LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 2/03 ts. 7
  • Bidio e e Sedimosang e Bile e Ama Maikutlo!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bidio e e Sedimosang e Bile e Ama Maikutlo!
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Koo Soviet e Kobiseditseng Tlhaselo ya Yone Gone
    Tsogang!—2001
  • Kgolo E E Boitshegang
    Tsogang!—1992
  • Kafa Soviet e Tlhasetseng Bodumedi ka Gone
    Tsogang!—2001
  • Go Isiwa Botshwarwa Kwa Siberia!
    Tsogang!—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
km 2/03 ts. 7

Bidio e e Sedimosang e Bile e Ama Maikutlo!

E ne e le April 1951. Diketekete tsa Basupi ba ga Jehofa kwa Soviet Union ya maloba—malapa otlhe a bone—ba ne ba phuthiwa, ba pegwa mo matorokong mme ba isiwa botshwarwa kwa Siberia. Ke ka ntlha yang fa puso e e maatla ya Soviet e ne e ikaeletse go ba fedisa? Bakaulengwe ba rona ba ne ba falola le go atlega jang le fa ba ne ba bogisiwa ka metlha ka masomesome a dingwaga? O tla bona dikarabo mo bidiong ya Faithful Under Trials—Jehovah’s Witnesses in the Soviet Union. E lebelele, mme o letle gore molaetsa wa yone o o sedimosang o go tlhotlheletse gore o boloke boikanyegi jwa gago mo go Jehofa, le fa go ka diregang!

A o ka araba dipotso tseno? (1) Basupi ba ga Jehofa kwa Russia ba ne ba letlelelwa semmuso leng la ntlha? (2) Soviet Union e ne ya kgona jang go tshwara malapa a mangwe a le diketekete a Basupi pele ga Ntwa ya Lefatshe II le morago ga yone? (3) Dithuto tsa bone di ne di thulana jang ka tlhamalalo le filosofi ya ga Lenin? (4) Operation North e ne e le eng, mme Stalin o ne a solofetse go fitlhelela eng ka yone? (5) Go ya botshwarwa go ne go kaya eng mo Basuping, mme ba ne ba boleletswe gore ba dire eng gore ba se ka ba isiwa botshwarwa? (6) Mo loetong lo loleele ka terena go ya kwa Siberia, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba kgothatsana jang ka tsela e e neng ya gakgamatsa batho ba ba neng ba ba tshwere? (7) Ke dilo dife tse di utlwisang botlhoko tse Basupi ba neng ba di itshokela kwa Siberia? (8) Ke dithulaganyo dife tsa semoya tse batho ba ga Jehofa ba neng ba di tseela kwa godimo, mme ka ntlha yang? (9) Ke ka ntlha yang fa bakaulengwe ba rona ba ne ba ikemiseditse go tsenya matshelo a bone mo kotsing ka ntlha ya dibuka tsa bone, mme ba ile ba fenya jang maiteko a ka metlha a balaodi a go ba thibela go di amogela? (10) Khrushchev o ne a tswelela pele jang go tlhasela batho ba Modimo? (11) Balaodi ba ne ba leka jang go senya tumelo ya bana ba Basupi? (12) Bakaulengwe ba rona ba ne ba tlhaloganya lebaka lefe sentle la go bo ba ne ba bogisiwa? (2002 Yearbook, tsebe 203-4) (13) Go tlhaselwa ga phuthego ya Modimo go ne ga nna le matswela afe a a neng a sa lebelelwa ke babogisi? (2002 Yearbook, tsebe 220-1) (14) Ke dilo dife tse di neng tsa direga tse pele go neng go sa kgonege gore Basupi ba di dire kwa Soviet Union wa maloba? (15) Ke eng se se thusitseng bakaulengwe ba rona go itshokela diteko tse ba neng ba lebana le tsone, mme karolo ya bofelo ya bidio eno e bontsha jang boammaaruri jwa Jeremia 1:19? (16) Bolela boitemogelo bongwe jo bo neng jwa go ama thata jwa batho bangwe ba ba neng ba ikanyega fa ba lekwa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela