Sekolo Se se Re Thusang go Dirisa Se re Se Ithutileng
1 Fa re ntse re sekaseka dintlha tsa lenaane la Thulaganyo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo sa 2006, re leka ka natla go dira gore dithuto tse di tswang mo Dikwalong di re solegele molemo ka go di dirisa mo bodireding jwa rona le mo botshelong jwa rona jwa letsatsi le letsatsi. Re go dira mokgele wa rona gore re dirise dilo tse re di ithutang.—Joh. 13:17; Bafil. 4:9.
2 Go Araba: Thulaganyo ya ngwaga ono e okeditse nako ya go nna le seabe ga bareetsi ka motsotso o le mongwe fa go tlotlwa dintlhakgolo tsa mmalo wa Baebele. Seno se raya gore mokaulengwe yo o abetsweng dintlhakgolo tsa mmalo wa Baebele o tshwanetse go nna kelotlhoko gore puo ya gagwe e tseye metsotso e le tlhano e seng e le merataro. Fa bareetsi ba ntsha dikakgelo tsa bone, le bone ba tshwanetse go ela tlhoko gore ba bua lobaka lo lo kae. Fa motho a baakanyeditse kakgelo ya gagwe sentle go sa le gale, a ka kgona go tlhalosa tshedimosetso nngwe e e mosola mo sebakeng sa metsotswana e le 30 fela kgotsa kafa tlase ga yone. Batho ba ba ka nnang lesome ba tshwanetse gore ba kgone go ntsha dikakgelo tse di mosola mo metsotsong e le tlhano e e beetsweng bareetsi gore ba akgele ka yone.
3 Dipuo Tse di Rutang: Dintlhakgolo tsa mmalo wa Baebele le puo ya tao di tshwanetse go gatelela thata dintlha tse di ka re solegelang molemo mo bodireding jwa rona le mo dikarolong tse dingwe tsa botshelo jwa rona jwa letsatsi le letsatsi. Sebui ga se a tshwanela go bontsha bareetsi fela gore ba tshwanetse go tsaya kgato ka se a buang ka sone. Se tshwanetse go ba tlhalosetsa gore ke kgato efe e ba tshwanetseng go e tsaya le gore ba ka dira seo jang, morago ga moo a bo a ba bolelela ka melemo ya gone. Gongwe a ka nna a re, “Eno ke tsela e temana eno e re kaelang ka yone,” kgotsa “Eno ke tsela e re ka nnang ra dirisa ditemana tseno ka yone mo bodireding.” Fa bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba lemoga gore go na le maemo mangwe a phuthego e tlhokang go tokafatsa mo go one, ga ba a tshwanela go tshaba go bua ka tlhamalalo fela gore ke eng se se tshwanetseng go dirwa.
4 Tsela e e mosola thata ya go bontsha bareetsi kafa dintlha tse go tlotlwang ka tsone di ka dirisiwang ka yone ke go umaka dikai dingwe tse di tswang mo Baebeleng. Fa sebui se sena go umaka sekai sengwe se se tswang mo Dikwalong, se ka nna sa re, “Le wena o ka nna wa iphitlhela o le mo boemong jo bo tshwanang le jono.” Sebui se tshwanetse go ela tlhoko gore tsela epe fela e a e buelelang, e e bontshang kafa dintlha di tshwanetseng go dirisiwa ka yone ga e a fapoga kgang e go tlotlwang ka yone, e dumalana le Baebele e bile e dumalana le se se gatisitsweng ke “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.”—Math. 24:45.
5 Botlhale ke bokgoni jwa go dirisa kitso le tlhaloganyo sentle. “Botlhale ke selo se segolo.” (Dia. 4:7) Fa re ntse re bapala botlhale jo bo ka re solegelang molemo ka go ithuta mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, re tshwanetse gore gape re tokafatse tsela e re bo bolelelang ba bangwe ka yone.