Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
Tora Ya Tebelo Apr. 15
“Go bonala ditiro tsa bosetlhogo di oketsega thata. [Umaka sekai sengwe sa mo lefelong la lona kgotsa sekai sengwe se se mo makasineng.] A o kile wa ipotsa gore ke eng se se dirang gore batho ba nne setlhogo thata jaana? [Mo letle gore a arabe.] Baebele e ne ya bolelela pele gore bosetlhogo bo ne bo tla oketsega. [Bala 2 Timotheo 3:1-5.] Makasine ono o araba potso eno, ‘A bosetlhogo bo tla tsamaya bo fela?’”
Tsogang! Apr.
“Batho ba le bantsi ba ipolela gore ke Bakeresete. O akanya gore go nna Mokeresete go bolela eng? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko se Jesu a neng a se bolela fano. [Bala Johane 15:14.] Setlhogo seno se bontsha gore go tlhokega sengwe se se fetang gore motho a ipolele fela a re ke Mokeresete.” Buelela setlhogo se se simololang mo tsebeng ya 26.
Tora Ya Tebelo May 1
“Loso lwa ngwana lo baka bohutsana jo bogolo le jo bo nnelang ruri mo batsading. O akanya gore ba ka bona kae kgomotso? [Mo letle gore a arabe. Morago ga moo bala Baroma 15:5.] Makasine ono o tlhalosa ditsela dingwe tse Modimo a gomotsang ba ba hutsafetseng ka tsone.”
Tsogang! May
“Batho bangwe ba atlegile, fa dimilione tsa batho ba bangwe di tshelela mo lehumeng. A o akanya gore go tla tla nako e ka yone go sa lekane ga batho go tla bong go fedile? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko kafa Modimo a lebang bahumanegi ka gone. [Bala Pesalema 22:24.] Makasine ono o tlhalosa se Baebele e se solofetsang ka bahumanegi.”