Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
Tora ya Tebelo Apr. 15
“Ke tshepa gore o tla dumalana le nna gore batho gompieno jaana ba na le tshedimosetso e ntsi thata go e aba. [Mo letle a ntshe maikutlo a gagwe mo ntlheng eno.] Le fa go ntse jalo, ga go na e e botlhokwa go feta e e tlhalosiwang mo temaneng eno. [Bala Johane 17:3.] Makasine ono o tlhalosa gore mafoko ‘botshelo jo bo sa khutleng’ a rayang, e bile o tla tlhalosa le gore re ka bona jang kitso eno e e isang botshelong jo bo sa khutleng.”
Tora ya Tebelo May 1
“Fa motho yo re mo ratang a swa, ka tlholego fela re eletsa go boa re mmona gape. A ga go jalo? [Mo letle gore a arabe.] Ba le bantsi ba ile ba gomodiwa thata ke se Baebele e se solofetsang ka tsogo. [Bala Johane 5:28, 29.] Makasine ono o tlotla ka ntlha eno ya gore tsogo ya baswi e tla tla leng le gore ke bomang ba ba tlileng go solegelwa molemo ke yone.”
Tsogang! May 8
“Le mororo Jesu Keresete a ka nna a bo a itsiwe go feta le fa e le mang yo mongwe, batho ba le bantsi ba sa ntse ba ipotsa gore totatota ke mang. A o ne o itse gore tota le bone baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba ipotsa yone potso eno? [Mo letle gore a arabe. Go tswa foo o bo o bala Mareko 4:41.] Makasine ono o tlotla ka se Baebele e se buang malebana le gore tota Jesu ke mang.”
“Batsadi ba le bantsi ba kelotlhoko thata ka se ba letlang bana ba bone ba se bogela. A o go fitlhetse go le thata go batla dibaesekopo tse di tshwanelang tse balelapa la gago ba ka di lebelelang? [Mo letle gore a arabe. Go tswa foo o bo o bala Baefeso 4:17.] Makasine ono o tlotla ka ntlha eno ya gore batsadi ba ka thusa bana ba bone jang go tlhopha boitlosobodutu jo bo siameng.”