LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 1/03 ts. 4
  • Ruta ba Bangwe Puo e e Itshekileng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ruta ba Bangwe Puo e e Itshekileng
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Puo e e Itshekileng ya Merafe Yotlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • A o Bua ‘Puo e e Itshekileng’ ka Thelelo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • A Puo e e Itshekileng e lo Dire Seoposengwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Bua Puo e e Itshekileng Mme o Tshelele Ruri!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
km 1/03 ts. 4

Ruta ba Bangwe Puo e e Itshekileng

1 Le fa Basupi ba ga Jehofa ba tswa mo ‘merafeng, ditsong, ditšhabeng le ditemeng’ tse dintsi, ke batho ba ba utlwanang, ke bakaulengwe ba boammaaruri ba lefatshe lotlhe. (Tshen. 7:9) Seno ke selo se se tlhomologileng tota mo lefatsheng la gompieno le le sa utlwaneng. Seno se kgonega jang? Ke ka gonne re ‘fetoletswe mo puong e e itshekileng.’—Sefa. 3:9.

2 Matswela a a Molemo: Puo eno e e itshekileng ke eng? Ke tsela e e tshwanetseng ya go tlhaloganya boammaaruri jo bo fitlhelwang mo Lefokong la Modimo jo bo malebana le Jehofa le maikaelelo a gagwe, segolobogolo boammaaruri kaga Bogosi jwa Modimo. Fela jaaka Jesu a boleletse pele, go dirisiwa tsela e e bonalang ya mo lefatsheng, e leng “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” go aba boammaaruri jono, mme seno se felela ka gore batho “ba ba tswang mo dipuong tsotlhe tsa ditšhaba” ba amogele kobamelo ya boammaaruri.—Math. 24:45; Seka. 8:23.

3 Fa batho ba ntse ba ithuta puo e e itshekileng, ba tlhotlheletsega go fetola matshelo a bone gore a dumalane le melao ya ga Jehofa. Ba ithuta go ‘nna seoposengwe ka tsela e e tshwanetseng mo mogopolong o le mongwe fela le mo tseleng e le nngwe fela ya go akanya.’ (1 Bakor. 1:10) Gape thuto ya Modimo e dira gore ba nne le boitshwaro jo bo siameng le jo bo molemo, ba bue boammaaruri, segolobogolo malebana le go bolelela batho ba bangwe dikgang tse di molemo. (Tito 2:7, 8; Baheb. 13:15) Diphetogo tseno tse di molemo di galaletsa Jehofa.

4 Ka sekai, monna mongwe yo o neng a bolelelwa dikgang tse di molemo o ne a na le dipotso di le dintsi, mme tsotlhe di ne tsa arabiwa go dirisiwa Baebele. Ka ntlha ya go tlhotlhelediwa ke se a se utlwileng, o ne a simolola go ithuta gabedi ka beke le go nna gone kwa dipokanong. O ne a gakgamadiwa ke tsela e e lorato e a neng a amogelwa ka yone kwa Holong ya Bogosi, e re ka batho ba le bantsi ba ba neng ba le gone e ne e se ba lotso lwa gagwe. Go ise go ye kae, ene le mosadi wa gagwe ba ne ba dira diphetogo mo matshelong a bone mme ba kolobediwa. Fa e sa le go tloga ka nako eo o thusitse batho ba ka nna 40 go direla Jehofa, go akaretsa le maloko a le mmalwa a lelapa. Le fa gone a le bokoa mo mmeleng, bosheng jaana o sa tswa go nna mmulatsela.

5 Go Ruta ba Bangwe: Ditiragalo tsa lefatshe di dira gore batho ba le bantsi ba ba ikanyegang ba sekaseke sesha tsela e ba akanyang ka yone le e ba tshelang ka yone. Fela jaaka Jesu, re tshwanetse ra eletsa go ba thusa. Go dira maeto a go boela a a nang le matswela le go tshwara dithuto tsa Baebele ke ditsela tsa konokono tse ka tsone re ka thusang batho ba ba dipelo di phepa go ithuta puo e e itshekileng.

6 Tsela e e itshupileng e na le matswela mo bathong ba ba tshwaregileng ke ya go tshwara thuto ya Baebele e khutshwane gone fela fa kgorong ya bone. (km-TN 5/02 ts. 1) A o kile wa leka go dira jalo? Fa o ipaakanyetsa go dira loeto lwa go boela, tlhopha puisano e e tla tshwanelang mong wa ntlo mo tsenyeletsong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya January 2002. Bontsi jwa dipuisano tse di mo tsenyeletsong eno di diretswe gore di lebise motlotlo ka tlhamalalo mo boroutšhareng jwa Re Direng kana mo bukeng ya Kitso. Ikatisetse puisano gore o kgone go bua ka thelelo go tloga fela mo matsenong a gago go fitlha lo ya go tsena kwa go sengwe sa dirapa. Tlhopha lekwalo le le lengwe kana a mabedi go tswa mo serapeng a o tla a balang le go a tlhalosa, mme o baakanyetse le potso e o tla konelang puisano ka yone. Seno se tla go thusa gore o kgone go fetela mo serapeng se o rulaganyeditseng go tlotla ka sone mo loetong lo lo latelang.

7 Batho ba ga Jehofa ba nna le masego a le mantsi a a tlisiwang ke go ithuta puo e e itshekileng. E kete re ka thusa ba bangwe ka tlhoafalo go kopanela mmogo le rona mo go ‘bitseng leina la ga Jehofa’ le go ‘mo direla re le seoposengwe.’—Sefa. 3:9.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela