Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
Tora ya Tebelo Mar. 15
“Bontsi jwa rona re kile ra tlhokafalelwa ke mongwe yo re mo ratang. Mme a o kile wa bona tsholofetso eno e e gomotsang? [Bala Ditiro 24:15. Morago ga moo mo letle gore a arabe.] Le fa go le jalo, batho ba le bantsi ba ipotsa jaana, Go tla tsosiwa bomang? Ba tla tsosiwa leng? Ba tla tsosediwa kae? Makasine ono o araba dipotso tseno ka Baebele.”
Tsogang! Mar.
“Batho ba le bantsi ba dumela gore Jesu ke Modimo. Mme morutwa wa ga Jesu e bong Petere ene o ne a re Jesu ke Morwa wa Modimo. [Bala Mathaio 16:16.] A o akanya gore go a kgonega gore Jesu e nne Modimo mme gape e ntse e le Morwa Modimo? [Mo letle gore a arabe.] Setlhogo seno se se mo tsebeng ya 12-13 se sekaseka potso eno, se tlhalosa gore Baebele ya reng ka ntlha eno.”
Tora ya Tebelo Apr. 1
“Polelo eno e e itsegeng e gatelela botlhokwa jwa go nna le kitso ya Modimo. [Bala Mathaio 4:4.] Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba fitlhela go le thata go tlhaloganya Lefoko la Modimo. Kgotsa wena wa reng? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono o ntsha dikakantsho tse di mosola tse di ka go thusang go tlhaloganya Baebele.”
Tsogang! Apr.
“Batho ba le bantsi ba leka ka natla go itumela, mme go bonala e le batho ba le mmalwa fela ba ba itumelang. A o akanya gore sengwe sa dilo tse di kwadilweng fano se ka thusa batho go nna le matshelo a a itumedisang? [Mmontshe lebokoso le le mo tsebeng ya 9. Morago ga moo bala nngwe ya ditemana tse di umakilweng.] Makasine ono wa Tsogang! o tlotla ka dintlha tse di tswang mo Baebeleng tse di ka dirang gore motho a itumele ka mmatota.”