LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 6/07 ts. 4
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
km 6/07 ts. 4

Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone

Tora Ya Tebelo June 15

“A o lemogile gore batho ba le bantsi gompieno ba ipeela melao e ba tshelang ka yone mabapi le se se siameng le se se phoso? [Mo letle gore a arabe.] Sekai sengwe sa kaelo e e sa felelweng ke nako mo Baebeleng ke seno. [Bala temana nngwe mo lebokosong le le mo tsebeng ya 6-7.] Makasine ono o tlhalosa kafa re solegelwang molemo ka gone ka go amogela mekgwa e mentle ya boitsholo ya Baebele.”

Tsogang! June

“Rotlhe re tlhoka madi go tshela. A o akanya gore go a kgonega gore re amege thata ka go nna le madi a mantsi? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko se Baebele e se bolelang ka diphelelo tsa go gagamalela dikhumo. [Bala 1 Timotheo 6:10.] Makasine ono o na le dikakantsho dingwe tse di molemo tsa kafa motho a ka tshelang botshelo jo bo sa raraanang ka gone le go tshela a se na madi a mantsi.”

Tora Ya Tebelo July 1

“A o kile wa ipotsa gore ke ka ntlha yang fa batho ba sotliwa ka gonne e le ba mmala kgotsa setšhaba se sele kgotsa ka ntlha ya go bo ba bua puo e sele? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko lebaka le le ntshiwang fano. [Bala 1 Johane 4:20.] Makasine ono o araba potso eno, A go a kgonega gore batho ba ditso tse di farologaneng ba utlwane?”

Tsogang! July

“Go farologana le diphologolo tse di dirang dilo ka tlholego, batho ba na le bokgoni jwa go tlhopha ditekanyetso tse ba tla tshelang ka tsone. O akanya gore re ka leba kae go bona kaelo e e ka ikanngwang? [Mo letle gore a arabe. Morago ga moo bala Pesalema 119:105.] Makasine ono o tlhalosa botlhokwa jwa kaelo e e mo Baebeleng.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela