Oketsa Boipelo Jwa Gago mo Tirong ya go Rera
1 A o ipelela go nna le seabe mo go boleleng dikgang tse di molemo mo bodireding jwa gago? Fa re se kelotlhoko, lefatshe leno le le boikepo le ka dira gore re tshabe go rera, la dira gore re latlhegelwe ke boipelo jwa rona. Go dira mo tshimong e e se nang matswela le gone go ka re kgoba marapo. Ke dikgato dife tse di molemo tse di ka re thusang go oketsa boipelo jwa rona mo tirong ya go rera?
2 Nna le Boikutlo jo bo Siameng: Go nna le boikutlo jo bo siameng go a thusa eleruri. Tsela nngwe e re ka nnang le boikutlo jono ka yone ke ka go tlhatlhanya ka tshiamelo e kgolo e re nang le yone ya go nna “badirimmogo le Modimo.” (1 Bakor. 3:9) Jesu le ene o na le rona fa re ntse re dira tiro eno. (Math. 28:20) Mme o re ema nokeng ka lesomosomo la baengele. (Math. 13:41, 49) Ka gone, re ka tlhomamisega gore maiteko a rona a kaelwa ke Modimo. (Tshen. 14:6, 7) Ka jalo, le fa batho bangwe ba ka nna ba tsibogela tiro ya rona ka tsela le fa e le efe, kwa legodimong go itumetswe thata!
3 Baakanyetsa Sentle: Go baakanyetsa sentle le gone go dira gore re ipele thata. Ga o tlhoke go dira tiro e ntsi gore o siamele go ya bodireding. Go tlhokega metsotso e sekae fela go sekaseka ntlha e o ka buang ka yone go tswa mo dimakasineng tsa bosheng kana mo dibukeng tse di tsamaisiwang mo kgweding. Tlhopha puisano nngwe mo go “Se re Ka se Buang ka Dimakasine,” mo go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Leba tsenyeletso ya January 2002, setlhogo se se reng “Dipuisano Tse di Akantshitsweng Tsa Tirelo ya Tshimo,” kana leba puisano e e nang le matswela e o ka simololang motlotlo ka yone mo bukeng ya Go Fetolana. Fa o kgorelediwa ke kgang nngwe e beng ba matlo ba tlwaetseng go tsosa kganetso ka yone, baakanyetsa karabo e e tla bontshang gore o a utlwa se ba se buang o bo o isa motlotlo kwa kgannyeng nngwe e e kgatlhang. Buka ya Go Fetolana e thusa thata mo kgannyeng eno. Go dirisa didirisiwa tseno go tla re naya bopelokgale jo re bo tlhokang gore re rere ka boipelo.
4 Rapela ka Tlhoafalo: Thapelo e botlhokwa thata gore motho a nne le boipelo jo bo nnelang ruri. E re ka re dira tiro ya ga Jehofa, re tshwanetse go rapelela moya wa gagwe, o leungo lengwe la one e leng boipelo. (Bagal. 5:22) Jehofa o tla re naya nonofo ya go tswelela pele re rera. (Bafil. 4:13) Go rapela ka bodiredi jwa rona go ka re thusa go nna le boikutlo jo bo siameng fa re lebane le maemo a a sa itumediseng. (Dit. 13:52; 1 Pet. 4:13, 14) Fa re ikutlwa re boifa, thapelo e ka re thusa go tswelela pele ka bopelokgale le ka boipelo.—Dit. 4:31.
5 Itirele Dibaka Tsa go Bua: Ke boammaaruri gore re ipelela bodiredi jwa rona thata fa re kgona go bona batho le go ba naya bosupi. Go fetola thulaganyo ya gago gore o tsamaye ka ntlo le ntlo ka dinako tse di farologaneng, gongwe maitseboa kana ka lotlatlana, go ka go thusa go atlega ka mo go golwanyane. O kopana le batho nako le nako fa o tsamaya mo mebileng, o ya kwa mabenkeleng, o pagame bese, kana o itsamaela mo parakeng. Ke eng fa o sa baakanyetse puisano e khutshwane e o ka simololang motlotlo ka yone o bo o leka go atamela batho ba ba lebegang ba le botsalano? Kana o ka tswa o dira mo tirong nngwe ya boitshediso kana o tsena sekolo, koo o kgonang go bua le ba bangwe letsatsi le letsatsi gone. O ka nna wa kgona go bona sebaka sa go naya ba bangwe bosupi ka go tsosa kgang nngwe fela ya Dikwalo e e ka tsosang kgatlhego. O ka bona dikakantsho tse di molemo mo tsebeng ya ntlha ya tsenyeletso ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya January 2002. Epe fela ya ditsela tseno e ka go thusa go nna le boipelo jo bogolwanyane mo tirong ya go rera.
6 E re ka boipelo bo re thusa go itshoka, a bo go le botlhokwa thata jang ne go nna re ipela ka dinako tsotlhe! Fa re dira jalo, re tla nna le maduo a magolo fa tiro eno e e se kitlang e boelediwa gape e fitlha kwa bokhutlong jwa yone. Tebelelo eno ka boyone fela e ka oketsa boipelo jwa rona mo tirong ya go rera.—Math. 25:21.