LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 2/15 ts. 28-29
  • Go Fitlhelela ba Bantsi le go Feta ka Dikgang Tse di Molemo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Fitlhelela ba Bantsi le go Feta ka Dikgang Tse di Molemo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke ne Ke Tla Reng?
  • Diphelelo Tse di Gakgamatsang le Tse di Itumedisang
  • Dirisang Dimakasine Tsa Rona ka Tsela e e Molemolemo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • Etsa Jehofa Yo o Sa Tlhaoleng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1999
  • Tlhopha Ditlhogo Tse di Tla Kgatlhang Batho ka Tsela e e Kgethegileng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
  • Rera Mafoko a a Molemo Gongwe le Gongwe
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 2/15 ts. 28-29

Go Fitlhelela ba Bantsi le go Feta ka Dikgang Tse di Molemo

FA KE ne ke akanya ka batho ba naga ya gaetsho, ke ne ka lemoga gore bontsi jwa bone ba itse Basupi ba ga Jehofa fela ka go utlwa ka bone mo metsweding ya dikgang. Ke ne ka akanya gore go tshwanetse ga ikgolaganngwa le batho bano, gore ba tle ba ithute gore Basupi ba ga Jehofa ke bomang le se tota ba se dumelang. Mme ke ne ke ka thusa jang? Monna wa me ke mogolwane wa Mokeresete mme o ne a nnaya kaelo le dikakantsho tse di botlhale.

Re ile ra bona kakantsho ya konokono mo setlhogong se se reng “Dimakasine Tse di Neelang Kgomotso e e Thusang,” se se gatisitsweng mo makasineng wa Tsogang! ya January 8, 1995, (ka Seesemane). Malebana le tiro ya Mosupi mongwe, setlhogo seo se bolela jaana: “O ne a dira gotlhe mo a ka go kgonang go phutha dikhopi tsa dimakasine tsa Tsogang! tse di rileng tse Basupi ba bangwe ba di beileng kwa gae. Morago ga foo a bo a etela baemedi bangwe ba a akanyang gore ba tla kgatlhegela thata ditlhogo dingwe.”

Ka thuso ya monna wa me, ke ne ka phutha dikhopi dingwe tsa dimakasine ka bonako. Ke ne ka kgona go tlhopha ditlhogo tse di tla tshwanelang batho ba ke neng ke tla leka go ikgolaganya le bone go tswa mo go tsone.

Ka go dirisa buka ya thelefouno le dibuka tsa dipego tsa batho botlhe, ke ne ka kokoanya lenaane la dikokelo, dihosetele tsa basha le mafelo a tlhokomelo ya batsofe. Ke ne ka kwala le lenaane la batsamaisi ba phitlho, balaodi le bagakolodi ba dikolo, batlhatlhobi ba tsa kalafi le badiredibagolo ba dikgolegelo le ba dikgotlatshekelo tsa molao. Lenaane la me le ne le akaretsa batsamaisi ba ditheo tsa makgoba a bojalwa le tsa batho ba ba tshwakgotsweng ke diokobatsi, ba mekgatlho ya dikgang tsa tikologo, ba batho ba ba golafetseng le ba ba gobetseng mo ntweng le ba dipatlisiso tsa dikotla. Ga ke a ka ka lebala diofisi tse dikgolo tsa boitekanelo, ditirelo tsa loago le dikgang tsa malapa.

Ke ne Ke Tla Reng?

Selo sa ntlha se ke neng ke se dira fa ke etela mongwe e ne e le go tlhalosa sentle gore ke mang. Morago ga foo ke bo ke tlhalosa gore loeto lwa me lo tshwanetse go tsaya metsotso e sekae fela.

Fa ke lebane sefatlhego le motho yo o ikarabelang mo lefelong leo, ke ne ke bolela jaana: “Ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, ga ke a tla go tlotla ka bodumedi, e leng selo se se ka se kang sa tshwanela ka nako ya tiro.” Gantsi seemo se dira gore maemo a ritibale. Morago ga foo, ke fetofetola dikakgelo tsa me go ya ka boemo, ke bo ke tswelela pele jaana: “Lebaka la go bo ke etile le na le dikarolo tse pedi. La ntlha, ke rata go tlhalosa kafa ke anaanelang tiro e e rulagannwang ke ofisi ya gago. Gone e bile, ga re a tshwanela go itlhokomolosa maiteko a motho yo o dirisang nako le maatla a gagwe go thusa batho ka kakaretso. O tshwanetse go akgolelwa maiteko a gago tota.” Mo makgetlhong a le mantsi motho yo ke buang le ene ka tsela eno o ne a gakgamala.

Mo nakong eno motho yono o a bo a setse a ipotsa gore lebaka la bobedi la ketelo ya me ke lefe. Ke tla bo ke tswelela pele jaana: “Lebaka la bobedi la ketelo ya me ke leno: Mo makasineng wa rona wa Tsogang! o o gatisiwang mo lefatsheng lotlhe, ke ile ka tlhopha ditlhogo dingwe tse di buang thata ka mofuta wa tiro ya gago le mathata a a amanang le yone. Ke tlhomamisa gore o ka rata go itse gore lokwalopaka lwa ditšhabatšhaba lo leba jang mathata ano. Nka rata go go tlogelela dikhopi tseno.” Gantsi ke bolelelwa gore maiteko a me a a anaanelwa.

Diphelelo Tse di Gakgamatsang le Tse di Itumedisang

Fa ke ne ke dirisa tsela eno ya go bua, ba le bantsi ba ne ba arabela ka botsalano; ke a le mongwe fela mo go ba le 17 yo o neng a sa batle go reetsa. Ke ne ka nna le maitemogelo a mantsi a a neng a gakgamatsa le a a neng a itumedisa.

Ka sekai, morago ga go leka ka makgetlho a le manè le go leta ka bopelotelele, ke ne ka atlega go kopana le motlhatlhobi wa kgaolo wa dikolo. E ne e le monna yo o neng a tshwaregile thata. Le fa go ntse jalo, o ne a le botsalano thata mme a bua le nna ka sebakanyana. Fa ke tsamaya, o ne a bolela jaana: “Ke anaanela maiteko a gago tota mme ruri ke tla bala kgatiso ya gago ka kelotlhoko.”

Mo lekgetlhong le lengwe, ke ne ka etela kgotlatshekelo ya kgaolo, go bua le moatlhodi yo mogolo, yo e neng e le monna wa dingwaga tse di fa gare. Fa ke tsena mo ofising ya gagwe, o ne a tsholetsa tlhogo go tswa mo dipampiring tse a neng a di tshwere a bonala a sa itumela.

“Nako ya go tla mo ofising ke ka Labobedi mo mosong fela mme ka nako eo ke tla kgona go go thusa ka tshedimosetso nngwe le nngwe,” a bolela jalo ka bogale.

Ke ne ka araba ka bonako ke re: “Ke kopa gore o intshwarele go bo ke tlile ka nako e e sa tshwanelang,” mme ka oketsa gore “Gone mme, nka itumelela go boa gape ka nako e nngwe. Mme tota ke ne ke go etela fela.”

Jaanong moatlhodi o ne a gakalela go itse. O ne a mpotsa ka lentswe le le seng bogale gore ke batla eng. Ke ne ka boa ka bolela gore ke tla tla gape ka Labobedi.

O ne a gatelela gore: “Tsweetswee nna fa fatshe,” mo go neng ga nkgakgamatsa. “O batla eng?”

Morago ga foo re ne ra nna le motlotlo o o monate mme o ne a kopa maitshwarelo go bo a ile a se ka a nna botsalano mo tshimologong ka gonne tota o ne a tshwaregile.

Morago ga nakwana moatlhodi o ne a botsa jaana: “A o itse gore ke eng se ke se ratang ka Basupi ba ga Jehofa? Ba na le melaometheo e e utlwalang tota mme ga ba ke ba e tlola. Hitler o ne a leka sengwe le sengwe se a neng a ka se kgona, mme le fa go ntse jalo, Basupi ga ba a ka ba ya ntweng.”

Fa bobedi jwa rona re tsena mo ofising, bakwaledi ba ne ba re gopola. Mokwaledi yo mogolo o ne a buela kwa godimo a ritibetse a re, “Poresidente ga a ke a dumela go etelwa ke batho ba ditlhopha dipe.”

Ke ne ka araba ke ritibetse ka re, “mme rona o tla re amogela, ka gonne rona re Basupi ba ga Jehofa. Ga re bakopi ba ba tshwenyang mme loeto lwa rona lo ka se ka lwa tsaya metsotso e e fetang e le meraro.” Mo pelong ke ne ke rapela ka tlhoafalo, “O Jehofa, tsweetswee dira gore go tsamaye sentle!”

Mokwaledi o ne a araba ka tsela ya go sa kgatlhege, “Go siame he, ke tla leka.” O ne a tsamaya. Morago ga metsotso e le mebedi, e e neng e lebega e le nako e telele mo go nna, o ne a tlhaga a latelwa ke poresidente ka boene. Kwantle ga go bua sepe, o ne a re etelela pele go ya kwa ofising ya gagwe, a feta diphaposi tse dingwe tse pedi.

Fa re simolola go tlotla, o ne a nna botsalano le go feta. O ne a amogela dimakasine tse di kgethegileng tsa Tsogang! ka boitumelo fa re di mo tsamaisetsa. Re ne ra lebogela Jehofa tshono eno ya go neela bosupi jo bo molemo ka boikaelelo jwa tiro ya rona.

Fa ke akanya ka maitemogelo a mantsi a a itumedisang, ke ile ka tlhaloganya sentle se moaposetoloi Petere a neng a se bolela: “Ammaaruri ke a lemoga fa Modimo e se motlhaodi wa batho; mo merafeng yotlhe, yo o boifang one, a ba a dira tshiamo, o a lebosega mo go one.” (Ditiro 10:34, 35) Go rata ga Modimo ke gore batho ba mefuta yotlhe, ba dipuo tsotlhe, kana maemo otlhe a botshelo ba tshwanetse go newa tshono ya go itse maikaelelo a gagwe malebana le batho le lefatshe.—E neetswe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela