LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 3/08 ts. 8
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
km 3/08 ts. 8

Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone

Tora ya Tebelo Mar. 1

“Letsatsi lengwe le lengwe re utlwa go buiwa ka pogo, malwetse le loso. A ga o ise o ipotse gore a re tla tsamaya re namolwa mo dilong tseno? [Mo letle gore a arabe.] Temana eno ya Baebele e ile ya naya dimilione tsa batho tsholofelo. [Bala Johane 3:16.] Makasine ono o tlhalosa ‘Kafa Loso Lwa ga Jesu Lo ka Go Bolokang ka Gone.’”

Tsogang! Mar.

“A o akanya gore tumelobotlhodi e itshiametse fela kgotsa e kotsi? [Mo letle gore a arabe.] Baebele e bua mafoko ano a a kgatlhang. [Bala Isaia 65:11.] Setlhogo seno se tlhalosa gore a tumelobotlhodi e dumalana le se Baebele e se rutang kgotsa nnyaa.” Buelela setlhogo se se simololang mo tsebeng ya 10.

Tora ya Tebelo Apr. 1

“A o ka se rate go bona boporofeti jono bo diragadiwa? [Bala Isaia 2:4. Go tswa foo, mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko gore Modimo o tla tsenya seatla mo dikgannyeng tsa batho a bo a ‘tlhamalatsa dilo.’ Baebele ya re Modimo o tla tlhabana ntwa e e bidiwang Haramagedona e e tla fedisang dintwa tsotlhe. Makasine ono o tlhalosa gore Haramagedona ke eng le gore ke eng fa re tshwanetse go e letela ka tlhoafalo.”

Tsogang! Apr.

“A o akanya gore re ka tswa re tshela mo nakong e go buiwang ka yone fano? [Bala 2 Timotheo 3:1-4. Go tswa foo, mo letle gore a arabe.] Go na le lebaka le le utlwalang la go kgatlhegela malatsi a bofelo ka gonne go nna teng ga one go bontsha gore go na le dilo tse di molemo tse di tlileng go direga mo lefatsheng. Makasine ono o a di tlhalosa.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela