Go Fitlhelela Batho ba le Bantsi Ka mo Go ka Kgonegang ka Gone
1. Bakeresete ba bogologolo ba ne ba dira jang gore ba kgone go fitlhelela batho ba le bantsi ka mo ba neng ba ka kgona ka gone ka dikgang tse di molemo?
1 Balatedi ba pele ba ga Jesu ba ne ba tlhoafaletse go rera molaetsa wa Bogosi. Ba ne ba dirisa ditsela dingwe tse di mosola gore ba kgone go bolelela batho ba le bantsi ka mo ba ka kgonang ka gone dikgang tse di molemo. Bakwadi ba Baebele ba Bakeresete ba ne ba kwala dibuka tsa bone tse di tlhotlheleditsweng ba dirisa Segerika se se tlwaelegileng, se e neng e le puo ya boditšhabatšhaba ya Pusokgolo ya Roma ka nako eo. Mo godimo ga moo, bareri ba ba tlhoafetseng ba lekgolo la bobedi le la boraro la dingwaga C.E. go ya pele, e ka tswa e ile ya nna bone ba ntlha go dirisa mekwalo mengwe ya bogologolo e e neng e kwadilwe ka seatla, e go neng go le motlhofo go e dirisa go na le go dirisa momeno fa ba batla go leba ditemana dingwe.
2, 3. (a) Isaia 60:16 e diragadiwa jang mo metlheng ya segompieno? (b) Dilo tsa botegeniki di dirisiwa jang go tsweledisetsa pele kobamelo e e itshekileng?
2 Go Dirisa Dilo Tsa Botegeniki: Jehofa o ne a bolelela pele jaana ka moporofeti Isaia: “O tla anya mashi a ditšhaba.” (Isa. 60:16) Batlhanka ba ga Jehofa ba diragatsa boporofeti jono gompieno ka go dirisa dilo dingwe tse di botlhokwa tse di tswang mo ditšhabeng go tsweledisetsa pele tiro ya go rera. Ka sekai, ka 1914, dingwaga di le dintsi pele go nna le difilimi tsa dibaesekopo, Baithuti ba Baebele ba ne ba bontsha batho “Photo-Drama of Creation.” Baesekopo eno e e neng e na le ditshwantsho tse di mebalabala le modumo o o utlwalang sentle, e ne e tsaya diura di le robedi. Gape e ne e na le ditshwantsho tsa diselaete. E ne ya naya batho ba le dimilionemilione bosupi jo bo nonofileng e le tota.
3 Gompieno, batho ba Modimo ba dirisa metšhini ya go gatisa e e bonako mmogo le didirisiwa tse dingwe tse di berekang ka khomputara go gatisa Dibaebele le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng ka dipuo di le makgolokgolo. Gape ba dirisa dipalangwa tse di bonako gore di ise dibuka tse di buang ka Baebele kwa dikarolong tse di kwa kgakala tsa lefatshe, gore di fitlhelele batho kwa dinageng di le 235. Jehofa o ile a tlhotlheletsa batho ba gagwe ka moya wa gagwe gore ba dirise dilo tseno tsa botegeniki ka tsela e e mosola, gore batho ba le bantsi go gaisa pele mo hisitoring ba amogele boammaaruri jwa Baebele.
4. Bangwe ba ile ba dira diphetogo dife mo botshelong jwa bone gore ba kgone go fitlhelela batho ba le bantsi ka dikgang tse di molemo?
4 Go Dira Diphetogo mo Botshelong Jwa Rona: Gape, baobamedi ba boammaaruri ba ile ba tlhotlheletsega go dira diphetogo mo botshelong jwa bone gore ba kgone go fitlhelela batho ba le bantsi ka dikgang tse di molemo. Ba le bantsi ba ile ba fetola botshelo jwa bone gore e nne jo bo sa raraanang gore ba kgone go nna le seabe ka botlalo mo tirong ya go rera. Bangwe ba ile ba fuduga gore ba ye go rera kwa go tlhokegang baboledi ba le bantsi ba Bogosi gone. Bangwe bone ba ile ba atolosa bodiredi jwa bone ka go ithuta puo e sele.
5, 6. Re ka dira eng gore re kgone go fitlhelela batho ba le bantsi ka moo re ka kgonang ka gone mo tshimong ya rona?
5 Mo godimo ga moo, re ka kgona go fitlhelela batho ba le bantsi ka dikgang tse di molemo ka go rera ka nako ya fa batho ba le teng mo magaeng a bone le gongwe le gongwe fela kwa re ka ba fitlhelang gone. Fa e le gore gantsi batho ga ba yo mo magaeng a bone mo tshimong ya gaeno, a o ka kgona go fetola thulaganyo ya gago gore o neele bosupi ka lotlatlana? A go na le mafelo mangwe a a bulegileng a go nang le batho ba le bantsi mo go one a go ka neelwang bosupi mo go one? A o kile wa leka go neela bosupi ka founo le go bereka tshimo ya kgwebo? A o dirisa ditshono tse di go bulegelang gore o neele bosupi ka tsone le fa o se mo bodireding?
6 A bo re na le tshiamelo e e seng kana ka sepe jang ne ya go neela bosupi jo bo molemo ka leina la ga Jehofa le Bogosi jwa gagwe! E kete re ka tswelela pele re bolelela batho ba le bantsi ka mo go ka kgonegang ka gone boammaaruri jo bo bolokang botshelo jo bo tswang mo Lefokong la Modimo.—Math. 28:19, 20.