwe gore re solegelwe molemo. Sekaseka ditsela tse di bontshang kafa rotlhe re ka bontshang tlotlo e e tshwanetseng ka gone le kafa re ka tilang mathata a a sa tlhokegeng ka gone.

Pina 151 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka October 15

Pina 113

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Pego ya diakhaonto. Dikgang Tsa Puso ya Modimo. Tlhalosa dithulaganyo tsa tshimo e e sa abiwang mme o kgothaletse botlhe go tshegetsa thulaganyo eno ka botlalo e re ka eno e le kgwedi ya bofelo ya letsholo leno.

15 mets: A o Na le “Pelo e e Utlwang”? (1 Dikg. 3:9) Puo ka mogolwane, e e theilweng mo go Tora ya Tebelo ya July 15, 1998, ditsebe 29-31. Tlhalosa ditsela tsa kafa re ka bontshang kutlo ka gone fa re dira le phuthego.

20 mets: Dirisa Dimakasine Tsa Rona ka Tsela e e Molemo. Molebedi wa tirelo le motlhanka wa dimakasine ba tlotla ka bothata jo ba bo lemogileng malebana le tsela e phuthego ya bone e abang dimakasine ka yone. Ba umaka palo ya tse phuthego e di amogelang kgwedi le kgwedi mme ba e bapisa le palo ya tse di begwang gore di tsamaisitswe. Go bonala go na le dimakasine di le dintsi tse di bolokiwang fela kgotsa tse di latlhiwang. Baboledi ba ka dirisa dimakasine tsa rona jang ka tsela e e molemo? Bakaulengwe bano ba tlotla ka dintlha di le supa tsa puo ya Pokano ya Tirelo e e reng “Kgothalela Dimakasine!” mo bekeng ya October 4, 1999. Ba sekaseka boitemogelo jo bo umakiwang mo go Tora ya Tebelo ya February 15, 1998, ditsebe 28-9, mme ba tlotla ka ditsela dingwe tse dikakantsho tseno di ka dirisiwang ka gone mo phuthegong ya bone. Mongwe le mongwe o kgothalediwa go leka go dirisa dipuisano tse di akantshiwang tse di tlhagang kgwedi le kgwedi mo go Tirelo ya Rona ya Bogosi.

Pina 156 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka October 22

Pina 120

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. O dirisa dikakantsho tse di mo go tsebe 1, dira dipontsho di le pedi tsa go buelela dimakasine, mo pontshong e nngwe o dirise Tora ya Tebelo ya November 1, mme mo go e nngwe o dirise Tsogang! ya November 8.

17 mets: “Reetsa Mme o Amogele Thuto e e Oketsegileng.” Puo le motlotlo le bareetsi. Tlhalosa lebaka la go bo thuto e re e newang kwa dikopanong tse dikgolo e le dijo tse di botlhokwa thata tsa semoya tse re di tlhokang. Akgela ka nako e ntsi le maiteko a a tlhokegang go rulaganya thulaganyo e e ntseng jalo. Kopa bareetsi go akgela ka se mongwe le mongwe a ka se dirang go tlhomamisa gore ene ka boene o solegelwa molemo thata le gore ba bangwe le bone ba solegelwa molemo. Gatelela mabaka a go bo go le botlhokwa gore rotlhe re bo re ntse mo mannong a rona fa thulaganyo nngwe le nngwe e simolola.

18 mets: “O ja Sentle go le Kana Kang mo Semoyeng?”b Kopa bareetsi go akgela ka mo go oketsegileng ka tshedimosetso e e mo go Tora ya Tebelo ya April 15, 1997, ditsebe 28-31, go tlhalosa lebaka la go bo re tshwanetse go iteka ka natla gore re nne le mokgwa o o siameng wa go ja dijo tsa semoya le gore seno re ka se dira jang.

Pina 47 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka October 29

Pina 164

12 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Gakolola baboledi go naya motshwari wa bone wa Thuto ya Buka ya Phuthego dipego tsa bone tsa tirelo ya tshimo tsa October. Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka November ke boroutšhara jwa Re Direng le buka ya Kitso. Dira pontsho ka puisano eno e khutshwane: “Mo metlheng eno e e tletseng mathata a ikonomi, batho ba le bantsi ba fitlhela go le thata go itshedisa. A o akanya gore dipuso tsa batho di tla rarabolola bothata jono ka tsela e e tla kgotsofatsang mongwe le mongwe? [Mo letle go araba.] Ke fitlhetse tsholofetso eno e e mo Baebeleng e kgothatsa thata.” Bala Pesalema 72:12-14. Morago ga moo tsamaisa boroutšhara jwa Re Direng kana buka ya Kitso, mme o bale ntlha nngwe e e tshwanelang go tswa mo kgatisong eno.

15 mets: Dilo tse phuthego ya lona e tlhokang go di ela tlhoko.

18 mets: “Dira se se Siameng Mme o Akgolwe!”c Tlhalosa lebaka la go bo re ngoka tlhokomelo e ntsi ya batho fa re le mo kopanong e kgolo. Fa batho ba ba re bogetseng ba bua sentle ka rona seno se naya bosupi ka Bogosi, mme fa ba re tshwaya diphoso seno se ka dira gore batho ba gane bosupi. Umaka dilo tse di rileng tse re tshwanetseng go di dira go bontsha gore re na le dinonofo tsa Bokeresete tse di akaretsang go bontsha gore re amega ka batho ba bangwe ka tsela ya mmatota.

Pina 181 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka November 5

Pina 167

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Sekaseka Lebokoso la Dipotso, mme o dirise tshedimosetso eo gore e tshwanele phuthego ya lona.

18 mets: Go Baakanyetsa Dipokano lo le Lelapa. Rre o tlotla le lelapa la gagwe ka tsela e botlhe ba ka baakanyetsang ka yone gore ba nne le seabe ka mo go lekaneng kwa dipokanong. Ba dirisa dikaelo tse di mo go Tora ya Tebelo ya July 1, 1999, ditsebe 19-20, serapa 9, ba baakanyetsa dikakgelo tse ba tlileng go di dira mo Thutong ya beke eno ya Tora ya Tebelo. (1) Mongwe le mongwe mo lelapeng o tlhopha potso e le nngwe kana di le pedi tse a tlileng go akgela ka tsone. (2) Fa ba sena go sekaseka dirapa tse mongwe le mongwe wa bone a di tlhophileng, ba baakanyetsa dikakgelo tsa bone ba dirisa mafoko a bone. (3) Ba tlhopha ditemana tsa konokono tse di umakilweng, ba tlhalosa kafa nngwe le nngwe ya tsone e amanang le se se ithutiwang ka gone ba bo ba rulaganya se ba tla se buang go di dirisa mo thutong eno. Botlhe ba lebeletse pele ka tlhoafalo go nna le seabe kwa dipokanong.

17 mets: “Boikaelelo Jwa Rona ke Eng?”d Gatelela botlhokwa jwa go thusa batho ba re ithutang le bone gore ba bone botlhokwa jwa go nna gone kwa dipokanong tsa phuthego. Akaretsa pontsho e e baakanyeditsweng sentle e e bontshang kafa re ka dirang seno ka gone, o dirisa kgaolo 17, dirapa 6-8, mo bukeng ya Kitso.

Pina 186 le thapelo e e konelang.

[Footnotes]

a Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

b Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

c Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

d Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela