O ja Sentle go le Kana Kang mo Semoyeng?
1 Go na le polelwana nngwe e e reng ‘re se re se jang.’ Ee ruri, tsela e re jang ka yone e ama maatla a rona le botsogo jwa rona. E re ka Jesu a ne a re: “Motho o tshwanetse go tshela, e seng ka senkgwe se le nosi, fa e se ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang ka molomo wa ga Jehofa,” tsela e re jang ka yone mo semoyeng le yone e ka re ama ka tsela e e molemo kgotsa ka tsela e e seng molemo. (Math. 4:4) Ka jalo he, o ja sentle go le kana kang mo semoyeng? A o motho yo o ratang go tlhopha gore o ja eng? A o rata go ja o itlhaganetse? Kana a o itumelela go nna le nako ya go ipelela dijo tsa ka metlha, tse di itekanetseng le tse di otlang tsa semoya?
2 Sekaseka Tsela e o Jang ka Yone: Jehofa o aba ‘dijo ka nako e e tshwanetseng’ le “mokete wa dijo tse di tsentsweng leokwane le lentsi,” ka “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” (Math. 24:45; Isa. 25:6) Gore re solegelwe molemo ka botlalo ke dijo tseno tse re di baakanyeditsweng ka lorato, re tshwanetse go dira maiteko a go ja sentle semoyeng.
3 O ka nna wa ipotsa jaana: ‘A ke bala temana ya letsatsi le ditlhaloso tsa yone letsatsi lengwe le lengwe? A ke bala Baebele ka metlha le go tlhatlhanya ka yone? A ke baakanyetsa dipokano tsa phuthego ka go ithuta se se mo thulaganyong go sa le gale? A ke setse ke badile dikgatiso tsa rona tsa bosheng, go akaretsa le buka ya Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe I?’
4 Jesu o ne a solofetsa jaana: “Go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng . . . Go itumela ba ba tshwerweng ke tlala e bile ba nyoretswe tshiamo, e re ka ba tla kgora.” (Math. 5:3, 6) Ka jalo, ja sentle mo semoyeng ka go tlatsa mogopolo le pelo ya gago ka kitso ya Modimo.