LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 5/03 ts. 7
  • Lebokoso la Dipotso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lebokoso la Dipotso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Neela Bosupi ka Thelefouno go ka Nna le Matswela
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
  • Go Neela Bosupi ka Katlego ka Founu
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
  • Lebokoso la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
  • Letlole la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
km 5/03 ts. 7

Lebokoso la Dipotso

◼ Fa re neela bosupi ka thelefouno, a re tshwanetse go umaka thulaganyo ya moneelo?

Fa re neela bosupi re bua le motho ka namana, re ka nna ra kgona go tlhalosa gore tiro ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa ya go ruta Baebele e tshegediwa gotlhelele ka meneelo e e ntshiwang ka go rata le gore re itumelela thata go amogela meneelo eo. Le fa go ntse jalo, ga go a tshwanela ga umakiwa meneelo kana thulaganyo ya meneelo fa re neela bosupi ka thelefouno, e re ka seno se ka lejwa ka tsela e e phoso e le go kopa madi ka thelefouno. Bodiredi jwa Basupi ba ga Jehofa ga se kgwebo gotlhelele.—2 Bakor. 2:17.

◼ Fa re neela bosupi ka thelefouno, ke eng se re tshwanetseng ra se dira fa motho a kopa gore Basupi ba ga Jehofa ba se tlhole ba mo founela gape?

Re tshwanetse go tlotla se motho yono a se kopang. Ntlha eno e tshwanetse go kwalwa e na le letlha mmogo le leina la motho yo o dirileng kopo e bo e bewa mo enfelopong ya tshimo gore baboledi ba se ka ba founela nomore eo mo nakong e e tlang. Gangwe ka ngwaga, go tshwanetse ga sekasekwa lenaane la batho ba ba ileng ba kopa gore ba se tlhole ba founelwa. Ka kaelo ya molebedi wa tirelo go ka nna ga abelwa baboledi ba ba nang le maitemogelo le bokgoni go etela batho bano go utlwa gore a ba sa ntse ba sa batle go founelwa.—Bona Letlole la Dipotso le le mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya September 1994.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela