O se Ka wa Kgaotsa go Dira Tiro ya go Rera
1 Re tshela mo metlheng ya mathata. Re utlwalela thata ka dintwa tsa maraganela teng, dintwa tse mo go tsone go tlhaselwang batho ba morafe o sele, dikotsi tsa masetlapelo a tlholego le ditiragalo tse dingwe tse di tsitsibanyang mmele. Fa go buiwa ka nako e batho ba tlhokang dikgang tse di molemo ka yone, ke nako e re mo go yone gone jaanong. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ga ba kgatlhegele go ithuta ka dilo tsa semoya. Mo mafelong mangwe go ka nna ga ba ga nna thata go fitlhela batho kwa gae, e bile go ka nna thata le go feta go kopana le batho ba ba tla re reetsang kgotsa ba ba ratang go ithuta Baebele. Mme go ntse go le jalo, go botlhokwa thata gore re se ka ra kgaotsa go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jo bo tlhomilweng jwa Modimo.—Math. 24:14.
2 Go Rata Batho: Tiro ya rona ya go rera e dira gore batho ba bone tsela e Jehofa a ba ratang ka yone. “Ga a eletse gore ope a senngwe mme o eletsa gore botlhe ba fitlhe mo boikwatlhaong.” (2 Pet. 3:9; Esek. 33:11) Ka gone o laetse gore, jaaka Jesu a ne a bua, ‘dikgang tse di molemo di rerwe pele mo ditšhabeng tsotlhe.’ (Mar. 13:10) Modimo o ikuela mo bathong gore ba retologele kwa go ene mme ba tshabele katlholo e e tlileng go tlela lefatshe leno la ga Satane. (Joele 2:28, 29, 32; Sefa. 2:2, 3) A ga re itumelele gore Jehofa o re neile nako ya go tshabela kwa go ene?—1 Tim. 1:12, 13.
3 Pego ya lefatshe lotlhe e bontsha gore mo ngwageng wa tirelo wa 2004, go ne ga tshwarwa palogare ya dithuto tsa Baebele di le 6 085 387 kgwedi le kgwedi mme go ne go kolobediwa mo e ka nnang barutwa ba basha ba le 5 000 beke nngwe le nngwe! Bontsi jwa batho bano ba ba sa tswang go ineela ba fitlheletswe ka gonne Jehofa a ne a segofatsa maiteko a a neng a dirwa ke baboledi ba sa kgaotse, ba leka go bua le mongwe le mongwe mo tshimong ya bone. Mme seno se dirile gore diphuthego di nne le boitumelo jo bo seng kana ka sepe, e bile se dirile gore re nne le tshiamelo e e seng kana ka sepe ya go nna badiri mmogo le Modimo mo tirong eno ya go boloka matshelo a batho.—1 Bakor. 3:5, 6, 9.
4 Go Baka Leina la Modimo: Ga re kgaotse go dira tiro eno ya go rera ka gonne re batla go baka Jehofa phatlalatsa e bile re batla go itshepisa leina la gagwe mo bathong botlhe. (Baheb. 13:15) Satane o tsieditse “lefatshe lotlhe le le nang le banni” ka go dira gore ba dumele gore Modimo ga a na maatla a go baakanya mathata a batho, gore ga a kgathale le fa a bona batho ba bogisega, kgotsa gore tota e bile ga a yo. (Tshen. 12:9) Fa re rera, tota re a bo re buelela boammaaruri ka Rraarona yo o molemolemo wa selegodimo. E kete re ka tswelela pele re baka leina la gagwe—gone jaanong le go ya go ile.—Pes. 145:1, 2.