“Dira Dilo Tsotlhe ka Ntlha ya Dikgang Tse di Molemo”
1. Mmoledi wa Bogosi o ikemisetsa go direla ba bangwe eng, mme ka ntlha yang?
1 Moaposetoloi Paulo o ne a ikutlwa a patelesega go bolelela ba bangwe dikgang tse di molemo. (1 Bakor. 9:16, 19, 23) Ka tsela e e tshwanang go amega ga rona ka batho ba bangwe go re tlhotlheletsa gore re tseye matsapa a go ba bolelela dikgang tse di molemo.
2. Fa re rera, ke diphetogo dife tse re ikemisetsang go di dira, mme ka ntlha yang?
2 Rera Kwa go Nnang le Batho Gone le ka Nako e ba Leng Teng ka Yone: Motshwari wa ditlhapi yo o nang le bokgoni o latlhela letloa la gagwe, e seng mo lefelong le le mo siametseng kgotsa ka nako e ene a e batlang, go na le moo, o le latlhela kwa a ka kgonang go bona ditlhapi gone le ka nako e di leng teng ka yone. Le rona, jaaka “batshwari ba batho,” re ka nna ra tlhoka go dira diphetogo tse di rileng gore re tle re fitlhele batho ba ba mo tshimong ya rona mme ka tsela eo re itumelele tshiamelo ya go phutha “ditlhapi tsa mofuta mongwe le mongwe.” (Math. 4:19; 13:47) A re ka dirisa nako ya lotlatlana gore re fitlhele batho kwa magaeng a bone kgotsa a re ka dirisa diura tsa phakela mo mosong go dira tiro ya mmila? Mokgele wa ga Paulo e ne e le ‘go neela bosupi jwa dikgang tse di molemo ka botlalo,’ mme o ne a dirisa ditshono tse di tshwanelang go dira jalo.—Dit. 17:17; 20:20, 24.
3, 4. Fa re le mo bodireding, re ka dira dilo dife gore molaetsa wa rona o tshwanele maemo a batho, mme re tla nna le matswela afe?
3 Fetofetola Puisano ya Gago Go ya Ka se Se Tlhokegang mo Tshimong ya Lona: Batshwari ba ditlhapi ba fetofetola ditsela tse ba di dirisang gangwe le gape gore ba tle ba tshware mofuta o o rileng wa ditlhapi. Re ka bolela dikgang tse di molemo tsa Bogosi jang ka tsela e e tla kgatlhang batho ba ba mo tshimong ya rona? Re tshwanetse go dirisa botlhale fa re bua le batho ka kgang nngwe e e amang batho ka kakaretso mme re reetse ka kelotlhoko fa ba tlhalosa kafa ba ikutlwang ka teng ka kgang eo. (Jak. 1:19) Re ka nna ra ba botsa gore ba akanya eng ka kgang e e rileng gore ba ntshe maikutlo a bone. (Dia. 20:5) Ka go dira jalo re tla kgona go dira gore molaetsa wa rona wa dikgang tse di molemo o ba ame. Paulo o ne a nna “dilo tsotlhe mo bathong ba mefuta yotlhe.” (1 Bakor. 9:22) Go fetofetoga le maemo ke tsela e e molemo ya go fitlhelela dipelo tsa batho.
4 A bo go ipedisang jang ne go bolelela batho “dikgang tse di molemo tsa sengwe se se botoka”! (Isa. 52:7) E kete re ka “dira dilo tsotlhe ka ntlha ya dikgang tse di molemo” gore re tle re fitlhelele batho ba bantsi ka mo go ka kgonegang ka teng.—1 Bakor. 9:23.