LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 7/05 ts. 3
  • Thusa Bana ba Gago go Gatela Pele mo Bodireding

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thusa Bana ba Gago go Gatela Pele mo Bodireding
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Letlole la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Batsadi—Rutang Bana ba Lona go Rera
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Ruta Bana ba Gago go Baka Jehofa
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Thapisa Ngwana wa Gago go Tloga Boseeng
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
km 7/05 ts. 3

Thusa Bana ba Gago go Gatela Pele mo Bodireding

1 Batsadi ba na le boikarabelo jo bo masisi jwa go tlhomamisa gore ba thapisa bana ba bone mo bodireding go tloga fela fa ba sa ntse ba le bannye. Ba ka tlhomamisa seo ka ditsela tse di farologaneng. Bana bangwe ba ka tswa ba itse go bua temana nngwe e e rileng ya Baebele ka tlhogo tota le fa ba ise ba itse go bala. Seno se ka ama bareetsi ka tsela e e molemo tota. Fa bana bano ba ntse ba gola, ba ka kgona go dira le dilo tse dingwe gape mo bodireding. Lona batsadi, lo ka thusa bana ba lona jang gore ba nne le seabe mo go neeleng bosupi? Gongwe dikakantsho tse di latelang di ka lo thusa.

2 Fa o sena go dumedisa, o ka nna wa re:

◼ “Morwaake e bong, [leina la gagwe], o na le temana nngwe e e botlhokwa e a ratang go go bolelela yone.” Ngwana wa gago a ka nna a re: “Temana eno e e mo go Dipesalema e nthutile gore leina la Modimo ke mang. [Ngwana o bala Pesalema 83:18 kgotsa o e bua fela ka tlhogo.] Dimakasine tseno di bua ka se Jehofa Modimo a tlileng go re direla sone. A nka go tlogelela tsone?” Morago ga moo, wena motsadi o ka nna wa konela motlotlo ono ka go tlhalosetsa mong wa ntlo gore tiro ya rona e e dirwang mo lefatsheng lotlhe e tshegediwa jang.

3 Kgotsa o ka nna wa leka puisano eno e e latelang:

◼ “Dumela. Ke ruta morwadiake e bong, [leina la gagwe], go amega ka batho ba bangwe mo setšhabeng. A ka rata go tlotla le wena ka molaetsa o mokhutshwanyane fela o o tswang mo Baebeleng.” Ngwana a ka nna a re: “Tsela nngwe e ke ratang go thusa batho ka yone ke go tlotla le bone ka tsholofelo ya mo isagweng e Baebele e re bolelelang yone. [Ngwana o bala Tshenolo 21:4 kgotsa o e bua fela ka tlhogo.] Dimakasine tseno di tlhalosa gore Bogosi jwa Modimo bo tlile go re direla eng. Ke solofela gore o tla itumelela go di bala.”

4 Go dirisa puisano e e sa raraanang ka dinako tsotlhe go ka dira gore bana ba se ka ba inyatsa gore a ba na le bokgoni jwa go bolelela ba bangwe ka molaetsa wa Bogosi. Go ikatisa le bone pele lo ya bodireding gore ba bue ka lentswe le le kwa godimo le le utlwalang sentle go tla ba thusa gore ba kgone go bua mo maemong a a farologaneng. Go baakanyetsa le bana bano go sa le gale le go ba akgola go tswa pelong go tla ba thusa go bolelela ba bangwe ka tumelo ya bone.

5 Bana ba le bantsi ba ile ba tshwanelegela go nna baboledi ba ba sa kolobediwang fa ba kgothadiwa ka tsela e e ntseng jalo. A bo go re itumedisa jang ne go bona bana ba rona ba gatela pele mo bodireding jwa Bokeresete!—Pes. 148:12, 13.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela