Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
Tora Ya Tebelo Mar. 15
“Gantsi batho ba na le go bua ka go tla ga ga Jesu Keresete. A o akanya gore tiragalo eno ke e re tshwanetseng go e letela ka tlhoafalo kgotsa e re tshwanetseng go e boifa? [Mo letle go araba.] Ela tlhoko kafa mokwadi wa Baebele e bong Johane a ileng a ikutlwa ka teng ka kgang eno. [Bala Tshenolo 22:20.] Makasine ono o tlhalosa se go tla ga ga Keresete go tla se fitlhelelang.”
Tsogang! Mar.
“Baeteledipele ba le bantsi ba lefatshe ba bonala ba le boikgogomoso. A o akanya gore boikutlo jono bo dira gore go nne le kagiso le kutlwano mo lefatsheng? [Mo letle go araba.] Utlwa gore Baebele ya reng ka boikgogomoso. [Bala Diane 16:18.] Setlhogo seno se tlhalosa melemo ya go nna boikokobetso.” Buelela setlhogo se se simololang mo tsebeng ya 20.
Tora Ya Tebelo Apr. 1
“Mo e batlang e le letsatsi le letsatsi re lebana le dipotso tse di amanang le botsogo jwa rona, malapa a rona le ditiro tsa rona. O akanya gore re ka bona kae dikarabo tse re ka di ikanyang le tse di mosola? [Mo letle go araba.] Ela tlhoko se Baebele e se buang mo go 2 Timotheo 3:16. [E bale.] Makasine ono o bontsha kafa Baebele e ka re thusang ka teng ka ditsela di le dintsi tse di molemo.”
Tsogang! Apr.
“Mo dikarolong di le dintsi tsa lefatshe, batho ba na le maikutlo a gore boitsholo jwa batho bo a senyega. A o ile wa lemoga seo? [Mo letle go araba.] Maemo a re a bonang gompieno a diragatsa boporofeti jwa Baebele. [Bala 2 Timotheo 3:2-4.] Makasine ono o bontsha gore go senyega ga boitsholo go kaya eng le gore batho ba tla felela kae ka gone.”