Letsholo le le Kgethegileng la go Tsamaisa Boroutšhara jo Bosha
1 Maemo a lefatshe a tshwentse batho ba le bantsi thata gompieno, mme ke ba sekae fela ba ba tlhaloganyang lebaka la go bo maemo a le ka tsela e a leng ka yone. Ke ba sekae fela ba ba tlhaloganyang se se tlileng go direga mo isagweng, le gore ke eng se ba tshwanetseng go se dira gore ba se ka ba senngwa fa katlholo e tla. (Esek. 9:4) Go ba thusa go bona gore dinako tse re tshelang mo go tsone di kayang, ka Mantaga, March 21, go ya go Sontaga, April 17, mo tshimong ya rona go tla bo go tshwerwe letsholo le le kgethegileng la go tsamaisa boroutšhara jo bosha jo bo reng Nnang lo Disitse!
2 Boroutšhara jono bo ka nna jwa tsamaisiwa mo bodireding jwa ntlo le ntlo, fa re dira maeto a go boela, fa re neela bosupi jo e seng jwa tlwaelo, kgotsa mo mafelong a botlhe. Le fa go ntse jalo, boroutšhara jono jwa Nnang lo Disitse! ga re tsamae re bo naya mongwe le mongwe fela yo re kopanang le ene. Nnyaa, go na le moo, re bo tsamaisetsa fela batho ba ba kgatlhegang, ba ba batlang go itse gore Baebele ya reng ka ditiragalo tseno tsa lefatshe. Ba ba sa kgatlhegeleng molaetsa wa rona go le kalo ba ka nna ba newa pampitshana.
3 O ka nna wa bua jaana go dira gore motho a go reetse:
◼ “Batho ba le bantsi ba tshwenyegile thata ka mathata a a masisi a re nang le one gompieno le ditiragalo tse di tshosang tse di diregang. [Nopola sekai sengwe se batho ba lefelo la lona ba se itseng.] A o ne o itse gore Baebele e boleletse pele gore dilo tseno di tlile go direga? [Mo letle gore a arabe. Go tswa foo o bo o bala temana e e tsamaisanang le sekai se o buileng ka sone, e e tshwanang le Mathaio 24:3, 7, 8; Luke 21:7, 10, 11; kgotsa 2 Timotheo 3:1-5.] Baebele e a tlhalosa gore metlha e re tshelang mo go yone eno e kayang, e bile e bontsha gore ke eng se se tlileng go diragalela batho mo isagweng. A o ka rata go itse dintlha tse di oketsegileng malebana le ntlha eno? [Mo letle gore a arabe. Mo neye boroutšhara fa a kgatlhega.] Boroutšhara jono ga re bo rekise. Le fa go ntse jalo, fa e le gore o rata go ntsha moneelonyana go tshegetsa tiro ya rona e e dirwang mo lefatsheng lotlhe, re a o itumelela.”
4 Kgotsa o ka nna wa go fitlhela go thusa go bua jaana:
◼ “Batho ba le bantsi gompieno jaana ba utlwisiwa botlhoko thata ke dilo tse di tshosang tse di diregang mo lefatsheng kgotsa ke matlhotlhapelo mangwe a a ba diragaletseng. Bangwe ba ipotsa gore ke eng fa Modimo a sa dire sengwe go thibela dilo tseno. Baebele e re tlhomamisetsa gore go ise go ye kae Modimo o tla dira sengwe go namola batho mo matlhotlhapelong a a ba diragalelang. Utlwa fela gore Modimo o tlile go direla batho eng. [Bala Pesalema 37:10, 11.] A o ka rata go utlwa mo go oketsegileng ka ntlha eno?” Konela jaaka go tlhalosiwa fa godimo.
5 Kwala leina le aterese ya motho yo o amogelang boroutšhara, o bo o rulaganyetse gore o boele mme o tsosolose kgatlhego ya gagwe. Mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya April 2005 go tla ntshiwa dikakantsho tsa kafa re ka tsosolosang kgatlhego ka gone. Fa motho a bontsha kgatlhego mo loetong lwa ntlha, o ka nna wa ba wa kgona go simolola thuto ya Baebele gone fela foo o dirisa boroutšhara jono jwa Nnang lo Disitse! kgotsa buka e nngwe, e e tshwanang le boroutšhara jwa Re Direng.
6 Dikhopi tsa boroutšhara jono jo bosha di tla abiwa morago ga Pokano ya Tirelo e go tla bong go tlotlwa setlhogo seno mo go yone. Go akantshiwa gore baboledi le babulatsela, kwa tshimologong ba tseye fela go ba tla go tlhokang mo malatsing a sekae a ntlha a letsholo leno. E kete Jehofa a ka segofatsa tiro eno e e kgethegileng e e tla dirang gore a bakwe le gore batho ba ba dipelo di ikanyegang gongwe le gongwe ba solegelwe molemo.—Pes. 90:17.