LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 5/04 ts. 1
  • Mmino o o Lapolosang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mmino o o Lapolosang
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Ka Dira Jang Gore Mmino o Seka Wa Nna Selo Sa Konokono mo go Nna?
    Tsogang!—1993
  • Ke Eng Selo sa Konokono—Se Se Ka Dirang Gore O Ipelele Mmino?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Nka Laola Jang Lorato Lwa me Lwa Mmino?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
  • A go Botlhokwa Gore ke Tlhopha Mmino o o Ntseng Jang?
    Basha ba Botsa Jaana
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
km 5/04 ts. 1

Mmino o o Lapolosang

1 Mmino le go opela ke karolo ya botlhokwa ya kobamelo ya boammaaruri. Kwa Iseraele wa bogologolo, Asafe le bomorwarraagwe ba ne ba opela ba re: “Ntshetsang Jehofa ditebogo. . . . Mo opeleleng, mo leletseng pina, tlhatlhanyang ka ditiro tsotlhe tsa gagwe tse di gakgamatsang.” (1 Ditir. 16:8, 9) Mo metlheng eno, re opelela Jehofa kwa dipokanong tsa rona tsa phuthego tsa beke le beke. (Baef. 5:19) A bo eo e le tshono e e molemo jang ne ya go baka leina la gagwe!—Pes. 69:30.

2 Go reetsa Kingdom Melodies, dipina tsa Bogosi tse di lediwang ke okhestra, go ka dira gore megopolo ya rona e tlale ka dilo tsa semoya. Kgaitsadi mongwe o ne a tlhalosa jaana: “Fa mmino ono o ntse o tshameka, ke gopola mafoko a pina. A bo e le tsela e e molemo jang ne ya gore ke nne ke akantse ka Jehofa fa ke ntse ke reeditse mmino!”—Bafil. 4:8.

3 Dinako Tse O ka O Itumelelang ka Tsone: Go tshameka Kingdom Melodies mo gae go dira gore go nne le moya wa lorato o o rotloetsang kagiso mo lelapeng. Lelapa lengwe le ne la kwala jaana: “Re tshameka [mmino] ono re o boaboeletsa fa re le mo gae le fa re le mo koloing mme ga o ke o re lapisa ka gonne o rulagantswe ka tsela e e monate. Gantsi Kingdom Melodies e dira gore re nne le mogopolo o o ritibetseng fa re ipaakanyetsa go ya dipokanong tsa Bokeresete kgotsa fa re ya kopanong.” Kgaitsadi mongwe o ne a re: “Di intumedisa tota fa ke di reetsa ke ntse ke dira tiro ya mo gae—ke mang yo o neng a ka akanya gore nka itumela fa ke menaganya diaparo? Ke ikaeletse go letsa mmino ono fa ke ikutlwa ke ngomogile maikutlo. O a ritibatsa tota! . . . Pina nngwe le nngwe e dira gore o itumele.” A go na le dinako tse mmino o o lapolosang ono o ka go solegelang molemo ka tsone?

4 Bontsi jwa mmino wa gompieno o bontsha moya wa lefatshe. Batsadi ba ka thusa bana ba bone go tlwaela mmino o o siameng ka go dirisa mmino o o rekotilweng wa Kingdom Melodies ka botlalo. Baithuti ba le bantsi ba Baebele le batho ba ba kgatlhegang le bone ba ka itumelela go utlwa ka dipina tseno tse di monate tsa semoya, tse di galaletsang Jehofa e bile di itumedisa.—Pes. 47:1, 2, 6, 7.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela