Karolo 7—Go Simolola le go Konela Thuto ka Thapelo
Go Tshwara Dithuto Tsa Baebele Tse di Gatelang Pele
1. (a) Ke ka ntlha yang fa go tshwanela go simolola le go konela thuto ya Baebele ka thapelo? (b) Re ka tsenyeletsa jang kgang ya thapelo mo thutong ya Baebele?
1 Gore baithuti ba Baebele ba gatele pele semoyeng, ba tlhoka gore Jehofa a ba segofatse. (1 Bakor. 3:6) Ka gone go a tshwanela go simolola thuto le go e konela ka thapelo. Gantsi re ka kgona go dira jalo lekgetlho la ntlha fela fa re simolola go ithuta le batho ba ba bontshang go rata dilo tsa bodumedi. Mo go ba bangwe re ka nna ra tshwanelwa ke gore re lete pele go bona nako e e tshwanelang ya go tsenyeletsa thapelo mo thutong. O ka nna wa dirisa Pesalema 25:4, 5 le 1 Johane 5:14 go thusa moithuti go bona gore ke ka ntlha yang fa lo tshwanetse go simolola thuto le go e konela ka thapelo, o bo o dirise Johane 15:16 go mo tlhalosetsa gore ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go rapela Jehofa ka Jesu Keresete.
2. Fa kgaitsadi a ile le mokaulengwe yo o kolobeditsweng, kgotsa a ile le mmoledi yo o sa kolobediwang wa motho wa monna kwa thutong ya gagwe ya Baebele, ke mang yo o tshwanetseng go rapela?
2 Ke mang yo o tshwanetseng go rapela mo thutong ya Baebele? Fa mokaulengwe yo o kolobeditsweng a ile le kgaitsadi mo thutong ya ga kgaitsadi yono, mokaulengwe ke ene yo o tla rapelang, le mororo yo o tlileng go tshwara thuto e le kgaitsadi a rwele serwalo mo tlhogong. (1 Bakor. 11:5, 10) Kafa letlhakoreng le lengwe, fa mmoledi wa Bogosi yo o sa kolobediwang wa motho wa monna a ile le kgaitsadi kwa thutong ya ga kgaitsadi yono, kgaitsadi ke ene a tla rapelang. Mo maemong ao, kgaitsadi yono o tshwanetse go rwala serwalo sa tlhogo fa a rapela le fa a tshwara thuto.
3. Dintlha tse go tshwanelang go di tsenyeletsa mo thapelong fa re tshwara thuto ya Baebele ke dife?
3 Dintlha Tse di ka Tsenyelediwang mo Thapelong: Dithapelo tse di rapelwang kwa thutong ya Baebele ga di tlhoke go nna ditelele, mme gone di tshwanetse go nna maleba. Mo godimo ga go kopa gore Modimo a segofatse thuto eno le go mo leboga ka boammaaruri jo lo ithutang jone, go a tshwanela go mmaka ka gonne e le Ene yo thuto ya lona e tswang kwa go ene. (Isa. 54:13) Gape re ka tlhalosa dilo tse di bontshang gore re rata moithuti yono le gore re anaanela phuthego e Jehofa a e dirisang. (1 Bathes. 1:2, 3; 2:7, 8) Fa re kopa Jehofa gore a segofatse moithuti yono fa a ntse a leka go dira se a se ithutang, seno se ka mo thusa gore a bone gore go botlhokwa go le kana kang gore a nne ‘modiri wa lefoko.’—Jak. 1:22.
4. Go simolola thuto ya Baebele le go e konela ka thapelo go thusa ka ditsela dife?
4 Thapelo e thusa ka dilo di le dintsi. E dira gore Modimo a re segofatse. (Luke 11:13) E re thusa go bona gore go ithuta Lefoko la Modimo ga se metshamekwane. Fa moithuti a ntse a reetsa dithapelo tsa rona, le ene o ithuta go rapela. (Luke 6:40) Mo godimo ga moo, fa dithapelo tsa rona e le tse di tswang mo pelong e e tletseng go ratang Modimo thata e bile e anaanela thata dinonofo tsa gagwe tse di sa tshwaneng le dipe, di ka thusa moithuti yono go nna le kamano e e molemo le Jehofa.