LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 8/07 ts. 1
  • Re Anaanela Ditshiamelo Tsa Rona!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Re Anaanela Ditshiamelo Tsa Rona!
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A o Eletsa go Direla mo go Oketsegileng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Anaanela Tshiamelo ya Gago ya go Dira le Jehofa!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • A o Kile wa Direla? A o ka Direla Gape?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Lekwalo le le Tswang Kwa Setlhopheng se se Laolang
    Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
km 8/07 ts. 1

Re Anaanela Ditshiamelo Tsa Rona!

1 Fa e sa le batho ba nna teng, Jehofa o neile batlhanka ba gagwe ditshiamelo di le dintsi. O ba neile ditshiamelo go sa kgathalesege bong jwa bone, dingwaga kgotsa maemo a bone. (Luke 1:41, 42; Dit. 7:46; Bafil. 1:29) O re naya ditshiamelo dife gompieno?

2 Dingwe Tsa Ditshiamelo Tsa Rona: Re na le tshiamelo ya go rutiwa ke Jehofa. (Math. 13:11, 15) Go baka Jehofa ka dikakgelo tsa rona mo dipokanong tsa phuthego ke tshiamelo e nngwe e re e anaanelang. (Pes. 35:18) Fa re na le ditshono tsa go akgela, re tshwanetse go akgela ka matlhagatlhaga. Ka tsela e e tshwanang, fa re leba tiro nngwe le nngwe mo phuthegong e le tshiamelo, re tla e dira ka bojotlhe. A re nna le seabe ka metlha mo go bolokeng Holo ya Bogosi e le phepa e bile e tlhokometswe sentle?

3 Le fa dimilione tsa batho di ipotsa gore a Modimo o utlwa dithapelo tsa bone, re itumelela tshiamelo ya gore Motho yo o botlhokwa thata mo lobopong o utlwa dithapelo tsa rona. (Dia. 15:29) Jehofa o reetsa dithapelo tsa batlhanka ba gagwe ka boene. (1 Pet. 3:12) Ga a re lekanyetse gore re tshwanetse go mo rapela ga kae. A bo re na le tshiamelo e e molemo jang ne, ya go kgona go rapela “ka lobaka longwe le longwe”!—Baef. 6:18.

4 “Badirimmogo le Modimo”: Nngwe ya ditshiamelo tse di molemo thata tse re nang le tsone ke go bolela dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo jaaka “badirimmogo le Modimo.” (1 Bakor. 3:9) Eno ke tiro e e kgotsofatsang le e e lapolosang. (Joh. 4:34) Jehofa ga a tlhoke go dirisa batho go dira tiro eno, mme o re neile tiro eno ka gonne a re rata. (Luke 19:39, 40) Ka go dira jalo, Jehofa ga a neela mongwe le mongwe fela tshiamelo eno. Ba ba nnang le seabe mo bodireding jwa phatlalatsa ba tshwanetse go fitlhelela ditshwanelego dingwe tsa semoya le go tswelela ba na le tsone. (Isa. 52:11) A re bontsha gore re anaanela tshiamelo eno ka go dira bodiredi karolo e e botlhokwa ya thulaganyo ya rona ya beke le beke?

5 Ditshiamelo tse di tswang kwa go Jehofa di dira gore botshelo jwa rona bo itumedise. (Dia. 10:22) Le ka motlha re se ka ra di tsaya motlhofo! Ka go bontsha gore ruri re anaanela ditshiamelo tsa rona tsa tirelo, re itumedisa Rraarona yo o kwa legodimong, Monei wa “mpho nngwe le nngwe e e molemo le neo nngwe le nngwe e e itekanetseng.”—Jak. 1:17.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela