Lebokoso la Dipotso
◼ Dikotsi tsa go dirisa Internet go buisana le mongwe yo re sa mo itseng ke dife?
Go dirilwe diaterese di le dintsi mo Internet gore batho ba kopane le go kwalelana ba dirisa Internet. Bontsi jwa diaterese tseno di letla batho go kwala ka bone, mme ba ka tsenya ditshwantsho le tshedimosetso e nngwe ka bone. Batho ba ba lebang tshedimosetso eno ba ka kgona go ikgolaganya le motho yoo. Diaterese tse di ntseng jalo mo Internet di ratwa thata ke basha, mme basha bangwe mo phuthegong ba di dirisitse go buisana le ba bangwe ba ba reng ke Basupi ba ga Jehofa.
Go motlhofo gore motho yo re kopanang le ene mo Internet a fitlhe se a leng sone, a fitlhe gore tota o na le kamano e e ntseng jang le Jehofa, kgotsa a fitlhe maikaelelo a gagwe. (Pes. 26:4) Motho yo o ipolelang gore ke Mosupi wa ga Jehofa e ka ne e se modumedi, e le motho yo o kgaotsweng, kgotsa motlhanogi. (Bagal. 2:4) Go begwa gore batho ba ba tlhakanelang dikobo le bana ba dirisa diaterese tse di ntseng jalo mo Internet go batla bana ba ba ka tlhakanelang dikobo le bone.
Tota le fa re tlhatswegile pelo gore ba re kwalelanang le bone ba na le boemo jo bo siameng mo phuthegong, go ka nna motlhofo gore metlotlo e e tshwarelwang mo maemong ano e nne e e sa siamang. Seno se dirwa ke gore batho ba gololesega thata mo bathong ba ba iseng ba kopane le bone. Gape ba ka nna ba bona go tlotla le batho mo Internet go le mo sephiring e bile ba tsaya gore se ba se buang ga se kitla se itsiwe ke ba bangwe, jaaka batsadi ba bone kgotsa bagolwane. Ka maswabi, basha ba le bantsi go tswa mo malapeng a Bakeresete ba ile ba raelesega mme ba ile ba bua puo e e ferosang sebete. (Baef. 5:3, 4; Bakol. 3:8) Ba bangwe ba ne ba tsenya ditshwantsho tsa bone tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo, maina a a retang ka tsela e e sa siamang kgotsa diaterese tse di dirang gore motho a bone dibidio tsa mmino tse di leswe tsa tlhakanelodikobo mo khomputareng ya bone.
Ka ntlha ya se se umakilweng fa godimo, batsadi ba tshwanetse go laola tsela e bana ba bone ba dirisang khomputara ka yone. (Dia. 29:15) Go tla bo go le kotsi go laletsa motho yo re sa mo itseng mo legaeng la rona kgotsa go mo letlelela go sala a le esi le bana ba rona. Ka tsela e e tshwanang, go kotsi gore rona kgotsa bana ba rona re tsalane le batho ba re sa ba itseng mo Internet, tota lefa ba re ke Basupi ba ga Jehofa.—Dia. 22:3.