Se re Ka se Buang ka Dimakasine
Tora ya Tebelo Mar. 15
“A o akanya gore dithuto tsa ga Jesu di ka re thusa mo motlheng ono wa rona? [Mo letle gore a arabe.] Ga go pelaelo gore o tla dumalana le taelo eno ya ga Jesu e a neng a e neela mo letsatsing la bofelo la botshelo jwa gagwe. [Bala Johane 15:12.] Gape Jesu o ne a ruta dithuto tse dingwe tsa botlhokwa mo letsatsing leo. Makasine ono wa Tora ya Tebelo o bontsha kafa dithuto tseno di ka re solegelang molemo ka gone.”
Tora ya Tebelo Apr. 1
“Mo setshwantshong seno re bontshiwa sejo se gantsi se bidiwang Selalelo sa Bofelo. [Mmontshe bokafantle jwa makasine.] A o ne o itse gore tiragalo eno ke yone fela e Bakeresete ba laetsweng go e keteka? [Mo letle gore a arabe. Morago ga moo bala Luke 22:19.] Makasine ono o tlhalosa gore ke eng fa tiragalo eno e le botlhokwa le gore e go ama jang.”
Tsogang! Apr. 8
“A o etse tlhoko gore batho ba le bantsi gompieno ba go fitlhela go le thata go robala mo go lekaneng? [Mo letle gore a arabe.] Seno se ka tswa se bakwa ke go tlhobaela kana go tshwenyega. [Bala Moreri 5:12.] Makasine ono o sekaseka mangwe a mabaka a a dirang gore motho a tlhorege boroko, o bo o ntsha dikakantsho tse di molemo tsa kafa re ka tokafatsang tsela e re robalang ka yone.”
“A ga go utlwise botlhoko go bo matshelo a basha ba le bantsi a sentswe ke diokobatsi? [Mo letle gore a arabe.] Gantsi bothata bo simolola fa basha ba tsalana le batho ba ba sa siamang. [Bala 1 Bakorintha 15:33.] Makasine ono wa Tsogang! o sekaseka gore ke eng se se tlhotlheletsang basha go simolola go dirisa diokobatsi le se batsadi ba ka se dirang go ba sireletsa.”