LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 8/03 ts. 1
  • Tiro e e Lapolosang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tiro e e Lapolosang
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Rwalang Jokwe ya Me”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
  • “Tlang mo go Nna, . . . Mme ke Tla lo Lapolosa”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
  • ‘Go Bonela Mewa ya Lona Tapologo’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • “Jokwe Ya me E Bonolo, le Morwalo Wa me O Motlhofo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
km 8/03 ts. 1

Tiro e e Lapolosang

1 Molaetsa wa Baebele o lapolosa botlhe ba ba o amogelang ba bo ba o dirisa mo matshelong a bone. (Pes. 19:7, 8) O ba thusa go kgaogana le dithuto tsa maaka le mekgwa mengwe e e sa siamang o bo o ba naya tsholofelo e e tlhomameng ka isagwe. Le fa go ntse jalo, ba ba reetsang dikgang tse di molemo ga se bone fela ba ba solegelwang molemo. Ba ba bolelelang ba bangwe boammaaruri jo bo lapolosang jwa Baebele le bone ba a lapologelwa.—Dia. 11:25.

2 Go Lapolosiwa ke Bodiredi: Jesu o ne a re ba ba sikarang jokwe ya go nna barutwa ba ga Keresete, e e akaretsang go dira tiro ya go rera le go dira barutwa, ba tla “bonela meya ya [bone] tapologo.” (Math. 11:29) Ene ka boene o ne a go fitlhela go lapolosa go neela ba bangwe bosupi. E ne e kete ke dijo mo go ene. (Joh. 4:34) E ne ya re fa a romela barutwa ba le 70 go ya go rera, ba ne ba ipelela go bona Jehofa a tshegetsa tiro ya bone.—Luke 10:17.

3 Gompieno, Bakeresete ba le bantsi ba lapolosiwa ke go nna le seabe mo tirong ya go rera. Kgaitsadi mongwe o ne a bolela jaana: “Ke lapolosiwa ke bodiredi ka gonne bo dira gore ke kgone go bona se ke se tshelelang. Ke lebala mathata otlhe a me le go tshwenyega ga me mo maikutlong ga letsatsi le letsatsi fa ke nna le seabe mo bodireding.” Modiredi yo mongwe yo o tlhagafetseng o ne a bolela jaana: “Bodiredi . . . bo nkgakolola letsatsi le letsatsi gore Jehofa ke motho wa mmatota e bile bo nnaya kagiso le boitumelo tse ke ka se kang ka di bona ka tsela epe e nngwe.” A bo re na le tshiamelo e kgolo jang ne ya go nna “badirimmogo le Modimo”!—1 Bakor. 3:9.

4 Jokwe ya ga Keresete ke ya Bopelonomi: Le fa Bakeresete ba kgothalediwa gore ba ‘iteke ka tlhagafalo,’ Jesu ga a lebelela gore re dire dilo tse re ka se kang ra di kgona. (Luke 13:24) Eleruri, o re laletsa ka lorato gore re ‘rwale jokwe le ene.’ (Math. 11:29, bona mokwalo o o kwa tlase wa Reference Bible) Ba ba lebaneng le maemo mangwe a a boima ba ka nna le tsholofelo ya gore tiro e ba e dirang ka moya otlhe, le fa e se ntsi go le kalo, e itumedisa Modimo.—Mar. 14:6-8; Bakol. 3:23.

5 A bo go lapolosa jang ne go direla Modimo yo o anaanelang le fa e ka nna eng fela se re se dirang ka ntlha ya leina la gagwe! (Baheb. 6:10) E kete ka metlha re ka leka go mo direla ka bojotlhe jwa rona.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela