LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/03 ts. 12
  • “Direlang Jehofa ka go Ipela”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Direlang Jehofa ka go Ipela”
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Oketsa Boipelo Jwa Gago mo Tirong ya go Rera
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • Boipelo—Nonofo e e Tswang Kwa Modimong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2018
  • Direla Jehofa ka Boipelo Jwa Pelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Batho ba ba Itumetseng—Ka Ntlha Yang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
km 10/03 ts. 12

“Direlang Jehofa ka go Ipela”

1. Ke eng se se ka ipedisang batlhanka ba ga Jehofa thata?

1 Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Ka metlha ipeleng mo Moreneng. Ke tla boa gape ke re, Ipeleng!” (Bafil. 4:4) Tshiamelo ya go bolelela ba bangwe dikgang tse di molemo le go thusa batho ba sekadinku gore ba obamele Jehofa e itumedisa fela thata. (Luke 10:17; Dit. 15:3; 1 Bathes. 2:19) Le fa go ntse jalo, fa re fitlhela gore ka dinako tse dingwe ga re itumele mo bodireding jwa rona, re ka dirang?

2. Go nna re gopotse gore ke mang yo o re romileng go ka thusa jang gore re ipele?

2 Tiro E re E Neilweng ke Modimo: Gakologelwa gore Jehofa ke ene a re romileng gore re rere. Ee, a bo re na le tshiamelo e kgolo jang ne ya go nna “badirimmogo le Modimo” ka go bolela molaetsa wa Bogosi le go dira barutwa! (1 Bakor. 3:9) Keresete Jesu o na le rona mo tirong eno e e ka se kang ya tsamaya e dirwa gape. (Math. 28:18-20) Baengele le bone ba tlhoafetse mme ba dira le rona mo tirong e kgolo ya thobo ya semoya e e dirwang gone jaanong. (Dit. 8:26; Tshen. 14:6) Dikwalo, mmogo le maitemogelo a batho ba Modimo, di naya bosupi jo bo sa belaetseng jwa gore Jehofa o eme tiro eno nokeng. Ka jalo, fa re rera, re tswa “jaaka ba ba romilweng ke Modimo, mo ponong ya Modimo, re patilwe ke Keresete.” (2 Bakor. 2:17) A lebaka le le utlwalang sentle jang ne la gore re ipele!

3. Thapelo e thusa jang gore re nne re ipela mo tirelong ya Modimo?

3 Thapelo e botlhokwa gore re nne re ipela mo tirelong ya Modimo. (Bagal. 5:22) E re ka re kgona go dira tiro ya Modimo ka maatla a gagwe fela, re tshwanetse go kopa moya wa gagwe, o a o nayang ka bopelotshweu botlhe ba ba o kopang. (Luke 11:13; 2 Bakor. 4:1, 7; Baef. 6:18-20) Go rapela ka bodiredi jwa rona go tla re thusa gore re nne re leba dilo ka tsela e e tshwanetseng fa re kopana le batho ba ba sa amogeleng molaetsa wa rona. Go tla re thusa gore re nne re rere ka bopelokgale e bile re itumetse.—Dit. 4:29-31; 5:40-42; 13:50-52.

4. Go baakanyetsa sentle go re thusa jang gore re oketse boipelo jwa rona fa re rera, mme ditsela dingwe tse di mosola tse re ka baakanyetsang ka tsone ke dife?

4 Baakanyetsa Sentle: Tsela e re ka dirang ka yone gore re oketse boipelo jwa rona fa re le mo bodireding ke go baakanyetsa sentle. (1 Pet. 3:15) Go baakanyetsa jalo ga go tlhoke go tsaya nako e ntsi. Go tsaya metsotso e sekae fela go ikgopotsa dikakantsho tsa kafa o ka buelelang ka teng dimakasine tsa bosheng kgotsa kgatiso e o ikaeletseng go e tsamaisa. Fa o batla matseno a a tshwanelang, o ka leba buka ya Go Fetolana kgotsa dikgatiso tse di fetileng tsa Tirelo ya Rona ya Bogosi. Baboledi bangwe ba Bogosi ba fitlhela go thusa go kwala puisano e khutshwane mo pampitshaneng. Ba leba pampitshana eno gangwe le gape gore ba ikgopotse. Seno se ba thusa gore ba fedise letshogo e bile go dira gore ba tlhomamisege ka se ba se buang mme ba rere ka bopelokgale.

5. Go ipela go solegela rona le ba bangwe molemo jang?

5 Boipelo bo na le melemo e le mentsi. Go ipela ga rona go dira gore molaetsa wa rona o gogele. Boipelo bo re nonotsha gore re itshoke. (Neh. 8:10; Baheb. 12:2) Mo godimo ga tsotlhe, tirelo ya rona e e ipedisang e galaletsa Jehofa. Ka jalo, a re ‘direleng Jehofa ka go ipela.’—Pes. 100:2.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela