Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
Tora ya Tebelo Mar. 15
“Batho lefatshe ka bophara ba bua bontle ka dithuto tsa ga Jesu. [Bala nopolo e e mo go tsebe 3, serapa 1.] Mme a o akanya gore dithuto tseno tsa gagwe, tse di jaaka e e mo temaneng eno, di na le molemo mongwe gompieno? [Bala Mathaio 5:21, 22a. Go tswa foo mo letle gore a arabe.] Makasine ono o tlotla ka dilo tse Jesu a neng a di ruta le gore re ka solegelwa molemo jang ke thuto ya gagwe.”
Tora ya Tebelo Apr. 1
“A o kile wa utlwela go twe saense le Baebele di a ganetsana? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono o tlotla ka kgotlhang e e nnileng teng mo gare ga saense le bodumedi. Mme gape e ntsha bosupi jo bo bontshang gore saense ya boammaaruri e a dumalana le Baebele.” Mmontshe ditsebe 6-7. Go tswa foo o bo o bala Moreri 1:7.
Tsogang! Apr. 8
“Batho ba le bantsi ba rata dithaba ka gonne di le dintle, mme a o ne o itse gore gape di botlhokwa gore botshelo bo tswelele bo le teng mo lefatsheng? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono o tla go tlotlela gore ke ka ntlha yang fa re tlhoka dithaba le gore go diregang ka tsone gompieno jaana. Gape o tla go bolelela gore Mmopi o tlile go dirang go sireletsa karolo e e botlhokwa eno ya popo.” Bala Pesalema 95:4.
“O akanya gore batsadi ba ka thusa bana ba bone jang go efoga mathata mo dingwageng tsa bone tsa bosha? [Mo letle gore a arabe. Go tswa foo o bo o bala Isaia 48:17, 18.] Makasine ono o bontsha kafa go dirisa kgakololo ya Baebele go ka thusang batsadi ka teng go dira gore go nne le puisano mo gare ga bone le bana ba bone le go ba beela melao e ba tla kgonang go tshela ka yone.”