A o Ja Sentle mo Semoyeng?
“Go ja sentle ke selo se se botlhokwa thata mo bathong. . . . Fa re se na dijo tse di lekaneng re ka nna ra swa.”
—Food and Nutrition.
BOAMMAARURI jo bo sa ka keng jwa ganediwa joo bo supiwa sentle ke mebele e e otileng ya banna, basadi le bana ba ba bolawang ke tlala ba ba timiwang “selo seno se se botlhokwatlhokwa se batho ba se tlhokang.” Ba bangwe ba kgona go se bona go ya bokgakaleng jo bo rileng mme ba sa ntse ba sa otliwe sentle. Le fa go ntse jalo, ba le bantsi ba ba jang sentle gantsi ba ikgotsofatsa ka dijo tse di sa otleng mmele tse tota di sa ba neyeng dikotla tse dintsi. Buka ya Healthy Eating, ya re: “Go bonala fa dijo e le sengwe sa dilo tse di sa dirisiweng sentle mo dilong tse re nang natso.”
Go ntse fela jalo ka dijo tsa semoya—boammaaruri jo bo bonwang mo Lefokong la Modimo e leng Baebele. Batho bangwe ba tlhoka tota le dijo tse di botlhokwatlhokwa tsa semoya; ba bolawa ke tlala mo semoyeng. Ba bangwe ba itlhokomolosa fela go ja dijo tsa semoya tse di leng teng. Go tweng ka wena? A wena ka namana o ja sentle mo semoyeng? Kana a o itima dijo tsa semoya? Go botlhokwa gore re tlhamalale mo kgannyeng eno ka gonne re tlhoka dijo tsa semoya go feta kafa tota re tlhokang dijo tsa senama ka teng.—Mathaio 4:4.
Dijo Tse di Tla re Thusang go Gola mo Semoyeng
Buka nngwe ya thuto ya Food and Nutrition, e e tlhalosang ka botlhokwa jwa go ja dijo tse di siameng, e re naya mabaka a mararo a a molemo a go bo re tshwanetse go ja sentle. Nngwe ya one ke gore re tlhoka dijo “go re thusa go gola le go shafatsa disele tse di onetseng tsa mmele.” A o ne o itse gore letsatsi lengwe le lengwe la botshelo jwa gago, go na le disele tsa mmele di le bilione tse di onalang mme di tlhoka go shafadiwa? Go gola sentle le go tlhokomela mmele go tlhokega dijo tse di siameng.
Go ntse jalo le mo semoyeng. Ka sekai, fa moaposetoloi Paulo a ne a kwalela phuthego ya kwa Efeso, o ne a gatelela ka fa Mokeresete mongwe le mongwe a tlhokang dijo tse di siameng tsa semoya ka teng gore a nne ‘monna yo o godileng ka botlalo.’ (Baefeso 4:11-13) Fa re ikotla sentle ka dijo tsa semoya tse di nang le dikotla, re ka se tlhole re tshwana le masea a a bokoa, re sa kgone go itlhokomela, re wela mo dikotsing tsa mefuta yotlhe. (Baefeso 4:14) Go na le moo, re nna bagolo ba ba nonofileng, ba ba kgonang go lwa ntwa e e thata ya tumelo ka gonne re ‘otlilwe ka mafoko a tumelo.’—1 Timotheo 4:6.
A go ntse jalo ka wena? A o godile mo semoyeng? Kana a o sa ntse o tshwana le lesea la semoya—o le bokoa, o ikaegile gotlhelele ka ba bangwe, o sa kgone go rwala maikarabelo otlhe a Bokeresete? Ka mo go utlwalang, ke ba le mmalwa fela ba rona ba ba ka bolelang sentle fela gore re ntse jaaka masea mo semoyeng, mme go itlhatlhoba ka tlhamalalo go siame. Bakeresete bangwe ba ba tloditsweng ba ne ba ntse jalo mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Le mororo ba ne ba tshwanetse e ka bo e le “ba ba rutang” ka bobone, ba kgona e bile ba batla go ruta ba bangwe se Lefoko la Modimo le se bolelang, moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Gape lo tlhoka mongwe go lo ruta go tswa kwa tshimologong dilo tsa tshimologo tsa ditaetso tse di boitshepo tsa Modimo; mme lo ntse jaaka ba ba tlhokang mashi, e seng dijo tse di tiileng.” Fa e le gore o batla go gola mo semoyeng, tlhagolela keletso ya dijo tse di siameng, dijo tse di tiileng tsa semoya. O se ka wa kgotsofalela dijo tsa semoya tsa masea!—Bahebera 5:12.
Gape re tlhoka dijo tse di tiileng tseno tsa semoya go baakanya tshenyo epe e e bakilweng ke diteko tsa letsatsi le letsatsi tse re lebanang le tsone mo lefatsheng le le seng botsalano leno. Di ka koafatsa nonofo ya rona ya semoya. Mme Modimo a ka shafatsa nonofo eo. Paulo o ne a bolela jaana: “Ga re lese, mme le eleng fa motho yo re leng ene kafa ntle a onala, eleruri motho yo re leng ene mo teng o a ntšhafadiwa letsatsi le letsatsi.” (2 Bakorintha 4:16) Re “ntšhafadiwa [jang] letsatsi le letsatsi”? Ka tsela nngwe, ka go ikotla ka metlha ka Lefoko la Modimo ka go ithuta Dikwalo le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng ka namana kana re le setlhopha.
Dijo Tsa go Bona Nonofo ya Semoya
Gape re tlhoka dijo gore re “nne le mogote le nonofo.” Dijo di re naya dikotla tse di tlhokegang gore mebele ya rona e dire sentle. Fa re sa je ka tshwanelo, re ka se nne le nonofo e e lekaneng. Go tlhoka iron mo dijong tsa rona, go ka dira gore re ikutlwe re lapile e bile re sa eletse sepe. A ke ka tsela e o ikutlwang ka yone ka dinako tse dingwe fa go tla mo dilong tsa semoya? A o nna le mathata a go diragatsa ditiro tse Mokeresete a tshwanetseng go di dira? Bangwe ba ba ipolelang gore ke balatedi ba ga Jesu Keresete ba lapa go dira molemo e bile ga ba na nonofo ya go dira ditiro tsa Bokeresete. (Jakobe 2:17, 26) Fa e le gore o bona gore se se diragala ka wena, se se ka thusang gantsi e ka nna go tokafatsa dijo tsa gago tsa semoya kana go oketsa tsela e o jang dijo tsa semoya ka yone.—Isaia 40:29-31; Bagalatia 6:9.
O se ka wa tsiediwa ka go nna le mekgwa e e bokoa ya go ja mo semoyeng. Nngwe ya ditsela tse dikgolo tsa go tsietsa tse Satane a ileng a di dirisa mo makgolong a dingwaga a a fetileng e nnile go dira gore batho ba dumele gore ga ba tlhoke go bala Baebele le go bona kitso e e tlhomameng go tswa mo go yone. O dirisa leano la bogologolo le masole a a tlhaselang a le dirisang go thopa metse ya baba ba one—go ba tima dijo le go ba bolaisa tlala gore ba ineele. Mme o okeditse leano leno ka go tsaya kgato e nngwe. O tsietsa ba a ba “tlhaselang” ka gore ba ipolaise tlala le mororo ba potapotilwe ke mokoa wa dijo tse di siameng tsa semoya. Ga go gakgamatse go bo a tlhasela ba le bantsi jaana!—Baefeso 6:10-18.
Dijo Tsa Boitekanelo Jwa Semoya
Food and Nutrition, ya re lebaka la boraro la go bo re tlhoka dijo ke “go laola boitekanelo jwa mmele . . . le go thibela malwetse.” Melemo ya boitekanelo ya dijo tse di siameng ga e bonale ka bonako. Fa re fetsa go ja dijo tse di siameng, ga se gantsi re akanya gore, ‘Dijo tseo di solegetse pelo ya me (kana diphilo tsa me kana mesifa ya me, jalo le jalo) molemo.’ Le fa go ntse jalo, leka go nna o sa je dijo ka lobaka lo lo rileng lwa nako, mme gore seo se ama boitekanelo jwa gago jang go tla bonala. Ditlamorago ke dife? Buka nngwe ya ditshupiso tsa kalafi ya re, “ditlamorago tse di tlwaelegileng ke tse di kotsi: go palelwa ke go gola sentle, go palelwa ke go emelana le go tshwaediwa ke bolwetse, go tlhoka nonofo kana keletso ya go dira dilo.” Baiseraele ba bogologolo le bone ba ne ba lwala ka tsela e e ntseng jalo mo semoyeng ka nako nngwe. Moporofeti Isaia o ne a bolela jaana ka bone: “Tlhogo yotlhe e botlhoko, le pelo yotlhe e a idibala. Go simologa ka pato ya lonao go ya kwa tlhogong ga go na boitekanelo bope mo go one.”—Isaia 1:5, 6.
Dijo tse di siameng tsa semoya di re naya maatla a go emelana le bokoa jo bo ntseng jalo jwa semoya le ditlamorago tsa bolwetse jwa semoya. Kitso e e tswang mo Modimong e re thusa go nna mo boemong jo bo siameng mo semoyeng—fa re ikotla ka yone! Jesu Keresete o ne a akgela kafa batho ba le bantsi ba motlha wa gagwe ba neng ba se ka ba ithuta ka bagologolwane ba bone ba ba neng ba itlhokomolosa dilo fa go tla mo kgannyeng ya go ja dijo tsa semoya sentle. Le bone ba ne ba gana go tsaya boammaaruri jo a neng a bo ruta. Ditlamorago e nnile dife? Jesu o ne a bolela jaana: “Pelo ya batho bano ga e tlhole e amogela sepe, mme ka ditsebe tsa bone ba utlwile mme ga ba arabele, mme ba tswetse matlho a bone; gore ba tle ba se ka ba bona le ka motlha ka matlho a bone mme ba utlwa ka ditsebe tsa bone mme ba tshwara kgopolo ya gone ka dipelo tsa bone mme ba boele morago, mme ke ba fodise.” (Mathaio 13:15) Ba le bantsi ga ba ise le ka motlha ba ko ba solegelwe molemo ke maatla a go fodisa a Lefoko la Modimo. Ba ne ba nnela go lwala mo semoyeng. Tota le Bakeresete bangwe ba ba tloditsweng ba ne ba nna “bokoa e bile ba bobolela ruri.” (1 Bakorintha 11:30) E kete le ka motlha re se ka ra nyatsa dijo tsa semoya tse Modimo a re di nayang.—Pesalema 107:20.
Go Senyega ga Semoya
Kwantle ga go tshosediwa ke go bolawa ke tlala mo semoyeng, go na le kotsi e nngwe e re tlhokang go e ntshetsa matlho dinameng—mofuta wa dijo tse re di jang ka botsone di ka nna tsa bo di senyegile. Go reetsa dithuto tse di tshwaeditsweng ke megopolo e e kotsi ya bodimona go ka re koafatsa ka tsela e e tshwanang le ya go ja dijo tsa nama tse di kgotlhetsweng ka megare kana ditwatsi. (Bakolosa 2:8) Ga se ka metlha go leng motlhofo go lemoga dijo tse di nang le botlhole. Modiredimogolo mongwe o ne a bolela gore, “dijo ka dinako tse dingwe di ka nna tsa lebega di siame lefa go ntse jalo di na le dibakateria tse di sa bonaleng.” Ka jalo re tla bo re dira sentle fa re ka tlhatlhoba metswedi ya dijo tsa rona tsa tshwantshetso, re gakologelwa gore dibuka dingwe, tse di ntseng jaaka dikwalo tsa botenegi, di ka nna tsa bo di kgotlhetswe ka dithuto tse e seng tsa Dikwalo le tsa botlhajana. Badiri bangwe ba dijo ba bile ba tsenya matshwao a a tsietsang go tsietsa batho ba ba rekang malebana le se tota se leng mo teng ga dijo tsa bone. Eleruri re ka lebelela gore Satane, motsietsi yo mogolo, a dire se se tshwanang. Ka jalo, tlhomamisa gore o bona dijo tse di ntseng jalo tsa tshwantshetso go tswa mo motsweding o o ikanyegang, gore o nne o “itekanele mo tumelong.”—Tito 1:9, 13.
Thomas Adams, moreri mongwe wa lekgolo la bo17 la dingwaga o ne a bolela jaana ka batho ba motlha wa gagwe: “Ba ikepetse mabitla ka meno a bone.” Ka mafoko a mangwe, se ba se jeleng se ba bolaile. Tlhomamisa gore o ja dijo tsa semoya tse di se kitlang di go bolaya. Batla dijo tse di siameng tsa semoya. “Ana lo ntsheletsang se e seng dijo madi?” Jehofa o ne a botsa jalo ba ba neng ba ipolela gore ke batho ba gagwe ba ba neng ba retologetse kwa baruting le kwa baporofeting ba maaka. “Ntheetsang thata, mme lo je se se molemo, mme a mowa wa lona o itumele ka mo go nonneng. Sekegang tsebe ya lona, lo tle mo go nna; utlwang, mme mowa wa lona o tlaa tshela.”—Isaia 55:2, 3; bapisa Jeremia 2:8, 13.
Dijo Tse Dintsi Tsa Semoya
Tota ga go na tlhaelo epe ya dijo tse di siameng tsa semoya. Jaaka Jesu Keresete a ne a porofesa, gone jaanong o na le setlhopha sa motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale se se tshwaregileng ka go abela mongwe le mongwe yo o batlang ‘dijo ka nako e e tshwanetseng.’ (Mathaio 24:45) Jehofa o ne a solofetsa jaana ka moporofeti Isaia: “Bonang, batlhanka ba me ba tlaa ja, mme lona lo tlaa bolawa ke tlala; . . . batlhanka ba me ba tlaa opela ka go thama ga pelo.” Tota e bile o solofetsa go naya ba ba batlang mokete wa dijo. “Jehofa wa masomosomo o tlaa baakanyetsa ditšhaba tsotlhe . . . modiro wa majalwa a mafine a a itshekileng, wa dilo tse di nonneng tse di tletseng moko.”—Isaia 25:6; 65:13, 14.
Le fa go ntse jalo, akanya ka seno: Re ka bolawa ke tlala kwa moketeng! Re potapotilwe ke dijo, re sa ntse re ka bolawa ke tlala fa re sa eme ka borona re ya go ja dingwe tsa tsone. Diane 26:15 e re naya tlhaloso e e tlhamaletseng: “Serorobe se sotlhometsa letsogo mo mogotšaneng; mme go a bo go se lapisa go ba se le busetsa kwa ganong.” A bo e le boemo jo bo hutsafatsang jang ne! Le rona ka mo go tshwanang re ka nna ditshwakga go dira maiteko a go ithuta Lefoko la Modimo ka namana le dikgatiso tsa Baebele tse di dirilweng go re thusa go ja dijo tsa semoya. Kana re ka nna ra lapisiwa ke go baakanyetsa kana go nna le seabe mo dipokanong tsa phuthego ya Bokeresete.
Mekgwa e Mentle Ya go Ja
Ka jalo he, re na le mabaka a a utlwalang a go tlhagolela mekgwa e mentle ya go ja dijo tsa semoya. Le fa go ntse jalo, boammaaruri ke gore, ba le bantsi ba ja dijo tsa bone tsa semoya go le gonnye fela, ba bangwe ba bile ba ipolaisa tlala gotlhelele. Ba ka nna jaaka batho ba ba sa boneng botlhokwa jwa go ja dijo tse di siameng go fitlhela ba boga ditlamorago tsa gone moragonyana mo botshelong. Buka ya Healthy Eating e neela lebaka leno la go bo re ka itlhokomolosa mekgwa ya rona ya go ja, le fa gone re itse gore go ja sentle go botlhokwa gore re tshele: “Bothata ke gore [morago ga go nna le mekgwa e e bokoa ya go ja] boitekanelo jwa motho ga bo koafale ka bonako, ditlamorago tsa gone ga di bonale ka bonako jaaka tsa fa o kgabaganya tsela o sa ela tlhoko. Go na le moo, go koafala mo boitekanelong go ka nna bonya, go sa bonale, motho a ka tshwaediwa ke malwetse ka bonako, marapo a ka nna bokoa thata, go fola ga dintho le go fola mo bolwetseng bongwe go ka tsaya nako e telele.”
Mo kgannyeng ya fa dilo di feteletse thata motho a ka nna jaaka mosadi mongwe yo mosha yo o tshwerweng ke anorexia nervosa. O ipolelela gore ga a tlhoke dijo tse dintsi, gore o siame fela le fa tota a fela mo mmeleng. Kwa bofelong o felelwa ke keletso ya go ja. Buka nngwe ya tsa kalafi ya re, “ke boemo jo bo kotsi.” Ka ntlha yang? “Le mororo go sa direge gantsi gore molwetse a swe ka ntlha ya go bolawa ke tlala o nna motho yo tlhokang dikotla thata mme a ka nna a tlhaselwa ke bolwetse jo ka tlwaelo bo sa reng sepe.”
Mosadi mongwe wa Mokeresete o ne a dumela jaana: “Ka dingwaga di le dintsi ke ne ke ntse ke kgaratlha go itse botlhokwa jwa go baakanyetsa dipokano ka metlha le go ithuta ka namana mme lefa go ntse jalo le ka motlha ke sa kgone go go dira.” Kgabagare o ne a dira diphetogo mo e leng gore o ne a nna moithuti yo o molemo wa Lefoko la Modimo, mme e nnile fela fa a ne a lemoga ka botlalo kafa seemo se a leng mo go sone se potlakileng ka teng.
Ka jalo he, tsaya tsia kgakololo e e neng e neelwa ke moaposetoloi Petere. Nnang jaaka “masea a a sa tswang go tsalwa,” mme “bopang tlhologelelo ya mashi a a sa tswakanngwang a e leng a lefoko, gore lo gole go ya polokong ka one.” (1 Petere 2:2) Ee, “bopang tlhologelelo”—tlhagolelang keletso e e nonofileng—ya go tlatsa megopolo le dipelo tsa lona ka kitso ya Modimo. Bagodi ba semoya le bone ba tlhoka go nna ba tlhagolela tlhologelelo eo. Lo se ka lwa dira gore dijo tsa semoya e nne ‘sengwe sa dilo tse di sa dirisiweng sentle mo go tse re nang natso.’ Ja sentle mo semoyeng, mme o solegelwe molemo ka botlalo mo ‘mafokong a a itekanedisang’ a a fitlhelwang mo Lefokong la Modimo e leng Baebele.—2 Timotheo 1:13, 14.
[Setshwantsho mo go tsebe 28]
A o tlhoka go tokafatsa tsela e o jang ka yone?